Bolwetse jwa ga Hesekia le go fola ga gagwe
1 Mo metlheng eo Hesekia o ne a lwala lwa go swa. Ke fa moporofeti Jesaya morwa Amotse a tla kwa go ene, a mo raya a re: “Morenao bua jaana a re: ‘Laela ba lapa la gago! Gonne o tla swa, ga o kitla o phela.’ ”
2 Ke fa Hesekia a gadimela kwa loboteng, a rapelaMorenaa re:
3 “Ao,Morena, a ko o gakologelwa ka fa ke sepetseng ka teng fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo yotlhe, ka dira tse di molemo mo matlhong a gago.” Hesekia a ba a lela thata.
4 Mme ya re Jesaya a ise a tswe lapeng le le fa gare, lefoko laMorenala fitlha kwa go ene la re:
5 “Boa o ree Hesekia, moeteledipele wa morafe wa me, o re: ‘Morena, Modimo wa ga Dafita rraago, o bua jaana o a re: Ke utlwile thapelo ya gago, ka bona dikeledi tsa gago. Bona, ke tla go fodisa. O tla tlhatlogela kwa Ntlong yaMorenaka letsatsi la boraro.
6 Ke tla okeletsa malatsi a gago dinyaga di le 15. Le gona ke tla go pholosa mmogo le motse o mo seatleng sa kgosi ya Asiria, ke femela motse o ka ntlha ya me le ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me.’ ”
7 Jesaya a ba a re: “Tlisang molemo o o tutetsang wa difeie.” Ya re ba o tlisa le go o baya mo tlhagaleng, a fola.
8 Mme Hesekia a botsa Jesaya a re: “Sesupo sa goreMorenao tla mphodisa le sa gore ke tla tlhatlogela kwa Ntlong yaMorenaka letsatsi la boraro, ke eng?”
9 Jesaya a re: “Sesupo sa gago se se tswang moMorenengsa goreMorenao tla dirafatsa se a se buileng, ke se: Itlhophele: A moriti o fetele pele dikgato di le some gongwe o boele kwa morago dikgato di le some?”
10 Hesekia a re: “Go botlhofo mo moriting go fetela pele dikgato di le some; nnyaya, a moriti o boele kwa morago dikgato di le some.”
11 Ke fa moporofeti Jesaya a rapelaMorena, mmeMorenaa busetsa moriti kwa morago dikgato di le some tse o setseng o di fetile mo go sesupa-nako sa ga Ahase.
Barongwi ba Babele
12 Ya re ka sebaka seo Berotage-Balatane morwa Balatane kgosi ya Babele a romela dikwalo le dineo kwa go Hesekia; gonne o ne a utlwile fa Hesekia a ne a lwala.
13 Hesekia a itumelela barongwi, a ba bontsha ntlo yotlhe ya mahumo, e bong selefera le gouta le makga le lookwane lo lo molemo le ntlo ya marumo a gagwe le dilo tsotlhe tse di leng teng mo mahumong a gagwe; go se na sepe se Hesekia a se kang a se ba bontsha mo ntlong ya gagwe le mo pusong yotlhe ya gagwe.
14 Ke fa moporofeti Jesaya a tla kwa go kgosi Hesekia a mmotsa a re: “Ba tlile kwa go nna ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala la Babele.”
15 A ba a botsa a re: “Ba bonyeng mo ntlong ya gago?” Hesekia a araba a re: “Ba bonye tsotlhe tse di mo ntlong ya me. Ga go na sepe mo mahumong a me se ke sa se ba bontshang.”
16 Ke fa Jesaya a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko laMorena!
17 Bona, malatsi a tla tla mogang tsotlhe tse di mo ntlong ya gago le tse borraago ba di phuthileng go fitlha kajeno di isiwang kwa Babele go sa tlogelwe sepe, go buaMorena.
18 Mme ba tla tsaya bangwe ba bana ba gago, ba ba tla tswang mo go wena, ba o tla ba tsalang, mme e tla nna batlhanka mo ntlong ya borena ya kgosi ya Babele.”
19 Ke fa Hesekia a raya Jesaya a re: “Lefoko laMorenale o le buileng le molemo.” A ba a re: “Kana ga se sepe, fa go le kagiso le boikanyego mo malatsing a me.”
Bokhutlo jwa puso ya ga Hesekia
20 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Hesekia le ditiro tsotlhe tsa gagwe tsa bopelokgale le jaaka a ne a dira letamo le mosele, a tlisa metsi mo motseng, kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
21 Mme Hesekia a robala le borraagwe, mme Manase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.