Kgosi Joase wa Juta
1 Joase a nna kgosi ka ngwaga wa bosupa wa puso ya ga Jehu, a busa dinyaga di le 40 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Sibja wa Bereseba.
2 Mme Joase a dira tse di siameng mo matlhong aMorenaka malatsi otlhe a gagwe a moperesiti Joyata o neng a mo gakolola ka ona.
3 Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa. Batho ba ne ba sa ntse ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo.
4 Joase o kile a laela baperesiti a re: “Madi aotlhe a a tlisiwang kwa Ntlong yaMorenae le dineo tse di boitshepo le madi a motho o a ntshisiwang ka fa moperesiti a mo kayang ka teng le madi aotlhe a motho o a tlisang ka bogagagwe kwa Ntlong yaMorena,
5 a baperesiti ba a tsee, mongwe le mongwe mo go ba a ba itseng; fela a ba baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo ka ona gongwe le gongwe fa go senyegileng teng.”
6 Jaanong ya re ka ngwaga wa 23 wa puso ya kgosi Joase baperesiti ba ise ba baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo,
7 kgosi Joase a bitsa moperesiti Joyata le baperesiti ba bangwe a ba botsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo sa baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo? Jaanong he, lo se ka lwa tlhola lo tsaya madi mo go ba lo ba itseng, mme lo a ntshetse tshenyego ya Ntlo ya Modimo.”
8 Mme baperesiti ba dumela gore ga ba ne ba tlhola ba tsaya madi mo bathong le e seng go baakanya tshenyego ya Ntlo ya Modimo.
9 Ke fa moperesiti Joyata a dira letlole, a phunya letshoba mo sekhurumelong sa lone, a le baya fa thoko ga aletare ntlheng ya le le jang fa motho a tsena mo Ntlong yaMorena, mme baperesiti ba ba disang mojako ba tsenya madi aotlhe mo go lone a a tlisiwang kwa Ntlong yaMorena.
10 Mme e ne ya re fa ba bona go le madi a mantsi mo letloleng, go tlhage mokwaledi wa kgosi le moperesiti yo mogolo, ba a tshele kgetsaneng ba bale madi a a fitlhelwang kwa Ntlong yaMorena;
11 ba neele madi a a badilweng mo diatleng tsa baokamedi ba tiro kwa Ntlong yaMorena, mme bao ba duele babetli le baagi ba ba tshwereng tiro kwa Ntlong yaMorena
12 le baagi ba dipota le babetli ba majwe; gape go rekwe dikgong le majwe a a betlilweng go baakanya tshenyego ya Ntlo yaMorenale tsotlhe tse di batlegang go baakanya Ntlo yaMorena.
13 Fela kwa Ntlong yaMorenaga se ka ga dirwa megopo ya selefera le dithipa le dinkgwana tsa go kgatsha le diphala le e seng sediri sepe sa gouta le e seng sa selefera ka madi a a tlisiwang kwa Ntlong yaMorena.
14 Mme a neelwa baokamedi ba tiro gore ba baakanye Ntlo yaMorenaka ona.
15 Le gona ba ne ba se ka ba balabadisa banna bao ba ba neelwang madi diatleng gore ba a neele badiri ba tiro, mme ba dira ka go ba ikanya.
16 Fa e le madi a tlhabelo ya molato le madi a ditlhabelo tsa boleo one a ne a sa tlhakanngwe le a Ntlo yaMorena, mme e ne e le a baperesiti.
17 Metlheng eo ga bolola Hasaele kgosi ya Siria, a tlhasela motse wa Gathe a o thopa. A ba a ikaelela go ya go tlhasela Jerusalema.
18 Ke fa Joase kgosi ya Juta a tsaya dineo tse di boitshepo tsotlhe tse Josafate le Jorame le Ahasia borraagwe dikgosi tsa Juta ba neng ba di abetse Ntlo yaMorenale dineo tse di boitshepo tsa gagwe le gouta yotlhe e e mo dikhumong tsa Ntlo yaMorenale tsa ntlo ya kgosi, a di romela Hasaele kgosi ya Siria. Ya baa gona a tlogelang Jerusalema.
19 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joase le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
20 Mme batlhanka ba gagwe ba mo tsogela, ba tsosa moferefere, ba bolaya Joase mo ntlong ya Milo fa go iwang kwa Sila.
21 A bolawa ke Josagare morwa Simeathe le Josabate morwa Somere, batlhanka ba gagwe, a swa, a fitlhwa fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita. Mme Amasia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.