2 DIKGOSI 9

Jehu o tswa kgosi ya Iseraele

1 Letsatsi le lengwe moporofeti Elisa a bitsa mongwe wa barutwa ba boporofeti, a mo laela a re: “Itlame letheka o tshole modutwana o wa lookwane ka seatla, o ye kwa Ramothe wa Gileate.

2 E re o sena go fitlha teng, o tlhole Jehu gona morwa Josafate morwa Nimesi, o be o tsene o mo nanose mo gare ga bomorwa-rraagwe, o mo ise ntlwaneng e e kwa tengteng.

3 O be o tsee modutwana wa lookwane, o lo tshele mo tlhogong ya gagwe o re: ‘Morenao bua jaana a re: Ke go tloditse go nna kgosi ya Iseraele.’ E be gona o bulang setswalo, o tshabe. O se ka wa diega.”

4 Ke fa lekau modiredi wa moporofeti a ya kwa Ramothe wa Gileate.

5 A tsena a fitlhela balaodi ba mephato ba dutse teng a re: “Ke na le go bua nao, molaodi.” Jehu a botsa a re: “O raya mang mo go rona rotlhe?” A re: “Ke raya wena molaodi.”

6 Ke fa a nanoga a tsena mo ntlong, mme yole a tshela lookwane mo tlhogong ya gagwe a mo raya a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana wa re: ‘Ke go tloditse go nna kgosi ya Iseraele ya morafe waMorena.

7 Mme o bolae ba lapa la ga Ahabe mong-wa-go. Madi a baporofeti batlhanka ba me le madi a batlhanka botlhe baMorenaa a tsholotsweng ke Isebele ke tla a busolosa jalo.

8 Botlhe ba lelapa la ga Ahabe ba tla nyelela. Ke tla fedisa botlhe ba batonanyana ba ga gabo Ahabe mo Iseraeleng, ke sa rekegele ope.

9 Ke tla dira lelapa la ga Ahabe jaaka lelapa la ga Jerobeame morwa Nebate le jaaka lelapa la ga Baesa morwa Ahia.

10 Mme Isebele o tla jewa ke dintšwa mo tshimong ya Iserele, go se na yo o mo fitlhang.’ ” A re jalo a ba a bula setswalo a tshaba.

11 Jaanong ya re Jehu a tswela kwa batlhankeng ba mongwagwe, ba mmotsa ba re: “A go siame? Setsenwa seo se ne se tletseng kwano go wena?” A ba araba a re: “Lo itse monna yoo le puo ya gagwe ka losi.”

12 Mme ba re: “O a loba! Re bolelele tlhe!” A re: “O ntheile jaana le jaana a re: ‘Morenao bua jaana a re: Ke go tloditse go nna kgosi ya Iseraele.’ ”

13 Ke fa ba akofa, mme mongwe le mongwe a tsaya seaparo sa gagwe, ba di baya mo mapalamong fa tlase ga gagwe, ba letsa lonaka ba re: “Jehu ke kgosi!”

Kgosi Jorame o a bolawa

14 Jaanong Jehu morwa Josafate morwa Nimesi a tsosetsa Jorame moferefere. Kana Jorame o ne a ntse a disitse kwa Ramothe wa Gileate, ene le Baiseraele botlhe go thibela Hasaele kgosi ya Siria.

15 Mme kgosi Jorame o ne a boile go alafiwa dintho kwa Iserele tse a di ntshitsweng ke Basiria fa a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria. Mme Jehu a re: “Fa lo dumalelana le nna, a go se ka ga thoba ope, a tswa mo motseng go ya go bolela kwa Iserele.”

16 Jehu a ba a palama koloi a ya kwa Iserele. Gonne Jorame o ne a ikokela teng, mme Ahasia kgosi ya Juta o ne a ile teng go mo lekola.

17 Mme motlhodi yo o neng a eme mo godimo ga lonaka lwa phemelo lwa Iserele a bona lesomo la ga Jehu le tla, a re: “Ke bona lesomo.” Ke fa Jorame a re: “Tsaya mopalami wa pitse, o mo rome gore a ba kgatlhantshe, a botse a re: ‘A lo tla ka kagiso?’ ”

18 Mme mopalami wa pitse a ya go mo kgatlhantsha a re: “Kgosi e botsa jaana ya re: ‘A go kagiso?’ ” Mme Jehu a fetola a re: “O dirang ka kagiso! Mpote ka fa morago.” Ke fa motlhodi a bega a re: “Morongwi o fitlhile kwa go bone, mme ga a boe.”

19 A ba a roma mopalami wa pitse wa bobedi, mme a fitlha kwa go bone a re: “Kgosi e botsa jaana ya re: ‘A go kagiso?’ ” Mme Jehu a fetola a re: “O dirang ka kagiso! Mpote ka fa morago.”

20 Motlhodi a bega gape a re: “O fitlhile kwa go bone, mme ga a boe. Fela kgweetso e tshwana le kgweetso ya ga Jehu morwa Nimesi; gonne o kgweetsa jaaka setsenwa.”

21 Ke fa Jorame a re: “Golegang!” Ba golega koloi ya gagwe. Mme Jorame kgosi ya Iseraele a bolola le Ahasia kgosi ya Juta, mongwe le mongwe a le mo koloing ya gagwe, ba tswa go kgatlhantsha Jehu, ba mo fitlhela kwa tshimong ya ga Nabothe wa Iserele.

22 Ya re Jorame a bona Jehu, a mmotsa a re: “A go kagiso, Jehu?” Mme a mo fetola a re: “Go ka nna kagiso jang go ntse go le boaka jwa ga Isebele mmaago le mereo e mentsi ya boloi ya gagwe!”

23 Ke fa Jorame a sokolola koloi ya gagwe a tshaba, a raya Ahasia a re: “Ke leferetlho, Ahasia.”

24 Mme Jehu a goga bora, a hula Jorame fa gare ga magetla a gagwe, motsu wa phololela ka pelo, mme a wela mo koloing ya gagwe.

25 Jehu a ba a laela Bitekare, modiredi wa gagwe wa motlhabani, a re: “Mo tsee o mo latlhele mo kabelong ya naga ya ga Nabothe wa Iserele. Kana gakologelwa gore e rile nna le wena re palame re bapile re setse Ahabe rraagwe morago,Morenaa bua lefoko le ka ga gagwe le le reng:

26 ‘Ruri, ke letse ke bonye madi a ga Nabothe le madi a bomorwawe maabane, go buaMorena, mme ke tla a busolosa mo go wena mo tshimong e, go buaMorena.’ Jaanong he, mo tsee o mo latlhele mo tshimong e ka fa lefokong laMorena.”

Kgosi Ahasia o a bolawa

27 Ya re Ahasia kgosi ya Juta a bona jalo, a tshaba a lebile mokgoro wa tshimo. Mme Jehu a mo latelela a re: “Le ene lo mo hule!” Mme ba mo hula mo koloing kwa phateng ya Gure gaufi le Ibeleame. Mme a tshabela kwa Megito a swela teng.

28 Batlhanka ba gagwe ba mo isa kwa Jerusalema ka koloi, ba mo fitlha mo lebitleng la gagwe fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita.

29 Ahasia o ne a simolotse go busa Juta ka ngwaga wa some nngwe wa puso ya ga Jorame morwa Ahabe.

Isebele o a bolawa

30 Mme Jehu a fitlha kwa Iserele. Ya re Isebele a utlwa jalo, a itaka matlho ka setlolo se sentsho, a kgabisa tlhogo ya gagwe, a ba a okomela ka fenstere.

31 Ya re Jehu a tsena ka kgoro, Isebele a mmotsa a re: “Simeri o ne a phela nako e e kae, mmolai wa mongwagwe?”

32 Ke fa Jehu a lelalela kwa fenstereng a botsa a re: “Ke mang yo o gogang le nna? Ke mang?” Jaanong ya re badiredi ba le babedi gongwe ba le bararo ba lapa la kgosi ba okomela kwa go ene,

33 a laola a re: “Mo digeleng fa fatshe!” Ba mo digela fa fatshe, mme madi a gagwe a phatšhegela mo loboteng le mo dipitsing, tsa ba tsa mo gataka.

34 Jehu a tsena, a ja, a nwa, a ba a laela a re: “A ko lo tlhole mosadi yo o hutsitsweng yole, lo mo fitlhe, gonne ke morwadia kgosi.”

35 Mme ya re ba re ba ya go mo fitlha, ba fitlhela go se na sepe sa gagwe fa e se logata le dinao le diatla fela.

36 Ba boa ba mmegela, mme a re: “Ke lefoko laMorenale o le buileng ka motlhanka wa gagwe Elia wa Thišebe a re: ‘Dintšwa di tla ja nama ya ga Isebele mo nageng ya Iserele.

37 Mme setoto sa ga Isebele se tla nna mo nageng mo tshimong ya Iserele go nna letshotelo, mo ba tla palelwang ke go re: Isebele ke yo.’ ”