1 SAMUELE 9

Saule o kopana le Samuele

1 Go ne go le monna wa Benyamene, leina la gagwe e le Khiše morwa Abiele morwa Serore morwa Begorathe morwa Afia wa Mobenyamene; e le senatla se se maatlametlo.

2 Ene o ne a na le ngwana wa mosimane yo leina la gagwe e leng Saule. Saule o ne a le montle thata, go se na monna ope mo Baiseraeleng yo o tshwanang nae ka bontle; a feta batho botlhe ka boleele, ba mo khutlela fa magetleng.

3 Jaanong Khiše rraagwe Saule a timelelwa ke diesele tse dinamagadi, mme Khiše a raya Saule morwawe a re: “A ko o tsee mongwe wa batlhanka nao, o nanoge, o ye go batla diesele tse dinamagadi.”

4 Ba ya ba ralala dithaba tsa Eferaime le naga ya Salisa, mme ba di tlhoka; ba ralala naga ya Saalime, mme di se yo; ba ralala naga ya Benyamene, ba se ka ba di bona.

5 Ya re ba sena go fitlha kwa nageng ya Sufe, Saule a raya motlhanka wa gagwe a re: “Tlaya a re boele kwa gae, e se re gongwe rre a tlhokomologa diesele, a tlhofaelela rona.”

6 Mme ene a mo fetola a re: “A ko o iketle! Go na le monna wa Modimo mo motseng o. Ke monna yo o tlotlegang. Tsotlhe tse o di buang di a tle di dirafale tota. A re ye teng. Go gongwe o ka re itsise tsa leeto la rona le re leng mo go lone.”

7 Saule a fetola motlhanka wa gagwe a re: “Bona, fa re ya kwa monneng yoo, re ka eta re mo tsholetseng? Mefago e fedile mo dikgwatlheng tsa rona. Ga go na neo e re ka etang re e tsholetse monna wa Modimo. Re tshotseng?”

8 Motlhanka a ba a fetola Saule gape a re: “Bona, ke na le karolo ya bone ya šekele ya selefera. Ke tla e naya monna wa Modimo gore a re itsise tsa leeto la rona.”

9 E ne ya re bogologolo mo Iseraeleng fa motho a ya go botsa Modimo a bue jaana a re: “Tlaya a re ye kwa go Mmoni.” Gonne yo e leng Moporofeti kajeno, kgale o ne a bidiwa Mmoni.

10 Ke fa Saule a raya motlhanka wa gagwe a re: “Lefoko la gago le siame. Tlaya a re ye.” Ba ya kwa motseng kwa monna wa Modimo a leng teng.

11 Ya re ba tlhatlogela kwa motseng ka tsela e e mokong, ba kgatlhana le basetsana ba ba yang go ga metsi, ba ba botsa ba re: “A Mmoni o teng mono?”

12 Ba ba araba ba re: “O teng. Bonang, o fa pele ga lona. Akofang jaanong, gonne ke gona a gorogang mo motseng kajeno. Gonne go na le moletlo wa batho wa ditlhabelo kajeno kwa thoteng.

13 E tla re lo tsena mo motseng, lo fitlhele a ise a tlhatlogele kwa thoteng go ya go ja. Gonne morafe ga o ka ke wa ja a ise a tle. Kana ke ene yo o tshegofatsang setlhabelo; morago ga moo balalediwi ba je. Jaanong he, tlhatlogang. Gonne lo tla mo fitlhela ka yona nako e.”

14 Ba tlhatlogela kwa motseng. Ya re ba tsena mo motseng, ba rakana le Samuele a tswa a tlhatlogela kwa thoteng ya tlhabelo.

15 MmeMorenao ne a itsisitse Samuele maabane, Saule a ise a tle, a re:

16 “Kamoso ka nako e ke tla tsisa monna kwa go wena, a tswa kwa nageng ya Benyamene, o mo tlotse go nna moeteledipele wa Baiseraele, morafe wa me, gore a o pholose mo diatleng tsa Bafelesita; gonne ke bonye pogisego ya morafe wa me le selelo sa ona se fitlhile kwano go nna.”

17 Jaanong ya re Samuele a bona Saule,Morenaa mo raya a re: “Ke ene monna yo ke buileng nao ka ga gagwe ka re: O tla busa morafe wa me.”

18 Mme Saule a atamela Samuele fa gare ga kgoro a re: “A ko o mpolelele gore ntlo ya Mmoni e kae?”

19 Samuele a araba Saule a re: “Ke nna Mmoni. Nketelele pele o tlhatlogele kwa thabaneng ya tlhabelo. Lo tla ja le nna kajeno. E tla re mo mosong ke go nee tsela, ke go bolelele tsotlhe tse di mo pelong ya gago.

20 Se tshwenyegele diesele tse dinamagadi tse kajeno e leng letsatsi la boraro di ntse di go timeletse, gonne di bonywe. Mme tsotlhe tse di eletsegang tsa Iseraele e tla nna tsa ga mang? A e tla bo e se tsa gago le tsa lelapa lotlhe la ga rraago?”

21 Saule a fetola a re: “A ga ke Mobenyamene wa longwe lwa ditso tse dipotlana tsa Iseraele? E bile losika lwa ga etsho ke lo lobotlana mo ditshikeng tsotlhe tsa lotso lwa ga Benyamene. Ke ka ntlha ya eng fa o bua tse di ntseng jalo le nna?”

22 Mme Samuele a tsaya Saule le motlhanka wa gagwe, a ba isa kwa ntlong e e jelang, a ba nnisa mo mannong a a kwa pele ga ba ba laleditsweng ba ba neng ba ka nna 30.

23 Samuele a ba a raya moapei a re: “Tlisa nama e ke e go neetseng ka re, o e boloke.”

24 Moapei a ntsha letsogo le na le dikgopo, a di baya fa pele ga Saule. Ke fa Samuele a re: “E e setseng ke e. Itsholele o je. Gonne e sadiseditswe wena moletlong ono maloba fa ke laletsa batho.” Saule a ja jalo le Samuele ka letsatsi leo.

25 Ya re ba sena go fologa kwa thabaneng ya tlhabelo le go fitlha mo motseng, ba alela Saule dikobo mo godimo ga ntlo.

26 A lala teng.

Samuele o tlotsa Saule go nna kgosi

Jaanong ya re mahube a tswa, Samuele a bitsa Saule a lebile kwa godimo ga ntlo a re: “Tsoga gore ke go nee tsela.” Saule a tsoga, ba tswela kwa ntle ka bobedi jwa bone, ene le Samuele.

27 Ya re ba sena go fologa le go fitlha fa motse o khutlang teng, Samuele a raya Saule a re: “Raya motlhanka, a tsamaele kwa pele.” A tsamaya. “Mme wena o eme jaanong gore ke go utlwise Lefoko la Modimo.”