2 DITIRAFALO 19

Moporofeti Jehu o kgalemela kopano ya ga Josafate le Ahabe

1 Mme Josafate kgosi ya Juta a boela gae kwa Jerusalema ka kagiso.

2 Ke fa mmoni Jehu morwa Hanani a mo kgatlhantsha, a raya kgosi Josafate a re: “A ke tshwanelo go thusa moikepi? A o rata ba ba tlhoilengMorena? Ke ka moo bogale jwaMorenabo go tukelang.

3 Le gale tse di siameng di fitlhetswe mo go wena, ka o nyeleditse medimako ya Ašera mo lefatsheng, wa ela tlhoko go batla Modimo.”

Dintšhwafatso tsa ga Josafate

4 Mme Josafate a nna kwa Jerusalema. A boela a tswela kwa bathong, a simolola kwa Bereseba go ya go fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime, a ba busetsa kwaMoreneng, Modimo wa borraabo.

5 A ba a tlhoma baatlhodi mo lefatsheng mo metseng yotlhe ya Juta e e femetsweng.

6 A ba a laela baatlhodi a re: “Elang tlhoko se lo se dirang. Gonne ga lo baatlhodi go direla batho, mme e le go direlaMorena; e bile o na le lona mo ditshekong.

7 Jaanong he, lo nne ba ba boifangMorena, lo dire ka tlhokomelo; gonne moMoreneng, Modimo wa rona, ga go na tshiamololo le e seng go gobelelela motho le e seng go tshola thelesetso.”

8 Le mo Jerusalema Josafate a tlhoma bangwe ba Balefi le ba baperesiti le ba ditlhogo tsa dikgoro tsa Baiseraele go emela tshiamo yaMorenale go seka dikgang tsa baagi ba Jerusalema.

9 A ba a ba laela a re: “Dirang jaana ka go boifaMorenale ka boikanyego le ka pelo yotlhe:

10 Tshekong nngwe le nngwe e e tlisiwang kwa go lona e tswa kwa go ba ga lona ba ba agileng kwa metseng ya bone, le fa e le ya polao gongwe ya molao le taolo gongwe ya ditshwanelo le ditshiamelo, lo ba tlhagise, e se re gongwe ba itsenya mo molatong fa pele gaMorena, mme bogale jwa tla, jwa lo betsa le ba ga lona. Dirang jalo; foo ga lo kitla lo nna molato.

11 Mme bonang, Amaria moperesiti yo mogolo o tla lo okamela mo dilong tsotlhe tsaMorenale Sebatya morwa Isemaele, moetapele wa lotso lwa Juta, mo dilong tsotlhe tsa kgosi. Mme Balefi ba tla lo direla e le bakwaledi. Emang senna, lo tshware tiro. AMorenaa nne le yo o siameng!”