1 Mme Josafate a robala le borraagwe, a ba a fitlhwa fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita, mme Jorame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
Kgosi Jorame wa Juta
2 O ne a na le bomonnawe bomorwa Josafate, e bong Asaria le Jehiele le Sagaria le Asariahu le Migaele le Sefatya; botlhe bao e le bomorwa Josafate kgosi ya Juta.
3 Mme rraabo o ne a ba neile dineo tse dintsi tsa selefera le gouta le dilo tse di tlhokegang mmogo le metse e e femetsweng mo Juta, mme bogosi o bo neile Jorame, ka e le ene yo mogolo.
4 Fela e rile Jorame a sena go tsena mo bogosing jwa ga rraagwe le go itiisa, a bolaya bomonnawe botlhe ka tšhaka le bangwe ba dikgosana tsa Iseraele.
5 Jorame o ne a le dinyaga di le 32, fa a simolola go busa; a busa dinyaga di le robedi kwa Jerusalema.
6 A sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele jaaka go ne go dira ba lapa la ga Ahabe; gonne morwadia Ahabe e ne e le mosadi wa gagwe. A dira tse di bosula mo matlhong aMorena.
7 MmeMorenaa bo a sa rate go senya ntlo ya ga Dafita ka ntlha ya kgolagano e o kileng a e dira le Dafita le jaaka a ne a mo solofeditse go naya ene le bomorwawe lobone ka metlha yotlhe.
8 Mo metlheng ya gagwe Baetomo ba ikepa mo pusong ya Juta, ba itlhomela kgosi ya bone.
9 Ke fa Jorame a tshelela kwa moseja a na le balaodi ba gagwe le dikoloi tsotlhe tsa ntwa. Mme a tsoga bosigo, a sutlha mo go Baetomo ba ba mo tsentseng gare, a falola a na le balaodi ba dikoloi.
10 Ka mokgwa oo Baetomo ba ikepa mo pusong ya Juta go fitlha letsatsing la kajeno. Foo ka sebaka seo ga ikepa le motse wa Lebena, wa tswa mo pusong ya gagwe; gonne o ne a tlogetseMorena, Modimo wa borraagwe.
11 Le gona Jorame a dira dithota tsa tlhabelo mo dithabeng tsa Juta, a dirisa baagi ba Jerusalema boaka,a timetsa Bajuta jalo.
12 Ke fa go tla lokwalo kwa go ene lo tswa kwa go moporofeti Elia lo re: “Morena, Modimo wa ga Dafita rraago, o bua jaana a re: ‘E re ka o se ka wa sepela mo ditseleng tsa ga Josafate rraago le e seng mo ditseleng tsa ga Asa kgosi ya Juta,
13 mme o sepetse mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, wa dirisa Bajuta le baagi ba Jerusalema boaka jaaka go akafala ba lapa la ga Ahabe; o bile o bolaile bomonnao ba lapa la ga rrago ba ba neng ba siame bogolo go wena –
14 bona, ka mooMorenao tla betsa morafe wa gago le bomorwao le basadi ba gago le di-tsa-gago tsotlhe ka petso e kgolo.
15 Mme wena ka wesi o tla bolawa ke bolwetse jo bo setlhogo, e bong bolwetse jwa mala a gago go fitlhelela mala a gago a be a tswele kwa ntle ka bolwetse jwa malatsi a mantsi.’ ”
16 Morenaa dira jalo, a tsosetsa Jorame bogale jwa Bafelesita le jwa Baarabia ba ba bapileng le Baethiopia.
17 Ba bololela naga ya Juta, ba e thopa, ba tlosa dithoto tsotlhe tse di neng di bonwa mo ntlong ya kgosi le bomorwaa-yona le basadi ba yona, ya se ka ya salelwa ke morwa fa e se Joahaseyo mmotlana wa bomorwaa-yona.
18 Morago ga tsotlhe tseoMorenaa mmetsa mo maleng a gagwe ka bolwetse jo bo se nang kalafo.
19 Mme ya re malatsi a mantsi, e bong dinyaga tse pedi di sena go feta, mala a gagwe a tswela kwa ntle ka bolwetse jwa gagwe, a ba a swela matlhokong a magolo. Mme morafe wa gagwe wa se ka wa mo tshubela maswalo jaaka ba a tshubetse borraagwe.
20 O ne a le dinyaga di le 32 fa a simolola go busa; a busa dinyaga di le robedi kwa Jerusalema. A tlhokafala, mme go se na ope yo o mo hutsafaletseng, a ba a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme e seng mo mabitleng a dikgosi.