Polelelopele ya ga Semaya
1 E rile Rehabeame a fitlha kwa Jerusalema a feta a kgobokanya lotso lwa Juta le lwa Benyamene, e le banna ba ba tlhaotsweng ba batlhabani ba le 180 000, go ya go tlhabana le Baiseraele go busetsa bogosi go ene.
2 Mme lefoko laMorenala tla kwa go Semaya, monna wa Modimo, la re:
3 “Raya Rehabeame morwa Salomo kgosi ya Juta le Baiseraele botlhe kwa Juta le Benyamene o re:
4 ‘Morenao bua jaana a re: Lo se ka lwa bolola go ya go tlhabana le ba ga lona. A mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe. Gonne selo se, se dirilwe ke nna.’ ” Ba utlwa mafoko aMorena, ba boa, ba se ka ba bololela Jerobeame.
Rehabeame o agelela metse
5 Rehabeame a nna mo Jerusalema, a agelela metse go nna e e femetsweng mo Juta.
6 A agelela Betleheme le Etame le Thekoa
7 le Betshure le Sogo le Adulame
8 le Gathe le Mareša le Sife
9 le Atoraime le Lagiše le Aseka
10 le Sorea le Ayalone le Heberone. Ke yona metse e e ne ya femelwa mo Juta le Benyamene.
11 A ba a tiisa metse e e femetsweng eo, a baya balaodi mo go yona le ditlamelo tsa dijo le lookwane le weine
12 le dithebe le marumo mo motseng mongwe le mongwe, a e thatafatsa gagolo thata. Bajuta le Babenyamene e ne e le ba gagwe.
Baperesiti le Balefi ba ya kwa Juta
13 Le baperesiti le Balefi ba ba neng ba le mo gare ga Baiseraele botlhe ba ineela mo go ene, ba huduga mo dinageng tsotlhe tsa bone.
14 Gonne Balefi ba ne ba tlogela mafulo a bone le di-tsa-bone, ba ya kwa Juta le Jerusalema. Gonne Jerobeame le bomorwawe ba ne ba ba amogile boperesiti jwaMorena.
15 Mme o ne a itlhometse baperesiti ba dithota tsa tlhabelo le ba didimo tsa sekaka le ba dinamane tse o di dirileng.
16 Balefi ba latelwa ke ba ba ineetseng ka dipelo go batlaMorena, Modimo wa Iseraele, ba tswa mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, ba ya kwa Jerusalema go direlaMorena, Modimo wa borraabo, ditlhabelo.
17 Ba tiisa bogosi jwa Juta, ba nonotsha Rehabeame morwa Salomo dinyaga di le tharo; gonne ba ne ba sepela mo tseleng ya ga Dafita le Salomo dinyaga di le tharo fela.
Ba lelapa la ga Rehabeame
18 Mme Rehabeame a tsaya Mahalathe go nna mosadi wa gagwe. Bagolo ba mosadi e ne e le Jerimothe morwa Dafita le Abihaile morwadia Eliabe morwa Isai.
19 Ene a tshola nae bana ba basimane, e bong Jeuse le Semaria le Sahame.
20 Morago ga Mahalathe a nyala Maaga morwadia Abesalomo; a tshola nae Abia le Athai le Sisa le Selomithe.
21 Mme Rehabeame a rata Maaga morwadia Abesalomo bogolo go basadi le bagadingwana botlhe ba gagwe; gonne o ne a tsere basadi ba le 18 le bagadingwana ba le 60: a tsala bomorwa ba le 28 le bomorwadi ba le 60.
22 Rehabeame a ba a tlhoma Abia morwa Maaga go nna tlhogo le moetapele wa bomorwa-rraagwe. Gonne o ne a ikaeletse go mo dira kgosi.
23 Mme a dira ka botlhale, a kgaoganya bomorwawe botlhe, a ba baya kwa dinageng tsotlhe tsa Juta le Benyamene le kwa metseng yotlhe e e femetsweng, bangwe kwa, ba bangwe kwa gongwe, a ba naya bontsi jwa dijo, a ba batlela basadi ba bantsi.