Kgosi Manase wa Juta
1 E rile Manase a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 15; a busa dinyaga di le 55 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Hefesiba.
2 A dira tse di bosula mo matlhong aMorenatse di tshwanang le makgapha a baheitane baMorenao neng a ba lelekile fa pele ga Baiseraele.
3 A tsosa dithota tsa tlhabelo tse Hesekia rraagwe o neng a di sentse; a agela Baale dialetare, a dira Ašerajaaka go dirile Ahabe kgosi ya Iseraele; a ba a obamela lesomo lotlhe la legodimo a le direla.
4 Le gona a aga dialetare tse di ntseng jalo mo Ntlong yaMorenaeMorenao neng a buile ka ga yona a re: “Ke tla baya leina la me mo Jerusalema.”
5 O bile a agela lesomo lotlhe la legodimo dialetare mo malapeng a mabedi a Ntlo yaMorena.
6 A ralatsa morwawe molelo, a dira tsa mereo ya boloi le tsa botlhodi, a tlhoma ba ba buang le baswi le baitseanape a dira tse dintsi tse di bosula mo matlhong aMorena, a mo gakatsa.
7 Le gona a baya setshwantsho sa ga Ašera se o neng a se dirile mo Ntlong eMorenao neng a buile ka ga yona le Dafita le Salomo morwawe a re: “Mo Ntlong e le mo Jerusalema yo ke mo tlhophileng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele ke fa ke tla bayang leina la me teng ka bosakhutleng.
8 Le gona ga nkitla ke tlhola ke kgarakgatsha dinao tsa Baiseraele gore ba tswe mo lefatsheng le ke le neileng borraabo. Ke raya fela fa ba tlhokomela go dira tsotlhe tse ke di ba laetseng, e bong ka fa molaong otlhe o Moše motlhanka wa me o neng a o ba laela.”
9 Mme ba se ka ba utlwa, mme Manase a ba timetsa gore ba dire bosula bogolo go baheitane, baMorenao neng a ba nyeleditse fa pele ga Baiseraele.
10 Ke faMorenaa bua ka baporofeti batlhanka ba gagwe a re:
11 “E re ka Manase kgosi ya Juta e dirile makgapha ao, ya dira bosula jo bo fetang tsotlhe tse di kileng tsa dirwa ke Baamori ba ba neng ba le teng pele ga yona ya leofisa le Bajuta ka medimo e e maila ya yona:
12 Ke ka mooMorena, Modimo wa Iseraele, o buang jaana o a re: ‘Bonang, ke tla tlisetsa Jerusalema le Juta tatlhego e mongwe le mongwe yo o e utlwelang, ditsebe tse pedi tsa gagwe di tla sumang ka yona.
13 Ke tla gagamatsa mogala o o lekanyang wa Samaria mo godimo ga Jerusalema le serophiso sa lelapa la ga Ahabe, ke phimola Jerusalema jaaka go phimolwa mogopo, ke mo phimola le go mo ribegetsa.
14 Ke tla latlha masalela a boswa jwa me, ke a neela mo diatleng tsa baba ba ona gore e nne thopo le thukhutho tsa baba botlhe ba ona,
15 ka ba dirile tse di bosula mo matlhong a me, ba nna ba nkgalefisa go tloga ka letsatsi le borraabo ba neng ba huduga kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing leno.’ ”
16 Le gona Manase o ne a tsholola madi a mantsintsi a a se nang molato, a ba a a tlatsa Jerusalema mo ntlheng tsotlhe kwa ntle ga boleo jwa gagwe jo o neng a leofisa Bajuta ka jona gore ba dire tse di bosula mo matlhong aMorena.
17 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Manase le tsotlhe tse o neng a di dira le boleo jwa gagwe jo o neng a bo dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
18 Mme Manase a robala le borraagwe, a fitlhwa mo segotlong sa gagwe, mo segotlong sa ga Usa, mme Amone morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
Kgosi Amone wa Juta
19 Amone o ne a le dinyaga di le 22 fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le pedi kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Mesulemethe morwadia Haruse wa Joteba.
20 A dira tse di bosula mo matlhong aMorenajaaka go dirile Manase rraagwe.
21 A sepela gotlhe mo tseleng e rraagwe o neng a sepela mo go yona; a direla medimo e e maila e rraagwe o neng a e direla, a e obamela.
22 A tlogelaMorena, Modimo wa borraagwe; a se ka a sepela mo tseleng yaMorena.
23 Mme batlhanka ba ga Amone ba mo tsosetsa leferetlho, ba mmolaela mo ntlong ya gagwe.
24 Mme batho ba kwa nageng ba bolaya botlhe ba ba neng ba tsoseditse kgosi Amone leferetlho; ba dira Josia morwawe kgosi mo boemong jwa gagwe.
25 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Amone le tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
26 O ne a fitlhwa mo lebitleng la gagwe mo segotlong sa ga Usa, mme Josia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.