Baiseraele ba batla kgosi
1 E rile Samuele a sena go tsofala, a dira bomorwawe basiamisi ba Iseraele.
2 Leina la morwawe yo mogolo e ne e le Joele; leina la wa bobedi wa gagwe e le Abia. Ba ne ba atlhola kwa Bereseba.
3 Fela bomorwawe ga ba a ka ba sepela mo ditseleng tsa gagwe. Ba bapala ka bopelotshetlha, ba amogela dithelesetso, ba sokamisa tshiamo.
4 Ke fa bagolo botlhe ba Iseraele ba kgobokana ba tla kwa go Samuele kwa Rama,
5 ba mo raya ba re: “Bona, wena o tsofetse, mme bomorwao ga ba sepele mo ditseleng tsa gago. Jaanong he, re beele kgosi gore e re buse, re tshwane le ditšhaba tsotlhe.”
6 Mme lefoko leo le ne le le bosula mo matlhong a ga Samuele, fa ba re: “Re neele kgosi gore e re buse.” Ka moo Samuele a rapelaMorena.
7 MmeMorenaa raya Samuele a re: “Utlwa lentswe la morafe mo go tsotlhe tse ba di buileng nao; gonne ga ba latlhe wena, mme ba latlha nna gore ke se ka ka nna kgosi ya bone.
8 Le wena ba go direla jaaka ba dirile ka gale go tloga letsatsing le ke ba ntshitseng kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing la kajeno, ba ntlogela, ba direla medimo e sele.
9 Mme jaanong utlwa mantswe a bone. Fela tse ba tshwanetseng go di direla kgosi e e tla ba busang o di ba tlhalosetse, o di ba itsise.”
10 Mafoko otlhe aMorenaSamuele a a bolelela morafe o o lopileng kgosi mo go ene,
11 a re: “Tse di siametseng kgosi e e tla lo busang ke tse: E tla tsaya bomorwaa-lona, e ba dira batlhanka ba dikoloi tsa yona le ba dipitse tsa yona le go taboga fa pele ga koloi ya yona.
12 Le gona e tla ba tsaya go ba ipeela balaodi ba sekete le balaodi ba lekgolo le balaodi ba 50; le gore ba leme masimo a yona, ba robe thobo ya yona, ba dire dibolai tsa yona tsa ntwa le dilo tsa dikoloi tsa ntwa tsa yona.
13 E tla tsaya bomorwadia-lona gore e nne batlhakanyi ba ditswaiso le baapei le babesi.
14 Fa e le masimo a lona le masimo a meweine a lona le ditlhare tsa olefa tsa lona e tla tsaya tse di molemo tsa teng, e di naya batlhanka ba yona.
15 E tla tsaya palo ya bosome ya mabele a lona le ya masimo a meweine a lona, e e naya badiredi ba yona ba lelapa le batlhanka ba yona.
16 E tla tsaya batlhanka ba lona le malata a lona le dikgomo tse dintle tsa lona le diesele tsa lona, e dira tiro ya yona ka tsotlhe tseo.
17 E tla tsaya palo ya bosome ya matsomane a lona; le lona lo tla nna batlhanka ba yona.
18 Ka sebaka seo lo tla lela ka ntlha ya kgosi e lo e itlhophetseng, mme fooMorenaga a kitla a lo utlwa.”
19 Fela morafe wa gana go utlwa lentswe la ga Samuele wa re: “Nnyaya! A kgosi e re buse
20 gore le rona re tshwane le ditšhaba tsotlhe, mme kgosi ya rona e re atlhole, e re etelele pele le mo dintweng.”
21 Ya re Samuele a sena go utlwa mafoko otlhe a morafe, a a bolela mo ditsebeng tsaMorena.
22 MmeMorenaa raya Samuele a re: “Utlwa mantswe a bone, o ba beele kgosi.” Ke fa Samuele a raya banna ba Iseraele a re: “Tsamayang, a mongwe le mongwe a ye gae.”