2 DIKGOSI 18

Kgosi Hesekia wa Juta

1 Hesekia morwa Ahase kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Hosea morwa Ela, kgosi ya Iseraele.

2 Ya re a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 25; a busa dinyaga di le 29 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Abi morwadia Sagaria.

3 A dira tse di siameng mo matlhong aMorenafela jaaka go dirile Dafita rraagwe mogolwagolwane.

4 Ke ene yo o neng a tlosa dithota tsa tlhabelo, a thubaganya majwe a a motloutlo, a rema medimako ya Ašera, a pšhwetlakanya noga ya kgotlho e Moše o kileng a e dira; gonne go fitlha metlheng ele Baiseraele ba nna ba e tshubela maswalo, mme e ne e bidiwa Nehušethane.

5 O ne a ikanyaMorena, Modimo wa Iseraele, mme go se na ope mo dikgosing tsotlhe tsa Juta yo o tshwanang nae, le fa e le tse di mo latetseng gongwe tse di neng di le teng pele ga gagwe.

6 O ne a ineelaMoreneng, a sa fapoge mo go ene, a tshegetsa ditaolo tsa gagwe tseMorenao di laetseng Moše.

7 MmeMorenao ne a na nae; mo go tsotlhe tse o neng a ya go di dira a nna tlhogonolo; a tswa mo kgosing ya Asiria, a se ka a e direla.

8 A fenya Bafelesita go fitlha kwa Gasa le dinageng tsa teng; a simolola ka dinaka tsa balebedi, a khutla ka motse o o femetsweng.

9 Ka ngwaga wa bone wa puso ya kgosi Hesekia o e leng ngwaga wa bosupa wa puso ya ga Hosea morwa Ela kgosi ya Iseraele Salemanesere kgosi ya Asiria ya bololela Samaria, ya mo dikanyetsa ka ntwa,

10 ya mo thopa morago ga dinyaga di le tharo. E ne e le ka ngwaga wa borataro wa puso ya ga Hesekia o e leng ngwaga wa robongwe wa puso ya ga Hosea kgosi ya Iseraele fa Samaria a thopiwa.

11 Jaanong kgosi ya Asiria ya isa Baiseraele botshwarong kwa Asiria, ya ba baya kwa Hala le fa Habore, noka ya Gosane, le kwa metseng ya Media.

12 E ne e le ka gore ga ba a ka ba utlwa lentswe laMorena, Modimo wa bone, mme ba tlola kgolagano ya gagwe, e bong tsotlhe tse Moše motlhanka waMorenao neng a di ba laetse. Ba se ka ba di utlwa le e seng go di dirisa.

Kgosi ya Asiria e a re e tla tlhasela Jerusalema

13 Ka ngwaga wa 14 wa puso ya kgosi Hesekia Saneheribe kgosi ya Asiria a bololela metse yotlhe e e femetsweng ya Juta, a ba a e thopa.

14 Ke fa Hesekia kgosi ya Juta a romela lefoko kwa kgosing ya Asiria kwa Lagiše a re: “Ke leofile. Boa o ntlogele. Se o se nthwesang ke tla se rwala.” Mme kgosi ya Asiria ya lefisa Hesekia kgosi ya Juta ditalente di le 300 tsa selefera le ditalente di le 30 tsa gouta.

15 Jaanong Hesekia a ntsha selefera yotlhe e e mo Ntlong yaMorenale mo mahumong a ntlo ya bogosi.

16 Ka sebaka seo Hesekia a kgakgamolola gouta mo ditswalong tsa Tempele yaMorenale mo maotwaneng a tsona a Hesekia kgosi ya Juta o neng a a manegile, a e neela kgosi ya Asiria.

17 Kgosi ya Asiria e kile ya roma molaodi yo mogolo wa mephato le mookamedi wa badiredi ba lapa la kgosi le mothoki yo mogolo kwa go kgosi Hesekia kwa Jerusalema, ba na le mephato e megolo ya batlhabani ba tswa kwa Lagiše; ba tlhaga ba fitlha kwa Jerusalema; ya re ba tlhaga ba fitlha, ba ema fa moseleng wa letsha le le kwa godimo fa tseleng ya tshimo ya motlhatswi wa masela,

18 ba bitsa kgosi. Ke fa Eliakime morwa Hilekia yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi le Sebena mokwaledi le Joa morwa Asafe letsogo la kgosi ba tswela kwa go bone.

19 Mme mothoki yo mogolo a ba raya a re: “A ko lo botse Hesekia lo re: ‘Kgosi e kgolo kgosi ya Asiria e bua jaana e a re: Ke eng se o se ikanyang se se ikanyegang?

20 A wena o a re: Go bua mafoko fela ke one maano le thata ya ntwa? Jaanong he, o ikanya mang, fa o ntsogetse?

21 Bona he, o ikanya seikokotlelo seo sa lotlhaka lo lo pšhwetlegileng sa Egepeto, lo e ka reng fa motho a ikaega ka lone, lwa mo tsena mo seatleng lwa se phunya: Farao, kgosi ya Egepeto e direla botlhe jalo ba ba e ikanyang.

22 “ ‘Mme fa lo ka nthaya lo a re: “Re ikanyaMorena, Modimo wa rona” – a ga se ona o Hesekia o tlositseng dithota tsa tlhabelo tsa ona le dialetare tsa ona, a raya Juta le Jerusalema a re: “Obamelang fela fa pele ga aletare e mono Jerusalema”?

23 Mme jaanong a ko o dire peelano le morena wa me kgosi ya Asiria: Ke tla go naya dipitse di le dikete tse pedi fa o ka kgona go ntsha bapalami ba tsona.

24 Mme o ka leleka jang batlhasedi ba molaodi a le mongwe fela wa batlhanka ba babotlana ba morena wa me? Kampo a o ikanya Egepeto ka ntlha ya dikoloi tsa ntwa le ka ntlha ya bapalami ba dipitse?

25 Jaanong a o a re, ke bololetse go senya golo mono ke sa laelwa keMorena? Nnyaya!Morenao ntheile a re: Bololela lefatshe leo, o le senye!’ ”

26 Ke fa Eliakime morwa Hilekia le Sebena le Joa ba raya mothoki yo mogolo ba re: “A ko o bue le batlhanka ba gago ka Sesiria, gonne re a se utlwa. Se bue le rona ka Sejuta mo ditsebeng tsa batho ba ba mo loboteng.”

27 Mme mothoki yo mogolo a ba fetola a re: “A morena wa me o nthomile kwa moreneng wa gago le kwano go wena go bua mafoko a? A ga a nthoma kwa banneng ba ba ntseng mo loboteng gore ba je mantle a bone, ba nwe moroto wa bone mmogo le lona?”

28 Mothoki yo mogolo a ba a ema fa gaufi, a kua ka kodu e e kwa godimo ka Sejuta, a bua a re: “Utlwang lefoko la kgosi e kgolo la kgosi ya Asiria!

29 Kgosi e buile jaana ya re: ‘A Hesekia a se ka a lo tsietsa! Gonne ga a kgone go lo pholosa mo seatleng sa yona.

30 Le gona a Hesekia a se ka a lo ikanyisaMorenaka go re: Ruri,Morenao tla re pholosa. Motse o ga o nke o neelwa mo seatleng sa kgosi ya Asiria.’

31 Lo se ka lwa utlwa Hesekia! Gonne kgosi ya Asiria e bua jaana e a re: ‘Agisanyang le nna, lo tswele kwano go nna. Foo mongwe le mongwe wa lona o tla ja moweine wa gagwe le mofeie wa gagwe le go nwa metsi a sediba sa gagwe

32 go fitlhelela ke tle ke lo tseele kwa lefatsheng le le tshwanang le lefatshe la lona; kwa lefatsheng la mabele le matute a moweine, kwa lefatsheng la bogobe le masimo a moweine, kwa lefatsheng la lookwane lwa ditlhare tsa olefa le mafura a dinotshe. Foo lo tla phela, mme lo sa swe. Lo se ka lwa utlwa Hesekia; gonne o lo aketsa ka go re:Morenao tla re pholosa.

33 A tota mongwe wa medimo ya ditšhaba o kile wa pholosa lefatshe la ona mo seatleng sa kgosi ya Asiria?

34 E kae medimo ya Hamathe le ya Arephate? E kae medimo ya Sefarwaime le ya Hena le ya Iwa? A e ne ya pholosa Samaria mo seatleng sa me?

35 Ke efe medimo mo medimong yotlhe ya mafatshe e e kileng ya pholosa mafatshe a yona mo seatleng sa me, fa lo re:Morenao tla pholosa Jerusalema mo seatleng sa me’?”

36 Mme banna ba didimala fela, ba se ka ba mo fetola ka lefoko lepe. Gonne taelo ya kgosi e ne e re: “Lo se ka lwa mo araba!”

37 Ke fa Eliakime morwa Hilekia yo e leng mookamedi wa lelapa la kgosi le Sebena mokwaledi le Joa morwa Asafe letsogo la kgosi ba tla kwa go Hesekia ba ikgagotse diaparo, ba mo itsise mafoko a mothoki yo mogolo.