2 DITIRAFALO 18

Moporofeti Miga o tlhagisa Ahabe

1 E rile Josafate a sena go bona khumo e ntsi le tlotlo e kgolo, a batlela morwawe morwadia Ahabe.

2 E rile dinyaga di sena go feta, a etela Ahabe kwa Samaria, mme Ahabe a mo tlhabela le batho ba ba nang nae bontsi jwa dinku le dikgomo, a ba a mo oka gore a bololele Ramothe wa Gileate nae.

3 Ahabe kgosi ya Iseraele a botsa Josafate kgosi ya Juta a re: “A o tla ya le nna kwa Ramothe wa Gileate?” A mo araba a re: “Re tla ya mmogo kwa tlhabanong, nna le wena, morafe wa me le wa gago.”

4 Josafate a ba a raya kgosi ya Iseraele a re: “A ko o botse lefoko laMorenapele.”

5 Ke fa kgosi ya Iseraele e kgobokanya baporofeti, banna ba le 400, e ba botsa e re: “A ke ye go lwela Ramothe wa Gileate kampo ke lese?” Ba araba ba re: “Bolola, Modimo o tla mo neela mo seatleng sa kgosi.”

6 Mme Josafate a re: “A ga go na moporofeti yo mongwe waMorenamono yo re ka mmotsang?”

7 Kgosi ya Iseraele ya araba Josafate ya re: “Go sa ntse go le monna a le mongwe yo re ka botsangMorenaka ene, mme ke mo tlhoile; gonne ga a bolelele pele tse di molemo ka ga me, fa e se tse di bosula fela ka gale. Ke Miga morwa Imela.” Mme Josafate a re: “A kgosi e se re jalo!”

8 Ke fa kgosi ya Iseraele e bitsa modiredi mongwe wa lapa la yona e re: “Akofa o bitse Miga morwa Imela.”

9 Mme kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bo di dutse nngwe le nngwe mo sedulong sa yona sa bogosi, di apere diaparo tsa bogosi, di dutse mo seboaneng fa mojakong wa kgoro ya Samaria, mme baporofeti botlhe ba ntse ba bolelela pele fa pele ga tsona.

10 E bile Setekia morwa Kenana o ne a itiretse dinaka tsa tshipi, a tla natso a re: “Morenao bua jaana a re: ‘O tla tlhaba Basiria ka dinaka tse go fitlhelela ba felelele.’ ”

11 Le baporofeti botlhe ba bolelela pele jalo ba re: “Bololela motse wa Ramothe kwa Gileate. O tla nna tlhogonolo, mmeMorenao tla o neela mo seatleng sa kgosi.”

12 Mme morongwi yo o neng a ile go bitsa Miga a mo raya a re: “Bona, mafoko a baporofeti a a utlwana, a molemo mo kgosing. Ka thapelo, a lefoko la gago le tshwane le la bone, o bue tse di molemo.”

13 Mme Miga a re: “Ka bophelo jwaMorena! Ke tla bua tse Modimo wa me o di ntaelang.”

14 Ya re a fitlha kwa kgosing, kgosi ya mmotsa ya re: “Miga, a ke ye kwa Ramothe kwa Gileate go tlhabana kampo ke lese?” A e araba a re: “Bololang, lo tla nna tlhogonolo, mme ba tla neelwa mo diatleng tsa lona.”

15 Mme kgosi ya mo raya ya re: “Ke go ikanise ga kae gore o se ka wa mpolelela sepe fa e se boammaaruri fela ka leina laMorena?”

16 A fetola a re: “Ke bonye Baiseraele botlhe ba phatlaletse kwa dithabeng jaaka dinku tse di se nang modisa. MmeMorenaa re: ‘Ga ba na morena. A mongwe le mongwe a boele kwa gae ka kagiso!’ ”

17 Ke fa kgosi ya Iseraele e raya Josafate e re: “A ga ke a go bolelela gore Miga ga a bolelele pele tse di molemo ka ga me fa e se tse di bosula fela.”

18 Miga a ba a re: “Ka moo utlwang lefoko laMorena. Ke bonyeMorenaa dutse mo sedulong sa gagwe sa bogosi le mephato yotlhe ya legodimo e eme mo ntlheng ya le le jang la gagwe le mo ntlheng ya la molema.

19 Morenaa re: ‘Ke mang yo o tla tsietsang Ahabe kgosi ya Iseraele gore a bolole, a tle a swele kwa Ramothe kwa Gileate?’ Mongwe a bua jaana, yo mongwe a bua ka go sele.

20 Ga tlhagelela mowa wa ema fa pele gaMorenawa re: ‘Ke nna ke tla mo tsietsang.’ MmeMorenaa o botsa a re: ‘Ka eng?’

21 Wa re: ‘Ke tla bolola go ya go nna mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe ba gagwe.’Morenaa re: ‘O tla mo tsietsa, le gona o tla mo kgona. Tsamaya o dire jalo.’

22 “Jaanong he, bona,Morenao tsentse mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe bao ba gago, mme totaMorenao buile tsa tatlhego ka ga gago.”

23 Ke fa Setekia morwa Kenana a atamela a faphola Miga mo lesameng a re: “Mowa waMorenao ntlogetse jang, wa bua nao?”

24 Miga a araba a re: “O tla bona ka letsatsi leo o tla tsenang ntlo le ntlwana ka lone go batla maiphitlho.”

25 Mme kgosi ya Iseraele ya re: “Tshwarang Miga, lo mmusetse kwa go Amone molaodi wa motse le kwa go Joase morwa kgosi,

26 lo re: ‘Kgosi e buile jaana ya re: Tsenyang yo mo ntlong ya kgolegelo, a jele bogobe tlase le metsi a se ka a mo lekana go fitlhelela ke boe ka kagiso.’ ”

27 Mme Miga a re: “Fa o ka boa tota ka kagiso,Morenao tla bo a sa bua ka nna.” A ba a re: “Utlwang, lona merafe yotlhe!”

Loso lwa ga Ahabe

28 Jaanong kgosi ya Iseraele le Josafate kgosi ya Juta tsa bololela Ramothe kwa Gileate.

29 Mme kgosi ya Iseraele ya raya Josafate ya re: “Ke tla ba itimetsa, ke tsena jalo mo tlhabanong, wena o nne o ntse o apere diaparo tsa gago tsa bogosi.” Kgosi ya Iseraele ya apara diaparo di sele. Ba tsena jalo mo tlhabanong.

30 Mme kgosi ya Siria e ne e laetse balaodi ba dikoloi tsa ntwa tsa yona ya re: “Lo se ka lwa tlhabana le ope yo monnye gongwe yo mogolo, fa e se le kgosi ya Iseraele e le yosi fela.”

31 Jaanong e rile balaodi ba dikoloi ba bona Josafate, ba re: “Ahee, ke ene kgosi ya Iseraele!” Mme ba mo dikanyetsa go tlhabana nae. Ke fa Josafate a goa, mmeMorenaa mo thusa, Modimo wa ba tlakisa go mo tlogela.

32 Ya re balaodi ba dikoloi ba lemoga gore ga se ene kgosi ya Iseraele, ba boa ba mo tlogela.

33 Mme monna mongwe a gagamatsa bora, a hula fela ka phopholetso, a tlhaba kgosi ya Iseraele fa makopanong a diaparo tsa tshipi. Ke fa kgosi e raya mokgweeletsi wa yona e re: “Sokolola koloi, o nntshe mo tlhabanong, gonne ke khutlegile.”

34 Jaanong ya re tlhabano e gakala ka letsatsi leo, kgosi ya Iseraele ya bo e eme ka go itshoka mo koloing e lebaganye le Basiria go ya maitsiboeng, mme ya swa, fa letsatsi le phirima.