1 TIMOTHEO 4

Tenego mo metlheng ya bofelo

1 Mowa o bolela ka thanolo gore mo metlheng ya bofelo bangwe ba tla tenega mo tumelong, ba ineela mo meweng e e timetsang le mo dithutong tsa medemone,

2 e le ka boitimokanyo jwa ba ba buang maaka, ba digakolodi tsa bone di tshwailweng jaaka ka tshipi e e molelo.

3 Ba iletsa batho go nyalana, ba laola gore go ilwe dijo tse Modimo o di diretseng go amogelwa ka tebogo ke badumedi ba ba itseng boammaaruri;

4 gonne sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng se molemo, mme ga go sepe se se nang le go latlhwa, fa se amogelwa ka tebogo;

5 gonne se itshepisiwa ka Lefoko la Modimo le ka thapelo.

Ka ga boikanyo le tlhokomelo mo tirelong

6 Fa o gakolola bakaulengwe dilo tseo, o tla bo o le modiredi yo o molemo wa ga Keresete Jesu, o le yo o ikotlang ka mafoko a tumelo le a thuto e e siameng e o ntseng o e setse morago.

7 Mme o gane dinaane tse di sa itshepang tsa basadi bagolo. Bogolo o itlwaetse poifo-Modimo.

8 Gonne go sidila mmele go na le thuso e nnye fela, mme poifo-Modimo yona e na le thuso mo dilong tsotlhe, ka e na le tsholofetso ya botshelo jwa gompieno le ya jo bo tlang.

9 Ke lefoko le le ikanyegang le le tshwanetseng go amogelwa tota;

10 go nne re itapisetsa sona seo le go se tlhabanela, ka re solofela mo Modimong o o tshelang, o e leng Mopholosi wa batho botlhe, bogolo wa bone ba ba dumelang.

11 Dilo tseo o di ba laele, o di ba rute.

12 A go se nne ope yo o nyatsang bokau jwa gago, mme o nne sekao mo go ba ba dumelang ka puo le motsamao le lorato le mowa le tumelo le ka boitsheko.

13 Tswelela pele go buisa le go kaela le go ruta, go ya ke be ke tle.

14 O se ka wa tlhokomologa neo e e mo go wena, e o e neilweng ka polelelopele le ka go bewa diatla ke bagolo.

15 Tlhoafalela dilo tseo, o nne mo go tsona gore botswelelopele jwa gago bo bonatsege mo go botlhe.

16 Ikele tlhoko, o be o tlhokomele le yona thuto; o tlhomame mo dilong tseo. Fa o dira jalo, o tla ipholosa, o be o pholosa ba ba go utlwang.