2 DIKGOSI 11

Puso ya ga Athalea wa Juta

1 E rile Athalea mmaagwe Ahasia a bona morwawe a sule, a nanoga a bolaya botlhe ba losika lwa kgosi.

2 Mme Jošeba morwadia kgosi Jorame, kgaitsadia Ahasia, a tsaya Joase morwa Ahasia, a mo utswa mo gare ga bana ba kgosi ba ba tla bolawang, a mo tsenya le mmelegi wa gagwe mo ntlwaneng ya malao; ba mo subela Athalea jalo, mme a se ka a bolawa.

3 A nna le mmelegi wa gagwe mo Ntlong yaMorena; a fitlhegile dinyaga di le thataro, Athalea a ntse a busa lefatshe.

4 Mme ka ngwaga wa bosupa moperesiti Joyata a roma a bitsa balaodi ba makgolo ba bafemedi ba kgosi le batabogi, a ba phuthela kwa Ntlong yaMorenaa dira kgolagano nabo, a ba ikanisa mo Ntlong yaMorena, a ba bontsha morwa kgosi.

5 A ba a ba laela a re: “Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Lo ditlhopha tse tharo. Ba setlhopha sa ntlha ba ba yang go disa ntlo ya kgosi ka Sabata –

6 ba setlhopha sa bobedi ba dise kwa kgorong ya Sure, ba setlhopha sa boraro ba dise kwa kgorong e e fa morago ga batabogi, lo dise ntlo ya kgosi jalo go e femela –

7 le ba ditlhopha tse pedi, lotlhe ba lo yang ka Sabata go disa Ntlo yaMorenafa kgosi e leng teng.

8 Lo dikanyetse kgosi tikologong, mongwe le mongwe a tshotse dibolai tsa gagwe, mme yo o tsenang mo teng ga mephato e e bopeletseng a a bolawe; lo nne le kgosi, fa e tswa mo Ntlong yaMorena, le fa e tsena mo ntlong ya bogosi.”

9 Mme balaodi ba makgolo ba dira fela jaaka moperesiti Joyata a ba laetse. Mongwe le mongwe a tsaya banna ba gagwe ba ba tleng ba ye tisong ya ntlo ya kgosi ka Sabata mmogo le ba ba tleng ba ye tisong ya Ntlo ya Modimo ka Sabata, ba tla kwa go moperesiti Joyata.

10 Ke fa moperesiti a neela balaodi ba makgolo marumo le dithebe tsa kgosi Dafita tse di neng di le mo Ntlong yaMorena.

11 Jaanong ya re batabogi ba sena go ikemisa – mongwe le mongwe a tshotse dibolai tsa gagwe – go tloga kwa sekhutlong sa borwa sa Ntlo ya Modimo go fitlha kwa sekhutlong sa bokone fa gare ga aletare le Ntlo ya Modimo go dikanyetsa kgosi;

12 Joyata a ntsha morwa kgosi, a mo rwesa serwalo sa bogosi le tshupo ya molao, a mo dira kgosi, a mo tlotsa, mme batho ba opa diatla ba re: “A kgosi e phele!”

13 E rile Athalea a utlwa modumo wa batabogi le wa morafe, a tla kwa morafeng kwa Ntlong yaMorena.

14 Ya re a leba, a bona kgosi e eme mo sefateng ka fa tlwaelong le balaodi le baopedi le baletsi ba diphala ba le fa kgosing le batho botlhe ba lefatshe ba itumetse ba letsa diphala, Athalea a ikgagola diaparo a goa a re: “Moferefere! Moferefere!”

15 Mme moperesiti Joyata a laela balaodi ba makgolo ba ba laolang mephato, a ba raya a re: “Mo ntshetseng kwa ntle ga malapa a Ntlo ya Modimo fa gare ga mephato e e bopeletseng, mme yo o mo salang morago lo mmolae ka tšhaka.” Gonne moperesiti o ne a rile: “A se ka a bolaelwa fa Ntlong yaMorena.”

16 Jaanong ba mo tshwara ka diatla, mme ya re a fitlha kwa tsela ya dipitse e tsenang teng kwa ntlong ya kgosi, a bolaelwa gona.

Dintšhwafatso tsa ga Joyata

17 Ke fa Joyata a dira kgolagano fa gare gaMorenale kgosi le morafe ya go re: “Ba tla nna morafe waMorena.” Le gona a e dira fa gare ga kgosi le morafe.

18 Ya ba gona batho botlhe ba lefatshe ba tsenang mo tempeleng ya ga Baale, ba e diga, ba thubaganya dialetare tsa yona le ditshwantsho tsa yona gotlhe; ba be ba bolaya Mathane moperesiti wa ga Baale fa pele ga dialetare. Moperesiti Joyata a ba a tlhomela Ntlo yaMorenabadisa;

19 a ba a tsaya balaodi ba makgolo le bafemedi ba kgosi le batabogi le morafe otlhe wa lefatshe, mme ba tlosa kgosi fa Ntlong yaMorena, ba tsamaya ka tsela ya kgoro ya batabogi, ba tsena mo ntlong ya bogosi, mme kgosi ya nna mo sedulong sa bogosi.

20 Batho botlhe ba lefatshe ba itumela, mme motse wa iketla. Athalea ba setse ba mmolaile ka tšhaka fa ntlong ya bogosi.

21 E rile Joase a simolola go busa, a bo a le dinyaga di supa.