Elia o tlhatlosediwa kwa legodimong
1 E rileMorenaa rata go tlhatlosetsa Elia kwa legodimong ka ledimo Elia a tsamaya le Elisa, ba tswa kwa Gilegala.
2 Elia a raya Elisa a re: “A ko o sale fa, gonneMorenao nthomile kwa Bethele.” Mme Elisa a re: “Ka botshelo jwaMorenale ka botshelo jwa gago, ga ke ne ke go tlogela.” Mme ba ya kwa Bethele.
3 Ke fa barutwa ba boporofeti ba ba neng ba le kwa Bethele ba tswela kwa go Elisa ba mo raya ba re: “A o a itse gore kajenoMorenao tla tlosa mong-wa-go mo godimo ga tlhogo ya gago?” A araba a re: “Le nna ke a itse. Didimalang!”
4 Elia a ba a mo raya a re: “Elisa, a ko o sale fa, gonneMorenao nthomile kwa Jerigo.” Mme a re: “Ka botshelo jwaMorenale ka botshelo jwa gago, ga nkitla ke go tlogela.” Mme ba fitlha kwa Jerigo.
5 Ke fa barutwa ba boporofeti ba ba neng ba le mo Jerigo ba atamela Elisa ba re: “A o a itse gore kajenoMorenao tla tlosa mong-wa-go mo godimo ga tlhogo ya gago?” A araba a re: “Le nna ke a itse. Didimalang!”
6 Elia a ba a mo raya a re: “A ko o sale fa, gonneMorenao nthomile kwa Joretane.” Mme a re: “Ka botshelo jwaMorenale ka botshelo jwa gago! Ga nka ke ka go tlogela.” Mme ba tsamaya boo babedi.
7 Mme banna ba le 50 ba barutwa ba boporofeti ba ya ba ema fa thoko ba katogile, fa ba babedi bao ba ema fa Joretane.
8 Mme Elia a tsaya kobo ya gagwe, a e tshopha, a itaya metsi ka yona. Ke fa metsi a kgaogana a ntsha phatlha, mme ba tshela ka bobedi fa go omileng.
9 Ya re ba sena go tshela, Elia a raya Elisa a re: “Kopa se nka se go direlang ke ise ke tlosiwe fa go wena.” Elisa a re: “Ka thapelo, a go nne dikabelo di le pedi tsa mowa wa gago mo go nna.”
10 A araba a re: “O kopile se se thata. Mme fa o ka mpona ke tlosiwa fa go wena, go tla go dirafalela jalo. Fela fa go sa nna jalo, ga go ne go dirafala.”
11 Mme ya re ba ntse ba tsamaya, ba bua mmogo, ga tlhaga koloi ya molelo le dipitse tsa molelo ka tshoganyetso, tsa ba kgaoganya. Mme Elia a tlhatlosediwa kwa legodimong ka ledimo,
12 Elisa a ntse a bona a goa a re: “Rra wee, rra wee! Koloi ya Iseraele le bapalami ba yona!” Mme a se ka a tlhola a mmona. A ba a tshwara diaparo tsa gagwe a di gagoganya dikarolo di le pedi.
13 Jaanong a tsholetsa kobo ya ga Elia e e oleng mo go ene, a boa a ema fa losing lwa Joretane.
14 A ba a tsaya kobo ya ga Elia e e oleng mo go ene, a itaya metsi a re: “O kaeMorena, Modimo wa ga Elia?” Mme le ene ya re a itaya metsi, a kgaogana, a ntsha phatlha, mme Elisa a tshela.
15 Mme ya re barutwa ba boporofeti ba Jerigo ba ba kwa moseja ba mmona, ba re: “Mowa wa ga Elia o mo go Elisa.” Mme ba tla ba mo kgatlhantsha, ba mo ikobela fa fatshe,
16 ba mo raya ba re: “A ko o bone, mo batlhankeng ba gago go na le banna ba le 50 ba e leng dinatla. A ba ke ba tsamae ba batle mong-wa-go, e se re gongwe Mowa waMorenawa bo o mo tsholeditse, wa mo digela mo go nngwe ya dithaba gongwe mo go mongwe wa melapo.” Mme a re: “Lo se ka lwa dira jalo.”
17 Mme ba nna ba mo rapela thata ga tsamaya a lapisega a re: “Ba romeng he!” Ba roma banna ba ba 50, ba batla malatsi a le mararo, mme ba se ka ba mmona.
18 Ba boela kwa go ene a ntse a le kwa Jerigo, mme a ba raya a re: “A ga ke a lo raya ka re: ‘Lo se ka lwa ya’?”
Dikgakgamatso tsa ga Elisa
19 Mme banna ba motse ba raya Elisa ba re: “A ko o bone, bonno jwa motse o bo bontle jaaka mong wa rona a bona, mme metsi ga a siama, mme naga e, e dira tshenyego ya letsalo.”
20 Ene a re: “Ntlisetsang letswai ka mogopo o mošwa.” Ba o tlisa kwa go ene.
21 Jaanong a tswela kwa motsweding wa metsi, a tshela letswai mo teng a re: “Morenao bua jaana a re: ‘Ke alafile metsi a. Ga go kitla go tlhola go tswa loso le e seng se se dirang tshenyego ya letsalo mo go ona.’ ”
22 Metsi a alafega jalo go fitlha letsatsing leno ka fa lefokong la ga Elisa le o neng a le bua.
23 A tloga teng a tlhatlogela kwa Bethele; ya re a ntse a tlhatloga le tsela, basimanyana ba tswa mo motseng, ba mo sotla, ba mo raya ba re: “Tlhatloga, lefatla! Tlhatloga, lefatla!”
24 A gadima, mme ya re a ba bona, a ba hutsa ka leina laMorena. Ke fa dibere di le pedi tse dinamagadi di tswa mo sekgweng, di gagola bana ba le 42 mo go bone.
25 Go tloga teng a ya kwa thabeng ya Karemele; a ba a tloga teng a boela kwa Samaria.