Re tlhologeletswe go nna mo legaeng la legodimo
1 Gonne re itse gore fa ntlo ya rona ya lefatshe ya motlaagana e thujwa, re na le kago e e tswang mo Modimong, e bong ntlo e e sa khutleng kwa magodimong e e sa dirwang ka diatla.
2 Gonne re fegelwa ka ntlha ya moo, re tlhologeletswe go apesiwa boago jwa rona jo bo tswang kwa legodimong;
3 e le gore fa re bo apesitswe, ga re ne re fitlhelwa re sa ikatega.
4 Gonne le rona, ba re leng mo motlaaganeng ono, re a fegelwa, re a imelwa; ka gonne ga re rate go apolwa, re rata go apesiwa godimo gore se se swang se mediwe ke bophelo.
5 Mme yo o re etleeleditseng gona moo ke Modimo o o re neileng sebeelelo sa Mowa.
6 Ka moo re na le bopelokgale ka metlha yotlhe, re itse gore fa re sa ntse re agile mo mmeleng, re kgakala le legae Moreneng;
7 gonne re sepela ka tumelo, e seng ka go bona.
8 Mme re pelokgale, re bile re eletsa bogolo go huduga mo mmeleng le go goroga go nna le Morena.
9 Ke gona ka moo re tlhoafaletseng thata gore fa re le mo gae gongwe re se mo gae, re nne ba ba mo kgatlhang;
10 gonne rona rotlhe re na le go bonala fa pele ga sedulo sa tshekelo sa ga Keresete gore mongwe le mongwe a amogele ka fa ditirong tse a di dirileng a sa le mo mmeleng, le fa e le tse di molemo kampo tse di bosula.
Paulo o rata go dirisa lorato lwa ga Keresete fela
11 Jaanong e re ka re itse go boifa Morena, re leka go kgona batho, re ntse re senogetse Modimo; mme ke solofela gore le mo digakoloding tsa lona ke senogile.
12 Ga re ipoke gape mo go lona, mme re lo neela tlhotlheletso ya go boka ka ntlha ya rona, gore lo nne le sengwe kgatlhanong le bone ba ba ipokang ka se se bonalang fela, e seng ka se se mo pelong;
13 gonne fa re ne re timeletswe ke tlhaloganyo, e ne e le ka ntlha ya Modimo; mme fa re dira ka tlhaloganyo, e tla bo e le ka ntlha ya lona.
14 Gonne lorato lwa ga Keresete lo a re tlhotlheletsa, ka re kaya gore fa mongwe a swetse botlhe, ba a bo ba sule botlhe.
15 Mme ene o swetse botlhe gore ba ba phelang ba se tlhole ba iphelela, mme ba phelele ene yo o ba swetseng, a ba a tsoga ka ntlha ya bone.
16 Jalo he, go tlogeng fano ga re tlhole re itse ope ka fa nameng; mme fa re kile ra itse Keresete ka fa nameng, jaanong ga re tlhole re mo itse jalo.
17 Ka moo he, fa motho a le mo go Keresete, o a bo a le sebopiwa se sešwa; dilo tsa bogologolo di fetile, bonang, di ntšhwafetse tsotlhe!
18 Mme tsotlhe tse, di tswa mo Modimong o o ithuantseng le rona ka Jesu Keresete, wa ba wa re neela tirelo ya thuanyo;
19 gonne Modimo o ithuantse le lefatshe ka Keresete ka go sa ba balele maleo a bone, wa tlhoma lefoko la thuanyo mo go rona.
20 Ke ka moo re leng barongwi mo boemong jwa ga Keresete, ka Modimo o kgothatsa ka rona; re rapela mo boemong jwa ga Keresete ra re: Ineeleng go ruanngwa le Modimo!
21 Gonne Keresete yo o neng a sa itse boleo, Modimo o mo dirile boleo ka ntlha ya rona gore re nne basiami fa pele ga ona ka ene.