2 DIKGOSI 1

Elia le kgosi Ahasia

1 E rile Ahabe a sena go swa, Bamoabe ba ikepa mo Baiseraeleng.

2 Ahasia o kile a wa mo fenstereng e e tswalwang ka letloa ya ntlwana ya gagwe e e kwa godimo kwa Samaria, a ba a lwala. Ke fa a roma barongwi a ba laela a re: “Yaang lo botse Baale-Sebube modimo wa Ekerone lo re: ‘A ke tla fola mo bolwetseng jo?’ ”

3 Mme moengele waMorenaa bua le Elia wa Thišebe a re: “Nanoga o ye go kgatlhantsha barongwi ba kgosi ya Samaria o ba ree o re: ‘A ke ka ntlha ya go tlhoka Modimo mo Iseraeleng, fa lo ya go botsa Baale-Sebube modimo wa Ekerone?’

4 Ke ka mooMorenao buang jaana a re: ‘Ga o kitla o fologa mo bolaong jo o palameng mo go jona, o tla swela mo go jona.’ ” Elia a bua jalo, a ba a tsamaya.

5 Ke fa barongwi ba boela kwa go Ahasia, mme a ba botsa a re: “Lo boetseng?”

6 Ba mo araba ba re: “Go ne ga tlhaga monna mongwe, a re kgatlhantsha, a re raya a re: ‘Yaang lo boele kwa kgosing e e lo romileng, lo e ree lo re:Morenao bua jaana a re: A ke ka ntlha ya go tlhoka Modimo mo Iseraeleng, fa wena o roma go botsa Baale-Sebube modimo wa Ekerone? Ke ka moo o sa ka keng wa fologa mo bolaong jo o palameng mo go jona, mme sa gago ke go swa fela.’ ”

7 A ba a ba botsa a re: “Monna yo o neng a tlhaga a lo kgatlhantsha, a lo bolelela mafoko ao, o ne a ntse jang?”

8 Ba mo araba ba re: “E ne e le monna yo o apereng kobo e e boboa, a itlamile letheka ka moitlamo wa letlalo.” Ene a re: “Ke Elia wa Thišebe!”

9 Foo a roma molaodi wa batlhabani ba ba 50 le bone ba ba 50 bao kwa go ene. A tlhatlogela kwa go ene, a fitlhela a dutse mo setlhoeng sa thaba a mo raya a re: “Wena monna wa Modimo, kgosi ya re: ‘Fologa!’ ”

10 Elia a fetola, a raya molaodi wa ba ba 50 a re: “Jaanong fa ke le monna wa Modimo, a molelo o fologe kwa legodimong, o go je le ba ba 50 ba gago.” Ke fa molelo o fologa kwa legodimong, o mo nyeletsa le bone ba ba 50 ba gagwe.

11 A ba a roma molaodi wa ba ba 50 yo mongwe le bone ba ba 50 bao kwa go ene. A simolola go bua a mo raya a re: “Wena monna wa Modimo, kgosi e buile jaana ya re: ‘Akofa o fologe!’ ”

12 Elia a fetola a mo raya a re: “Fa ke le monna wa Modimo, a molelo o fologe kwa legodimong, o go je le ba ba 50 ba gago.” Ke fa molelo wa Modimo o fologa kwa legodimong, o mo nyeletsa le ba ba 50 ba gagwe.

13 A boela a roma molaodi wa ba ba 50 wa boraro le bone ba ba 50 bao. E rile molaodi wa boraro wa ba ba 50 a sena go tlhatloga le go fitlha, a khubama ka mangole fa pele ga Elia, a kopa bopelotlhomogi mo go ene a mo raya a re: “Wena monna wa Modimo, ka thapelo a ko o rekegele botshelo jwa me le maphelo a batlhanka ba gago ba ba 50 ba.

14 Kana molelo o fologile kwa legodimong, wa ja balaodi ba ba ba 50 ba babedi ba ntlha le ba ba 50 ba bone mmogo. Mme jaanong, rekegela botshelo jwa me!”

15 Ke fa moengele waMorenaa raya Elia a re: “Fologa nae, se mmoife!” A nanoga, a fologa nae a ya kwa kgosing.

16 A feta a e raya a re: “Morenao bua jaana a re: ‘E re ka o ne wa roma barongwi go botsa Baale-Sebube modimo wa Ekerone jaaka e kete ga go na Modimo mo Iseraeleng o go ka bodiwang lefoko la ona, ke ka moo o se neng o fologa mo bolaong jo o palameng mo go jona, mme o tla swela ruri!’ ”

17 Ka nnete a swa ka fa lefokong laMorenale Elia o neng a le buile, mme Jorame morwa-rraagwe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe ka ngwaga wa bobedi wa ga Jorame morwa Josafate kgosi ya Juta; ka gonne Ahasia o ne a se na morwa.

18 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Ahasia le tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.