Ba losika lwa ga Ahabe ba a bolawa
1 Go ne go le bomorwa Ahabe ba le 70 kwa Samaria. Jaanong Jehu a kwala dikwalo, a di romela kwa Samaria go balaodi ba motse le go bagolo le go bagodisi ba bomorwa Ahabe, a re:
2 “Jaanong he, e re lokwalo lo, lo fitlha koo go lona ba lo nang le bomorwa mong wa lona ba lo bileng lo na le dikoloi tsa ntwa le dipitse le motse o o femetsweng le dibolai,
3 foo lo tlhophe yo o siameng yo o tshwanetseng mo go bomorwa mong wa lona, lo mmee mo sedulong sa bogosi sa ga rraagwe, lo tlhabanele lelapa la mong wa lona.”
4 Mme ba boifa thata thata ba re: “Kana o paletse dikgosi tse pedi, rona re ka ema jang?”
5 Ke fa ba ba neng ba okametse ntlo ya kgosi le ba ba okametseng motse le bagolo le bagodisi ba roma kwa go Jehu ba re: “Re batlhanka ba gago. Re tla dira tsotlhe tse o di re laelang. Ga re ne re dira ope kgosi. Dira tse di siameng mo matlhong a gago.”
6 Jaanong a ba kwalela lokwalo lwa bobedi a re: “Fa lo le ba me, fa lo utlwa lentswe la me, tsayang ditlhogo tsa banna tsa bomorwa mong wa lona, lo di tlise kwano go nna mo Iserele kamoso ka nako e.” Kana bomorwa kgosi, banna ba le 70, ba ne ba na le bagolo ba motse ba ba neng ba ba godisa.
7 Mme ya re lokwalo loo lo fitlha kwa go bone, ba tsaya bomorwa kgosi, ba ba bolaya, e le banna ba le 70, ba tsenya ditlhogo tsa bone mo dirotong, ba di romela kwa go ene kwa Iserele.
8 Ya re morongwi a fitlha, a mmegela gore ba tlisitse ditlhogo tsa bomorwa kgosi, a laela a re: “Di direng mekoa e mebedi fa kgorong go fitlhelela ka moso.”
9 Mme mo mosong a tswela kwa ntle, a ema a raya batho botlhe a re: “Lona ga lo na molato. Kana ke nna ke tsoseditseng mong wa me moferefere, ka mmolaya. Mme botlhe bao ba bolailwe ke mang?
10 Lemogang he, fa go se na lefoko lepe laMorenaleMorenao le buileng ka ga lelapa la ga Ahabe le le welang fa fatshe.Morenao dirafaditse tse o di buileng ka Elia motlhanka wa gagwe.”
11 Jehu a ba a bolaya botlhe ba ba setseng ba lelapa la ga Ahabe mo Iserele le ba bagolo botlhe ba gagwe le ba o neng a ba ikantse le baperesiti ba gagwe, ga tsamaya a se ka a mo sadisetsa mofalodi ope.
Ba losika lwa ga Ahasia ba a bolawa
12 A ba a nanoga a ya kwa Samaria. Ya re a le mo tseleng fa motseng wa Bethekete o e leng wa badisa,
13 a kgatlhana le bomorwa-rraagwe Ahasia kgosi ya Juta, a ba botsa a re: “Lo bomang?” Ba araba ba re: “Re bomorwa-rraagwe Ahasia. Re tsile go dumedisa bomorwa kgosi le bomorwa mohumagadi.”
14 Mme a laela batlhanka a re: “Ba tshwareng ba sa phela.” Ba ba tshwara, ba ya go ba bolaela fa mokweleng wa Bethekete, e le banna ba le 42; a se ka a sadisa ope wa bone.
Ba losika lwa ga Ahabe ba ba setseng ba a bolawa
15 A tloga teng, a kgatlhana le Jonatabe morwa Regabe, a tla go mo kgatlhantsha. Mme Jehu a mo dumedisa, a mmotsa a re: “A pelo ya gago e na le pelo ya me ka nnete jaaka pelo ya me e na le pelo ya gago?” Jonatabe a araba a re: “Ee!” Jehu a re: “Fa go ntse jalo, nneela letsogo.” A mo neela letsogo. Jehu a ba a mo palamisa fa go ene mo koloing,
16 a re: “Tlaya le nna o mpone ka boitumelo ke tlhoafalelaMorena.” Mme a ya nae mo koloing ya gagwe.
17 Ya re a fitlha kwa Samaria, a bolaya botlhe ba ba setseng ba ga Ahabe mo Samaria ga tsamaya a ba feleletsa ka fa lefokong laMorenale o kileng a le bua le Elia.
Badiredi ba ga Baale ba a bolawa
18 Ya baa gona Jehu a kgobokanyang morafe otlhe a ba raya a re: “Ahabe o ne a direla Baale go le gonnye fela, mme Jehu o tla mo direla segolo.
19 Jaanong he, biletsang baporofeti botlhe ba ga Baale le botlhe ba ba mo direlang le baperesiti botlhe ba gagwe kwano go nna, mme go se ka ga tlhokafala ope; gonne ke rata go direla Baale tlhabelo e kgolo. Mongwe le mongwe yo o ka tlhokafalang ga a ka ke a phela.” Mme Jehu a dira jalo ka bolotsana gore a nyeletse ba ba direlang Baale.
20 Jehu a ba a re: “Tlhabang mokgosi, lo bege moletlo o o boitshepo wa ga Baale!” Mme ba o kua.
21 Le gona Jehu a roma barongwi kwa Baiseraeleng botlhe, mme ga tla badiredi botlhe ba ga Baale, go se ope yo o se kang a tla. Ba tsena mo tempeleng ya ga Baale, mme tempele ya ga Baale ya tlala, mo ba bileng ba pitlagana.
22 Ke fa a laela mookamedi wa ntlo ya diaparo a re: “Ntshetsa badiredi botlhe ba ga Baale diaparo.” Mme a ba ntshetsa diaparo.
23 Jaanong Jehu a tsena mo tempeleng ya ga Baale a na le Jonatabe morwa Regabe, a raya badiredi ba ga Baale a re: “Botsolotsang, lo tlhole sentle, e se re gongwe ga nna mongwe wa badiredi baMorenale lona fano. Mme a e nne badiredi ba ga Baale ba le bosi fela.”
24 Jaanong ba tsena go dira ditlhabelo tse di jewang le ditlhabelo tse di fisiwang. Mme Jehu o ne a beile banna ba le 80 ka fa ntle, a ba laetse a re: “Yo o ka falodisang mongwe wa banna ba ke ba tsenyang mo diatleng tsa lona o tla swa mo boemong jwa gagwe.”
25 Ya re a sena go dira ditlhabelo tsa phiso, Jehu a laela batabogi le bagale a re: “Tsenang lo ba bolae go se ka ga falola ope.” Mme ba ba bolaya ka bogale jwa tšhaka. Batabogi le bagale ba be ba ba latlhela kwa ntle. Ba feta ba tsena mo felong fa go kwa tengteng ga tempele ya ga Baale,
26 ba ntsha ditshwantsho tsa medimo mo tempeleng ya ga Baale ba di fisa.
27 Ba diga lentswe le le motloutlo la ga Baale, ba be ba diga tempele ya ga Baale, ba e fetola matlwana a boithomelo go fitlha kajeno.
28 Jehu o ne a nyeletsa Baale jalo mo go Iseraele.
29 Fela maleo a ga Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele one Jehu a se ka a a tlogela, e bong a go direla dinamane tsa gouta tse di neng di le kwa Bethele le kwa Dane.
30 Morenao kile a raya Jehu a re: “E re ka o dirile sentle tse di siameng mo matlhong a me, wa direla lelapa la ga Ahabe fela jaaka go ne go le mo pelong ya me, ka moo bomorwao ba tla nna mo sedulong sa bogosi sa Iseraele go ya losikeng lwa bone.”
31 Mme Jehu a se ka a tlhokomela go sepela ka fa molaong waMorena, Modimo wa Iseraele, ka pelo yotlhe; a se ka a tlogela maleo a ga Jerobeame yo o neng a leofisa Baiseraele.
Loso lwa ga Jehu
32 Ka sebaka seoMorenaa simolola go ngotla dinaga tsa Baiseraele. Hasaele a ba fenya fa melelwaneng yotlhe ya Iseraele,
33 a thopa naga yotlhe ya Gileate go tloga fa Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bagate le ya Barubene le ya Bamanase, go tloga kwa Aroere yo o fa nokeng ya Arenone ya Gileate le ya Basane.
34 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jehu le tsotlhe tse o neng a di dira le ditiro tsotlhe tsa gagwe tsa bopelokgale kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Iseraele.
35 Mme Jehu a robala le borraagwe, a fitlhwa kwa Samaria, mme Joahase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
36 Mme malatsi a Jehu o neng a busa Iseraele ka ona kwa Samaria e ne e le dinyaga di le 28.