2 BAKORINTHE 1

Tumediso le keletso ya bopelotlhomogi

1 Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo, le Timotheo mokaulengwe, re kwalela phuthego ya Modimo ya kwa Korinthe le baitshepi botlhe ba ba mo lefatsheng lotlhe la Agaya:

2 A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraetsho le mo go Morena Jesu Keresete!

Paulo o lebogela Modimo thuso ya ona

3 A go bakwe Modimo, e bong Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, Rara yo o mautlwelo-botlhoko, Modimo wa kgomotso yotlhe,

4 o o re gomotsang mo dipitlaganong tsotlhe tsa rona gore re tle re nonofe go gomotsa bone ba ba mo dipitlaganong tsa mefutafuta ka kgomotso e le rona ka rosi re gomodiwang ke Modimo ka yona;

5 gonne kgomotso e re ntsifaletse ka Keresete, jaaka dipogiso tsa ga Keresete le tsona di re ntsifaletse.

6 Mme fa re pitlaganngwa, e a be e le gore lo bone kgomotso le pholoso; gongwe fa re gomodiwa, e a be e le ka ntlha ya kgomotsego ya lona e e itshupang ka go itshokela tsona dipogo tse le rona re di bogang.

7 Mme tsholofelo ya rona ka ga lona e tlhomame, ka re itse gore lo tlhakanetse kgomotso le rona fela jaaka lo tlhakanetse dipogo.

8 Gonne bakaulengwe, ga re rate gore lo tlhoke go itse ka ga pitlagano ya rona e e re dirafaletseng kwa Asia, gore re ne re tlaletswe bogolo go feta thata ya rona, mo re bileng ra tlhoboga le matshelo a rona.

9 Tota mo teng ga rona re ne re setse re ineetse go swa, e le gore re se ka ra iikanya ka rosi, mme re ikanye Modimo o o tsosang baswi,

10 o o re golotseng mo losong lo lo kalokalo, mme o sa ntse o re golola, o re solofelang mo go ona gore o tla nna o re golola;

11 ka le lona lo ntse lo thusa ka go re rapelela, gore neo ya bopelotlhomogi e re e bonyeng e lebogelwe ke batho ba bantsi ka malebogo a mantsi ka ntlha ya rona.

Boikarabelo jwa ga Paulo

12 Gonne pelafalo ya rona ke e, e bong tshupo ya digakolodi tsa rona ya gore re tshedile ka boitshepo le ka bophepa jwa Modimo mo lefatsheng, bogolo mo go lona, e seng ka botlhale jwa nama, mme e le ka bopelotlhomogi jwa Modimo;

13 gonne ga re lo kwalele dilo di sele, fa e se tse lo di buisang, lo di tlhaloganya; mme ke solofela gore lo tla nna lo lemoga go ya bokhutlong,

14 jaaka lo setse lo re lemogile go se gonene gore re pelafalo ya lona, fela jaaka le lona lo le ya rona ka letsatsi la ga Jesu, Morena wa rona.

15 Mme ke ne ke ikaeletse go tla koo go lona pele ka go ikanya jalo gore lo bone bopelotlhomogi gape,

16 le go feta jalo ka lona go ya kwa Maketonia, le go boa gape kwa Maketonia go tla koo go lona, le gore lo mpate go ya kwa Jutea.

17 Jaanong a ke ne ka go tsaya ka motlhofo, fa ke ikaeletse jalo? Kampo a se ke se ikaelelang ke se ikaelela ka fa nameng gore mo go nna Ee, Ee, e tshwane le Nnyaya, Nnyaya?

18 Modimo o boikanyo, o ka supa gore lefoko le re le lo boleletseng ga le tlhakanye Ee le Nnyaya;

19 gonne Jesu Keresete, Morwa Modimo, yo re mo rerileng mo go lona, e bong nna le Silefano le Timotheo, ga a ka a nna Ee le Nnyaya, mme mo go ene go ntse go le Ee;

20 gonne le fa go ka nna dipolelelopele tsa Modimo di le kae, di Ee mo go ene; ke ka moo re reng Amen ka ene go galaletsa Modimo.

21 Mme ene yo o re tlhomamisang mmogo le lona mo go Keresete yo o re tloditseng ke Modimo,

22 o e bileng o re tshwaile, wa re naya sebeelelo sa Mowa mo dipelong tsa rona.

Paulo o tlhalosetsa Bakorinthe se se mo kganetseng go ya kwa go bone

23 Mme nna ke bitsa Modimo go nna mosupi wa mowa wa me gore fa ke se ka ka tla gape koo Korinthe, ke ka ntlha ya go lo rekegela.

24 Ga se gore re laola tumelo ya lona, mme re thusa go oketsa boitumelo jwa lona; gonne lo eme mo tumelong.