2 DIKGOSI 4

Elisa o thusa motlholagadi yo o humanegileng

1 Mosadi mongwe wa basadi ba barutwa ba boporofeti o kile a lela mo go Elisa a re: “Motlhanka wa gago, monna wa me, o sule, mme o a itse gore motlhanka wa gago o ne a boifaMorena. Jaanong motho yo go tserweng molato mo go ene o tlile a re, o tsaya bana ba babedi ba me go nna batlhanka ba gagwe.”

2 Elisa a mmotsa a re: “Nka go direlang? Mpolelele se o nang naso mo ntlong.” Mosadi a araba a re: “Lelata la gago ga le na sepe mo ntlong fa e se kurwana ya lookwane fela.”

3 Elisa a re: “Yaa o ikadimele dilo tse o ka tshelang mo go tsona ka kwa ntle mo go botlhe ba o agileng nabo, e bong dinkgo tse di se nang sepe di le dintsi.

4 O be o ye kwa gae, o itswalele le bomorwao, o tshele mo dinkgong tseo tsotlhe. E e tlalang o e bee fa thoko.”

5 Mosadi a tloga kwa go ene, a dira jalo; a itswalela le bomorwawe. Bone ba mo tlisetsa dinkgo, ene a nna a tshela.

6 Ya re dinkgo di sena go tlala, mosadi a raya morwawe a re: “Ntlisetse nkgo gape.” A re: “Ga go tlhole go le nkgo.” Ke fa lookwane lo khutla go ela.

7 Mosadi a tla a bolelela monna wa Modimo. Ene a re: “Yaa o rekise lookwane, o lefe molato wa gago; mme lo lo setseng o phele ka lone le bomorwao.”

Elisa le mosadi yo o humileng wa kwa Suneme

8 E kile ya re letsatsi le lengwe Elisa a fetela kwa Suneme. Teng go ne go le mosadi wa mohumi; ene a mo laletsa thata gore a je dijo. Go tloga foo e ne ya re fa a feta teng, a fapogele gona go ja dijo.

9 Mme mosadi yoo a raya monna wa gagwe a re: “A ko o bone, ke lemogile gore monna yo o ntseng a feta fa go rona ka metlha ke yo o boitshepo wa Modimo.

10 A re ke re mo direle ntlwana ya dipota kwa godimo, re mmeele teng bolao le tafole le sedulo le setlhomo sa lobone, mme e tla re fa a tla go rona, a nne teng.”

11 Jaanong ya re letsatsi le lengwe a tla teng a tlhatlogela kwa ntlwaneng e e kwa godimo, a robala teng.

12 A ba a raya Kehasi modiredi wa gagwe a re: “Bitsa mosadi yoo wa Suneme.” A mmitsa, mme a tla a ema fa pele ga gagwe.

13 Elisa a ba a laela Kehasi a re: “A ko o ree mosadi o re: ‘Kana o re babaletse ka pabalelo yotlhe e. Wena o ka direlwang? A o batla puelelo kwa kgosing gongwe kwa molaoding wa mephato?’ ” Mosadi a re: “Nnyaya, ke agile sentle mo gare ga morafe wa ga etsho.”

14 Elisa a ba a botsa a re: “Mme mosadi o ka direlwang?” Kehasi a re: “Kana ga a na ngwana wa mosimane, mme monna wa gagwe o tsofetse.”

15 Elisa a ba a re: “Mmitse!” Ya re a sena go mmitsa, mosadi a tla a ema fa mojako.

16 Ke fa Elisa a re: “Isago ka nako e o tla bo o tlamparela ngwana wa mosimane.” Mme mosadi a re: “Nnyaya, mong wa me, monna wa Modimo, se aketse lelata la gago.”

17 Mme mosadi a nna moimana, a tshola ngwana wa mosimane e le isago ka nako e Elisa o e mmoleletseng.

18 E rile ngwana a sena go gola, letsatsi le lengwe a tswela kwa go rraagwe kwa barobing,

19 a ba a raya rraagwe a re: “Tlhogo ya me! Tlhogo ya me!” Ene a laela modiredi a re: “Mo tsholetse, o mo ise kwa go mmaagwe.”

20 A mo kuka, a mo isa kwa go mmaagwe, mme mmaagwe a mo fara go fitlha motshegare, a ba a swa.

21 Ke fa mosadi a tlhatloga, a mmaya mo bolaong jwa monna wa Modimo, a mo tswalela, a tswela kwa ntle,

22 a bitsa monna wa gagwe a re: “A ko o nthomele mongwe wa batlhanka le nngwe ya diesele tse dinamagadi gore ke akofe ke ye kwa monneng wa Modimo ke be ke boe.”

23 Mme monna a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o ya kwa go ene kajeno, e se ka ngwedi o o rogilweng le e seng ka Sabata?” Mosadi a re: “Sala sentle!”

24 Mosadi a ba a belesa esele e namagadi, a raya modiredi wa gagwe a re: “Kgweetsa o itlhaganele, re se ka ra diega mo tseleng go ya ke be ke go bolelele.”

25 Mosadi a ya jalo, a fitlha kwa monneng wa Modimo kwa thabeng ya Karemele. Ya re monna wa Modimo a mmonela kgakalanyana, a raya Kehasi modiredi wa gagwe a re: “Bona, mosadi wa Suneme ke yole.

26 Jaanong a ko o taboge go mo kgatlhantsha, o mmotse o re: ‘A o phela sentle? A monna wa gago o phela sentle? A ngwana o phela sentle?’ ” Mosadi a re: “Sentle!”

27 Mme ya re mosadi a fitlha kwa monneng wa Modimo mo thabeng, a mo tshwara dinao. Ke fa Kehasi a atamela go mo koba. Mme monna wa Modimo a re: “Mo lese, gonne o pelo e botlhoko. MmeMorenao ntobetse, ga a ka a nkitsise.”

28 Mosadi a re: “A ke kopile ngwana wa mosimane mo go mong wa me? A ga ke a ka ka re: ‘Se ntsholofetse tse e seng tsona’?”

29 Mme Elisa a laela Kehasi a re: “Itlame letheka, o tsee thobane ya me ka seatla, o tsamae. Fa o kgatlhana le motho se mo dumedise; mme fa motho a go dumedisa, se mo arabe; o fete o bee thobane ya me mo sefatlhegong sa mosimane.”

30 Mme mmaagwe mosimane a re: “Ka botshelo jwaMorenale ka botshelo jwa gago! Ga nkitla ke go tlogela.” Ke fa Elisa a nanoga, a mo sala morago.

31 Mme Kehasi o ne a ba eteletse pele, a feta a baya thobane mo sefatlhegong sa mosimane, mme go se na tumo epe le e seng sesupo sepe sa bophelo. A ba a boa go mo kgatlhantsha, a mo itsise a re: “Mosimane ga a ka a thanya.”

32 Ya re Elisa a tsena mo ntlong, a fitlhela mosimane a sule, a beilwe mo bolaong jwa gagwe.

33 A ba a tsena, a itswalela le mosimane, a rapelaMorena.

34 A ba a palama, a patlama mo godimo ga ngwana, a lebaganya molomo le molomo wa gagwe le matlho le matlho a gagwe le diatla le diatla tsa gagwe, a patlama jalo mo go ene. Ke fa mmele wa mosimane o thuthafala.

35 A ba a patlamologa, a tsamayatsamaya mo ntlong, a ya fale, a tla fano gangwe fela; a palama gape, a patlama mo go ene. Ke fa mosimane a ethimola gasupa a ba a budulola matlho.

36 Jaanong Elisa a bitsa Kehasi a re: “Bitsa mosadi yoo wa Suneme.” A mmitsa, mme ya re mosadi a tla kwa go ene, Elisa a re: “Tsholetsa morwao.”

37 Mosadi a tla, a wela fa dinaong tsa gagwe, a ikobela fa fatshe; a ba a kuka morwawe, a tswa.

Dikgakgamatso tse pedi gape

38 Mme Elisa a boela kwa Gilegala go ntse go le tlala mo lefatsheng. Jaanong ya re barutwa ba boporofeti ba dutse fa pele ga gagwe, a laela modiredi wa gagwe a re: “Tlhatlega pitsa e kgolo, o apeele barutwa ba boporofeti dijo.”

39 Mme mongwe a tswela kwa nageng go ga morogo; a bona mofuta wa morara, a kgetla magabala mo go ona, a tlatsa seaparo sa gagwe, a ba a tla gae, a a gabelela mo pitseng ya dijo; gonne o ne a sa a itse.

40 A ba a tsholela banna bao gore ba je. Ya re ba leka dijo tse, ba goa ba re: “Monna wa Modimo, loso lo mo pitseng!” Ba palelwa ke go a ja.

41 Ene a re: “Tlisang bupe!” A bo tshela mo pitseng a re: “Tsholela batho gore ba je.” Ke fa go sa utlwale sepe se se bolayang mo pitseng.

42 Ga tlhaga monna a tswa kwa Baale-Salisa, a tlisetsa monna wa Modimo dinkgwe tsa mabutswapele, e bong dinkgwe tsa garase di le 20 le tsa letlhafula mo tlatleng ya gagwe. A ba a re: “Neela batho gore ba je.”

43 Mme modiredi wa gagwe a re: “Nka di neela jang banna ba le lekgolo?” Mme Elisa a re: “Neela batho gore ba je. GonneMorenao bua jaana a re: ‘Ba tla ja ba be ba sadisa.’ ”

44 Jaanong a ba beela pele, mme ba ja, ba sadisa ka fa lefokong laMorena.