1 Mo metlheng ya gagwe ga tlhaga Nebukatenesare kgosi ya Babele, mme Joyakime a nna motlhanka wa gagwe dinyaga di le tharo; ya baa gona a mo tlhanogelang gape.
2 Ke faMorenaa mo romela dinokwane tsa Bakalatea le tsa Basiria le tsa Bamoabe le tsa Baamone; a di romela kwa Juta go mo nyeletsa ka fa lefokong laMorenale o le buileng ka baporofeti, batlhanka ba gagwe.
3 Ga dirafalela Bajuta jalo ka ntlha ya taelo yaMorenafela e le go ba tlosa fa pele ga sefatlhego sa gagwe ka ntlha ya maleo a ga Manase a tsotlhe tse o neng a di dira
4 le ka ntlha ya madi a a se nang molato a Manase o neng a a tsholola, a tlatsa Jerusalema madi a a se nang molato,Morenaa se ka a rata go ba itshwarela.
5 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joyakime le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
6 Mme Joyakime a robala le borraagwe, mme Joyagine morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
7 Kgosi ya Egepeto ya se ka ya tlhola e bolola mo lefatsheng la yona; gonne kgosi ya Babele e ne e thopile tsotlhe tse e neng e le tsa kgosi ya Egepeto go tloga kwa nokaneng ya Egepeto go ya go fitlha kwa nokeng ya Ferathe.
Kgosi Joyagine wa Juta
8 Joyagine o ne a le dinyaga di le 18, fa a nna kgosi, a busa dikgwedi di le tharo kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Nehusetha morwadia Elenathane wa mo Jerusalema.
9 A dira tse di bosula mo matlhong aMorenafela jaaka go dirile rraagwe.
10 Ka sebaka seo batlhanka ba ga Nebukatenesare kgosi ya Babele ba bololela Jerusalema, mme motse wa dikanyediwa ke ntwa.
11 Mme ya re Nebukatenesare kgosi ya Babele e tla ka yosi go tlhasela motse, batlhanka ba yona ba ntse ba o dikanyeditse,
12 Joyagine, kgosi ya Juta, a tswela kwa kgosing ya Babele go ineela, ene le mmaagwe le batlhanka ba gagwe le dikgosana tsa gagwe le badiredi ba lapa la gagwe, mme kgosi ya Babele ya mo golega ka ngwaga wa robedi wa puso ya yona.
13 Kgosi ya Babele ya ba ya tsena mo motseng, ya ntsha teng mahumo otlhe a Ntlo yaMorenale mahumo a ntlo ya kgosi, ya thubaganya dilo tsotlhe tsa gouta tse di neng di dirilwe ke Salomo, kgosi ya Iseraele, mo Tempeleng yaMorena, jaaka go ne ga buaMorena.
14 Ya isa batho botlhe ba Jerusalema le dikgosana tsotlhe le bagale botlhe mo botshwarong, e bong ba le 10 000 mmogo le ditswerere tsotlhe le bathudi; ga se ka ga sadisiwa ope fa e se batho ba ba humanegileng ba lefatshe fela.
15 Ya isa Joyagine botshwarong kwa Babele le mma-kgosi le basadi ba kgosi le badiredi ba yona le baeteledipele ba lefatshe, ya ba ntsha mo Jerusalema, ya ba isa botshwarong kwa Babele
16 le banna botlhe ba ba maatlametlo ba le 7 000 le ditswerere le bathudi ba le 1 000, botlhe e le bagale ba ba itseng ntwa, kgosi ya Babele ya ba isa botshwarong kwa Babele.
17 Mme kgosi ya Babele ya dira Mathanya rrangwanaagwe Joyagine kgosi mo boemong jwa gagwe, ya fetola leina la gagwe, ya mmitsa Setekia.
Kgosi Setekia wa Juta
18 Setekia o ne a le dinyaga di le 21, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le 11 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale, morwadia Jeremia wa kwa Lebena.
19 A dira tse di bosula mo matlhong aMorenafela jaaka go dirile Joyakime.
20 Gonne go ne ga dirafalela Jerusalema le Juta jalo ka ntlha ya bogale jwaMorenaga tsamaya a ba latlha, a ba tlosa fa pele ga sefatlhego sa gagwe. Mme Setekia a tlhanogela kgosi ya Babele.