Moapostolo ke sekao mo tirelong-Modimo
1 Le rona, ba re leng badira-mmogo, re lo kaela gore lo se tsholele bopelotlhomogi jwa Modimo lefela;
2 gonne o a re:
“Ke go utlwile ka nako
ya go ka amogelwa,
ke go thusitse ka letsatsi
la pholoso.”
Bonang he, jaanong ke nako ya go ka amogelwa sentle; bonang, jaanong ke letsatsi la pholoso!
3 Ga re kgopise ope mo go sepe, gore tirelo ya rona e se ka ya kgalwa,
4 mme re itshupa mo dilong tsotlhe gore re badiredi ba Modimo, ka boitshoko jo bogolo mo dipogisong le mo ditlalelong le mo dipitlaganong
5 le mo dipetsong le mo dikgolegong le mo dikhuduegong, ka matsapa le ka tlhobaelo le ka tlala
6 le ka boitsheko le ka kitso le ka bopelotelele le ka tsalano le ka Mowa o o Boitshepo le ka lorato lwa go sa itimokanyeng
7 le ka lefoko la boammaaruri le ka thata ya Modimo le ka marumo a tshiamo ka fa letsogong le le jang le la molema;
8 ka go tlotlwa le ka go tlotlololwa, ka go bolelwa ka bosula le ka molemo; jaaka batimetsi, etswe re le ba nnete;
9 jaaka ba ba sa itsiweng, etswe re itsiwe; jaaka ba ba swang, mme bonang, re a tshela; jaaka ba ba itewang, mme re sa bolawe;
10 jaaka ba ba hutsafetseng, etswe re itumetse ka gale; jaaka bahumanegi, etswe re humisa ba bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, etswe re na le dilo tsotlhe.
Kaelo ya gore ba kgaogane le ditiro tsa seheitane
11 Melomo ya rona e lo bulegetse, lona Bakorinthe, dipelo tsa rona di phuthologile.
12 Ga lo tlhoke manno mo go rona, mme lo tlhoka manno mo dipelong tsa lona.
13 Ke bua le lona jaaka ke bua le bana ka re: Le nna ntireleng jaaka ke lo diretse; phuthologang dipelo le lona!
14 Lo se ka lwa goga ka joko e le nngwe le ba ba sa dumeleng; gonne tshiamo e ka utlwana jang le tshiamololo? Lesedi le ka kopana jang le lefifi?
15 Mme Keresete a ka utlwana jang le Beliale? Kampo modumedi a ka tlhakanela eng le yo o sa dumeleng?
16 Gongwe Tempele ya Modimo e ka agisanya jang le medimo e sele? Kana ke rona Tempele ya Modimo o o tshelang; jaaka Modimo o buile wa re:
“Ke tla nna mo go bone,
ke tsamaya mo gare ga bone;
ke tla nna Modimo wa bone,
mme bone ba nna morafe wa me.”
17 Ka moo:
“Tswayang mo gare ga bone,
lo lomologane nabo,
go bua Morena;
lo se ka lwa ama
se se itshekologileng,
mme ke tla lo tshola.”
18 Gape: “Ke tla nna Rraeno,
mme lo nne bomorwaake
le bomorwadiake,
go bua Morena wa thata yotlhe.”