2 DITIRAFALO 17

Puso e e siameng ya ga Josafate

1 Mme Josafate morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe; ene a itiisa go ka palela Iseraele.

2 A baya mephato ya batlhabani mo metseng yotlhe ya Juta e e femetsweng; a baya balebedi ba puso mo nageng ya Juta le mo metseng ya Eferaime e Asa rraagwe o neng a e thopile.

3 Morenao ne a na le Josafate; gonne o ne a sepela mo ditseleng tsa pele tsa ga Dafita rraagwe, a se ka a batla boBaale,

4 mme a batla Modimo wa ga rraagwe, a sepela ka fa ditaelong tsa ona, e seng ka fa tirong ya Baiseraele.

5 Ke ka mooMorenaa tlhomamisitseng bogosi mo seatleng sa gagwe, mme Bajuta botlhe ba ntshetsa Josafate dineo, a bona khumo e ntsi le tlotlo e kgolo.

6 Ya re ka a le mo ditseleng tsaMorena, a nna pelokgale, mo a bileng a tlosa dithota tsa tlhabelo le medimako ya Ašera mo Juta.

7 Mme ka ngwaga wa boraro wa puso ya gagwe a roma dintona tsa gagwe, e bong Benehaile le Obatya le Sagaria le Nethanele le Migaya gore ba rute batho mo metseng ya Juta.

8 Ba ne ba na le Balefi Semaya le Nethanya le Sebatya le Asahele le Semiramothe le Jonathane le Atonia le Tobia le Tobatonia – ke bone Balefi; ba bile ba na le baperesiti Elisama le Jorame.

9 Ba ruta batho mo Juta, ba tshotse lokwalo lwa molao waMorena, ba etela metse yotlhe ya Juta ka go e tlhomaganya, ba ruta morafe.

Bogolo jwa ga Josafate

10 Mme magosi otlhe a mafatshe a a mo tikologong ya Juta a ne a wetswe ke letshogo laMorena, mo a bileng a se ka a lwa le Josafate.

11 Mme bangwe ba Bafelesita ba tsisetsa Josafate dineo le morwalo wa selefera. Baarabia le bone ba mo tsisetsa difutshane, e bong diphelehu di le 7 700 le diphoko di le 7 700.

12 Josafate a nna a golela pele mo go fetisang, a aga matshabelo a a femetsweng le metse ya difala mo Juta.

13 O ne a boloka dijo tse dintsi mo metseng ya Juta, a na le batlhabani ba ba bogale mo Jerusalema.

14 Thulaganyo ya bone ka fa dikgorong tsa bone ke e: Balaodi ba dikete mo Juta ke ba: Ke molaodi Atena yo o neng a na le batlhabani ba ba pelokgale ba le 300 000.

15 A tlhomagannwa ke molaodi Johanane yo o neng a na le batlhabani ba le 280 000.

16 A tlhomagannwa ke Amasia morwa Sigeri yo o neng a ineetseMorenaka bopelotshweu, a na le batlhabani ba ba pelokgale ba le 200 000.

17 Yo e leng wa Babenyamene e ne e le Eliata mogale tota yo o neng a na le banna ba le 200 000 ba ba tshotseng mara le dithebe.

18 A tlhomagannwa ke Josabate yo o neng a na le banna ba mephato ba ba tlhometseng ba le 180 000.

19 Ke bao ba neng ba direla kgosi, go sa balwe ba kgosi e neng e ba beile mo metseng e e femetsweng mo Juta yotlhe.