Josia o tlosa tirelo-medimo ya seheitane
1 Jaanong kgosi ya roma gore ba phuthele bagolo botlhe ba Juta le Jerusalema kwa go yona.
2 Kgosi ya ba ya tlhatlogela kwa Ntlong yaMorenae na le banna botlhe ba Juta le baagi botlhe ba Jerusalema le baperesiti le baporofeti le morafe otlhe, ba babotlana le ba bagolo; mme mafoko otlhe a lokwalo lwa kgolagano lo lo bonyweng mo Ntlong yaMorenaya a buisa mo ditsebeng tsa bone.
3 Jaanong kgosi ya ema mo sefateng, ya ipofa ka kgolagano fa pele gaMorenago mo ineela le go tshegetsa melao ya gagwe le ditshupo tsa gagwe le ditaolo tsa gagwe ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, e le go dirafatsa mafoko a kgolagano eo a a kwadilweng mo lokwalong loo. Le morafe otlhe wa ipofa jalo ka kgolagano.
4 Kgosi ya ba laela Hilekia moperesiti yo mogolo le baperesiti ba ba tlhomaganang nae le badisa ba mojako gore ba ntshe dilo tsotlhe mo Tempeleng yaMorenatse di neng di diretswe Baale le Ašera le lesomo lotlhe la legodimo; tsa ba tsa fisediwa ka kwa ntle ga Jerusalema mo masimong a Kiterone; molora wa tsona wa isiwa kwa Bethele.
5 Ya ba ya tlosa baperesiti ba medimo ba ba neng ba tlhomilwe ke dikgosi tsa Juta gore ba fise maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo mo metseng ya Juta le mo tikologong ya Jerusalema; ya tlosa le ba ba neng ba fisetsa Baale maswalo le letsatsi le ngwedi le dinaledi tse go itsiweng dipaka tsa ngwaga ka tsona le lesomo lotlhe la legodimo.
6 Mme setshwantsho sa Ašera se se mo Ntlong yaMorenaya se ntshetsa kwa ntle ga Jerusalema kwa molapong wa Kiterone, ya se fisetsa teng, ya se sila, ya se notetsa, ya latlhela lerole la sona mo diphupung tsa morafe.
7 E bile ya diga matlo a banna ba ba direlang medimo ka boaka a a neng a le fa Ntlong yaMorenakwa basadi ba neng ba logela Ašera ditente teng.
8 Ya ntsha baperesiti botlhe mo metseng ya Juta, ya ba tlisa mo Jerusalema, ya itshekolola dithota tsa tlhabelo kwa baperesiti ba neng ba fisa maswalo teng go simolola kwa Geba go ya go fitlha kwa Bereseba; ya diga dithota tsa tlhabelo tsa dikgoro tse di neng di le fa kgorong ya ga Jošua, molaodi wa motse, le tse di neng di le mo ntlheng ya la molema la motho, fa a tsena ka kgoro ya motse.
9 Fela baperesiti ba dithota tsa tlhabelo ba ne ba sa tshwanela go palamela mo aletareng yaMorenamo Jerusalema, mme ba ja dinkgwe tse di sa bedisiwang le bomorwaa-rraabo.
10 Ya ba ya itshekolola Thofethefa go neng go le mo mogorogorong wa Morwa-Hinome gore go se nne ope yo o direlang Mologe ka go ralatsa morwawe gongwe morwadie molelo.
11 Ya ba ya tlosa dipitse tse di neng di beetswe kobamelo ya letsatsi ke dikgosi tsa Juta fa gare ga mojako wa Ntlo yaMorenale ntlwana ya ga Nathane-Melege modiredi wa lapa la kgosi e e neng e le kwa mathuding; ya fisa dikoloi tsa letsatsi ka molelo.
12 Kgosi ya ba ya diga dialetare tse di neng di le mo godimo ga ntlwana e e kwa godimo ya ga Ahase tse di dirilweng ke dikgosi tsa Juta le tse di dirilweng ke Manase mo malapeng a mabedi a Ntlo yaMorena, ya di thubaganya teng, ya latlhela lerole la tsona mo molapong wa Kiterone.
13 Le gona kgosi ya itshekolola dithota tsa tlhabelo tse di neng di le ntlheng ya botlhabatsatsi ya Jerusalema, di le mo ntlheng ya borwa ya Thaba ya Tshenyego tse Salomo kgosi ya Iseraele o neng a di agetse Ašethorethe, modimo o o ilegang wa Basitone le Kamose o o ilegang wa Bamoabe le Milekome o o makgapha wa Baamone.
14 Ya ba ya thubaganya majwe a a motloutlo, ya rema medimako ya Ašera, ya tlatsa felo ga tsona marapo a batho.
15 Aletare e e neng e le kwa Bethele ya thota ya tlhabelo e e dirilweng ke Jerobeame morwa Nebate yo o neng a leofisa Baiseraele le aletare eo le thota eo Josia a di diga, a thubaganya majwe a tsona, a a sila ya nna lerole, a ba a fisa modimako wa Ašera.
16 Jaanong ya re Josia a gadima, a bona diphupu tse di mo thabeng, a roma go ntsha marapo mo go tsona, a a fisa mo aletareng, a e itshekolola jalo ka fa lefokong laMorenale monna wa Modimo yole o kileng a le kua, a bolela dilo tseo.
17 Ke fa a botsa a re: “Letlapa la phupu le ke le bonang le ke la eng?” Banna ba motse ba mo araba ba re: “Ke yona phupu ya monna wa Modimo yo o neng a tla a tswa kwa Juta a kua mafoko ao a wena o a dirafaditseng jaanong mo aletareng ya Bethele.”
18 Jaanong a re: “Mo leseng! A marapo a gagwe a se ka a tshwenngwa ke ope.” Mme ba ikhutsisa marapo a gagwe jalo mmogo le marapo a moporofeti yo o neng a tswa kwa Samaria.
19 Le gona Josia a tlosa ditempele tsotlhe tsa dithota tsa tlhabelo tse di neng di le mo metseng ya Samaria, di dirilwe ke dikgosi tsa Iseraele go galefisaMorena, a di senya fela jaaka a dirile kwa Bethele.
20 Mme baperesiti botlhe ba dithota tsa tlhabelo ba ba neng ba le teng, a ba dira ditlhabelo mo dialetareng, a fisa marapo a batho bao mo go tsona. Jaanong a boela kwa Jerusalema.
Moletlo wa Paseka
21 Kgosi ya ba ya laela morafe otlhe ya re: “DirelangMorena, Modimo wa lona, moletlo wa Tlolaganyo jaaka go kwadilwe mo lokwalong lo lwa kgolagano.”
22 Gonne ga bo go ise go dirwe Tlolaganyo e e ntseng jalo go tloga malatsing a baatlhodi ba ba neng ba busa Baiseraele le e seng ka malatsi otlhe a dikgosi tsa Iseraele le tsa Juta.
23 Mme Tlolaganyo eo ya direlwaMorenakwa Jerusalema ka ngwaga wa 18 wa puso ya kgosi Josia.
Diphetolo tse dingwe tsa ga Josia
24 Le gona Josia a fedisa ba ba buang le baswi le baitseanape le ditshwantsho tsa medimo ya matlo le medimo e e maila le makgapha otlhe a a neng a bonwa mo lefatsheng la Juta le mo Jerusalema, e le go dirafatsa mafoko a molao a a kwadilweng mo lokwalong lo moperesiti Hilekia a neng a lo bona mo Ntlong yaMorena.
25 Go ne go ise go ke go nne kgosi epe pele ga gagwe e e tshwanang nae, e e neng ya sokologelaMorenengka pelo ya yona yotlhe le ka mowa wa yona otlhe le ka thata ya yona yotlhe ka fa molaong otlhe wa ga Moše; le sehularong sa gagwe ga se ka ga tsoga epe e e tshwanang nae.
26 FelaMorenaa se ka a boa bogaleng jo bogolo jwa gagwe jo bo tukang, ka bogale jwa gagwe bo ne bo tukela Bajuta ka ntlha ya dithumolo tsotlhe tse Manase o neng a mo rumotse ka tsona.
27 MmeMorenaa re: “Le Juta ke tla mo tlosa fa pele ga sefatlhego sa me jaaka ke tlositse Iseraele; le gona ke tla latlha motse o wa Jerusalema o ke o tlhophileng le Ntlo e ke buileng ka ga yona ka re: ‘Leina la me le tla nna gona.’ ”
Bokhutlo jwa puso ya ga Josia
28 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Josia le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
29 Mo metlheng ya gagwe Farao Nego kgosi ya Egepeto ya bololela kgosi ya Asiria, ya ya kwa nokeng ya Ferathe, mme kgosi Josia a ya a mo kgatlhantsha, mme ya re Farao Nego a mmona, a mmolaela kwa Megito.
30 Mme batlhanka ba gagwe ba mo tsaya kwa Megito ka koloi a sule, ba mo isa kwa Jerusalema, ba mo fitlha mo lebitleng la gagwe; mme batho ba lefatshe ba tsaya Joahase morwa Josia, ba mo tlotsa, ba mo dira kgosi mo boemong jwa ga rraagwe.
Kgosi Joahase wa Juta
31 Joahase o ne a le dinyaga di le 23, fa a nna kgosi, a busa dikgwedi di le tharo kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale morwadia Jeremia wa Lebena.
32 O ne a dira tse di bosula mo matlhong aMorenafela jaaka go dirile borraagwe.
33 Mme Farao Nego a mo tshwara kwa Ribela mo lefatsheng la Hamathe gore a se ka a busa kwa Jerusalema; a ba a beela lefatshe petso ya go lefa ditalente di le 100 tsa selefera le talente ya gouta.
34 Farao Nego a ba a dira Eliakime morwa Josia kgosi mo boemong jwa ga Josia rraagwe, a fetola leina la gagwe a mmitsa Joyakime; a ba a tsaya Joahase, a mo isa kwa Egepeto, mme a swela teng.
Kgosi Joyakime wa Juta
35 Joyakime o ne a naya Farao Nego selefera ele le gouta ele; fela o ne a na le go kgethisa batho ba lefatshe go ka ntsha selefera ka fa taelong ya ga Farao; a laola batho ba lefatshe gore mongwe le mongwe a ntshe selefera le gouta ka fa nonofo ya gagwe e bonyweng ka teng gore di neelwe Farao Nego.
36 Joyakime o ne a le dinyaga di le 25, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le some le motso kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Sebuta morwadia Phetaya wa kwa Ruma.
37 A dira tse di bosula mo matlhong aMorenafela jaaka go dirile borraagwe.