Paulo o ipoka ntlheng ya boapostolo jwa gagwe
1 E kete lo ka bo lo itshokela bosilo jwa me go le gonnye! Intshokeleng tlhe!
2 Kana ke lo tlhoafaletse ka tlhoafalo ya Modimo; gonne ke lo beeletse monna a le mongwe fela gore ke lo ise kwa go Keresete lo le lekgarebe le le itshekileng.
3 Mme ke boifa gore maikutlo a lona a ka senyega, a faposiwa mo nneteng le mo boitshekong jwa go ineela Keresete, jaaka noga e kile ya tsietsa Efa ka boferefere jwa yona.
4 Gonne e a re fa mongwe a tla, a rera Jesu o sele, yo rona re sa mo rerang, gongwe fa lona lo ka tshola mowa o sele o lo neng lo sa o tshola, gongwe Efangele e sele e lo neng lo sa e amogela, lo mo amogele fela.
5 Gonne ke kaya gore ga ke phalwe ke baapostolo bao ka sepe ba ba reng, ba bagolo.
6 Le fa ke se setswerere mo go bueng, ntlheng ya kitso ke sona, mme re e lo senoletse gotlhe fa pele ga botlhe.
7 A kampo ke dirile boleo ka go ikokobetsa gore lona lo tle lo godisiwe, ka ke lo reretse Efangele ya Modimo kwa ntle ga tuelo?
8 Ke thukhuthile diphuthego tse dingwe ka go tsaya tuelo gore ke direle lona.
9 E rile ke le fa go lona ke tlhoka, ka se ka ka imetsa ope; gonne go tlhoka ga me go tlositswe ke bakaulengwe ba ba neng ba tswa kwa Maketonia; ke ne ka ithiba mo go tsotlhe gore ke se ka ka imetsa ope, mme ke tla nna ke ithiba.
10 Ka boammaaruri jwa ga Keresete jo bo mo go nna, poko eo ka ga me ga e nke e didimadiwa mo dinageng tsa Agaya!
11 E le ka ntlhaang? A ke ka gore ga ke lo rate? Moo go itse Modimo.
12 Mme se ke se dirang ke tla nna ke se dira, gore bone ba ba batlang lebaka la go fitlhelwa ba tshwana le rona ka tse ba ipokang ka tsona, ke le ba senyetse.
13 Gonne batho ba ba ntseng jalo ke baapostolo ba maaka le badiri ba tsietso, ka ba itirile e kete ke baapostolo ba ga Keresete.
14 Mme ga se kgakgamatso; gonne ene Satane ka esi o a tle a iphetole go nna moengele wa lesedi e se ene.
15 Ke ka moo go sa gakgamatseng, fa le bone batlhanka ba gagwe ba iphetola go nna batlhanka ba tshiamo e se bone, ba bokhutlo jwa bone bo tla nnang ka fa ditirong tsa bone.
16 Ke bua gape ka re: A go se nne ope yo o gopolang gore ke lesilo; mme fa lo re jalo, ntsholang he jaaka lesilo, gore le nna ke be ke ipoke go se kae.
17 Se ke se buang jaanong ga ke se bue ka fa moweng wa Morena, mme ke ka bosilo, ka gore go a ipokwa.
18 E re ka ba bantsi ba ipoka ka fa nameng, le nna ke tla ipoka.
19 Gonne lo itshokela masilo ka boitumelo, etswe lo le botlhale.
20 Lo itshokela motho, fa a lo dira batlhanka, fa a lo jela, fa a lo golega, fa a ikgodisa, fa a lo itaya mo sefatlhegong.
21 Ke bua ka go itlhabisa ditlhong ka re: Tseo di re paletse.
Mme se mongwe o ikgantshang ka sona – ke bua ka bosilo – le nna ke ikgantsha ka sona:
22 Ba re: Re Bahebere, le nna ke Mohebere! Ba re: Re Baiseraele, le nna ke Moiseraele! Ba re: Re ba losika lwa ga Aborahame, le nna ke ntse jalo!
23 Ba re: Re badiredi ba ga Keresete – ke bua jaaka lesilo – nna ke a ba gaisa; ke ba gaisa ka matsapa le ka dikgolego le ka go boga dipetso mo go fetisang le ka dikotsi tsa loso gantsintsi.
24 Ke kgwathisitswe gatlhano ke Bajuta, ba mpetsa dithupa tse di tlhaetseng e le nngwe mo masomeng a le mane.
25 Ke beditswe gararo ka dithobane, ka kgobotlediwa gangwe ka majwe, ka dirafalelwa ke thubego ya mokoro gararo, ka tlhola bosigo le letsatsi mo botennye jwa lewatle.
26 Ke etile gantsi, ke ne ke le mo dikotsing tsa dinoka le mo dikotsing tsa dinokwane, mo dikotsing tsa ba ga etsho le mo dikotsing tsa baheitane, mo dikotsing mo motseng le mo dikotsing mo sekakeng, mo dikotsing mo lewatleng le mo dikotsing tsa bakaulengwe ba maaka.
27 Ke ne ke le mo matsapeng le maitapisong, ke tlhoka boroko gantsi, ke bolawa ke tlala le lenyora, ke itima dijo gantsi, ke bolawa ke serame le go sa apara.
28 Kwa ntle ga tse dingwe tse di dirafalang ke etelwa ke ba bantsi ka letsatsi le letsatsi, ke tshwenyegela diphuthego tsotlhe.
29 Ke mang yo o ka koafalang, nna ke sa koafale nae? Ke mang yo o ka kgopisiwang, nna ke sa swe pelo?
30 Fa go tshwanetse go ipokwa, ke tla ipoka ka tsa bokoa jwa me.
31 Modimo, Rra Morena Jesu, o o bokwang ka bosakhutleng, o itse gore ga ke ake.
32 Kwa Damaseko kgosana ya kgosi Areta e ne ya disa motse wa Badamaseko gore e ntshware;
33 mme ka folosiwa ka seroto ka fenstere e e mo loboteng, ka falola mo diatleng tsa gagwe.