1 Mme ke ne ke ikaeletse mo pelong gore ga nke ke tla koo go lona gape ka khutsafalo.
2 Gonne fa nna ke lo hutsafatsa, ke mang yo o ka nthabisang, fa e se ene yo o hutsafaditsweng ke nna?
3 Kana ke lo kwaletse jalo gore fa ke tla, ke se ka ka hutsafadiwa ke bone ba ke tshwanetseng go ba thabela; gonne ke lo ikanya lotlhe gore boitumelo jwa me ke jwa lona lotlhe.
4 Gonne ke lo kwaletse ka dikeledi tse dintsi, ke le mo pitlaganong e kgolo le mo tlalelong ya pelo, e se gore lo tle lo hutsafadiwe, mme e le gore lo lemoge lorato lo ke lo ratang gagolo bogolo ka lone.
Paulo o kaela Bakorinthe gore ba itshwarele moleofi yo o kgopisitseng le go mo tshola ka lorato
5 Mme fa mongwe a tsositse bohutsana, ga a hutsafatsa nna fela, o hutsafaditse lona, le fa e se lotlhe, gore ke se oketse.
6 Mo go yo o ntseng jalo, petso e e tswang mo bontsing e lekanye,
7 mo jaanong lo tshwanetseng go itshwarela yoo le go mo gomotsa bogolo, e se re gongwe a mediwe ke bohutsana jo bogolo thata.
8 Ke ka moo ke lo kaelang gore lo mo direle ka lorato;
9 gonne ke kwadisitswe ke gona gore ke tle ke lemoge boitshupo jwa lona gore a lo na le kutlo mo go tsotlhe.
10 Mme yo lo mo itshwarelang sengwe, le nna ke a mo itshwarela; gonne le nna, fa ke ne ke na le sengwe go se itshwarela, ke se itshwaretse ka ntlha ya lona fa pele ga sefatlhego sa ga Keresete,
11 gore re se tsiediwe ke Satane; gonne maano a gagwe ga a re fitlhegela.
Paulo o itumelela phenyo ya Efangele
12 E rile ke sena go fitlha kwa Teroase go rera Efangele ya ga Keresete mme ke buletswe mojako teng mo Moreneng,
13 ka tlhoka boikhutso mo moweng wa me, ka ke sa fitlhela Tito mokaulengwe teng; mme ya re ke sena go laelana nabo, ka ya kwa Maketonia.
14 A Modimo o lebogwe o o re nayang phenyo mo go Keresete ka gale, o o utlwatsang lonko lwa go mo itse ka rona mo mafelong otlhe;
15 gonne re lonko lo lo monate lwa ga Keresete fa pele ga Modimo, mo go bone ba ba phologang le mo go ba ba latlhegang:
16 mo go bangwe ke lonko lwa loso go isa losong, mme mo go ba bangwe ke lonko lwa botshelo go isa botshelong. Mme kana ke mang yo o nonofetseng dilo tse?
17 Gonne ga re etse ba bantsi ba ba bapalang ka Lefoko la Modimo, mme re bua fa pele ga Modimo mo go Keresete ka bopelophepa, jaaka go tswa mo Modimong.