Tumediso
1 Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka fa taolong ya Modimo Moregolodi le ya ga Keresete Jesu yo e leng tsholofelo ya rona,
2 ke kwalela Timotheo, ngwanake tota mo tumelong:
A bopelotlhomogi bo nne le wena le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu, Morena wa rona!
Ka ga dithuto tsa boithamako
3 E rile fa ke tla ya kwa Maketonia, ka go laela ka re: O sale mo Efeso, o be o laole batho bangwe gore ba se ka ba ruta thuto e sele,
4 le e seng go tlhokomela dinaane le dithulaganyo tse di sa feleng tsa maina a ditshika, tse di tsosang dikgang, bogolo go go tlhokomela thulaganyo ya pholoso ya Modimo e e dirafalang ka tumelo.
5 Mme se taolo eo e isang kwa go sona ke lorato lo lo tswang mo pelong e e itshekileng le mo segakoloding se se se nang molato le mo tumelong e e se nang boitimokanyo;
6 ke dilo tse batho bangwe ba di fapogileng, ba fapogela kwa dipuong tsa boithamako.
7 Ba rata go nna baruta-molao, etswe ba sa tlhaloganye tse ba di buang, le fa e le tse ba reng ke tsa nnete tota.
Ka ga tiro ya molao
8 Mme re itse gore molao o molemo, fa motho a o dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng,
9 a itse gore molao ga o a beelwa mosiami, mme o beetswe basiamolodi le baitaodi le baikepi le baleofi le baitshepologi le basokami le ba ba bolayang borraabo le bommaabo le ba ba bolayang batho,
10 le baakafadi le basenya-basimane le bautswa-batho le baaki le ba ba ikanang ka maaka, le fa go le sengwe se sele se se sa utlwaneng le thuto e e itekanetseng
11 ka fa Efangeleng e ke e neetsweng ya kgalalelo ya Modimo o o sego ka boona.
Moapostolo o boka boutlwelo-botlhoko jwa Modimo
12 Ke leboga ene yo o nnonotshitseng, e bong Keresete Jesu Morena wa rona, ka a nkaile ke le boikanyo, a ntira modiredi wa gagwe,
13 nna yo e rileng pele ka bo ke le mokgadi le mmogisi le mogateledi. Mme ke utlwetswe botlhoko, ka ke dirile jalo ke sa itse, ke tlhoka tumelo.
14 Mme bopelotlhomogi jwa Morena wa rona bo ne jwa nna bogolo mo go fetang mmogo le tumelo le lorato lo lo mo go Keresete Jesu.
15 Lefoko le le ikanyegang, le le tshwanetseng go amogelwa tota ke le: Keresete Jesu o tsile mo lefatsheng go pholosa baleofi ba nna ke leng yo mogolo wa bone.
16 Mme se ke utlwetsweng botlhoko ka ntlha ya sona ke gore Jesu Keresete a senole bopelotelele jotlhe mo go nna, ke nne wa ntlha gore e nne sekao sa ba ba tla dumelang mo go ene go isiwa botshelong jo bo sa khutleng.
17 Mme jaanong Kgosi ya masakhutleng, e bong Modimo o o sa nyeleleng, o o sa bonweng, o o botlhale o le osi, a tlotlo le kgalalelo e nne tsa ona ka bosakhutleng! Amen.
18 Ke go neela taolo eo, wena Timotheo, ngwanaka, ka fa dipolelelong-pele tse di kileng tsa buiwa ka ga gago gore o tlhabane tlhabano e e molemo ka tsona,
19 o ntse o na le tumelo le segakolodi se se se nang molato, se batho bangwe ba se latlhileng, mme ba senyegelwa ke tumelo,
20 ba Himeneo le Aleksantere e leng bangwe ba bone, ba ke ba neetseng Satane gore ba rutiwe go lesa go kgala Modimo.