2 DITIRAFALO 22

Kgosi Ahasia wa Juta

1 Ke fa baagi ba Jerusalema ba dira Ahasia morwawe yo mmotlana kgosi mo boemong jwa gagwe. Gonne bomogolowe ba ne ba bolailwe botlhe ke lekoko le le tsenyeng le Baarabia mo bothibelelong. Ahasia morwa Jorame kgosi ya Juta a simolola jalo go busa.

2 Ahasia o ne a le dinyaga di le 22, fa a nna kgosi; a busa ngwaga o le mongwe fela kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Athalea morwadia Ahabe morwa Omeri.

3 Le ene a sepela mo ditseleng tsa lelapa la ga Ahabe; gonne mmaagwe e ne e le ene yo o mo gakololang go dira tsa boikepo.

4 A dira tse di bosula mo matlhong aMorenajaaka ba lelapa la ga Ahabe; gonne e ne e le bone bagakolodi ba gagwe morago ga loso lwa ga rraagwe, mme e le tshenyego ya gagwe.

5 Le gona e ne e le ka fa kgakololong ya bone, fa a bolola le Jorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele go tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria kwa Ramothe wa Gileate; mme Basiria ba khutla Jorame.

6 Ke fa a boa go alafiwa dintho kwa Iserele tse o di ntshitsweng kwa Ramothe, fa a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria. Mme Ahasia morwa Jorame kgosi ya Juta a ya go lekola Jorame morwa Ahabe kwa Iserele, ka a ne a lwala.

7 Mme e ne e le tatlhego ya ga Ahasia e e tswang mo Modimong, fa a ya kwa go Jorame. Kana ya re a fitlha, a bolola le Jorame, ba ya kwa go Jehu morwa Nimesi yoMorenao neng a mo tloleditse gore a nyeletse ba lapa la ga Ahabe.

8 Jaanong ya re Jehu a betsa ba lapa la ga Ahabe, a fitlhela dikgosana tsa Juta le bana ba bomogoloa Ahasia ba ba direlang Ahasia, mme a ba bolaya.

9 A ba a batla Ahasia, mme ba mo tshwara a ntse a iphitlhile kwa Samaria, ba mo isa kwa go Jehu, ba mmolaya, ba mo fitlha, gonne ba re: “Ke morwa Josafate yo o neng a batlaMorenaka pelo yotlhe.” Mme go ne go se na ope mo lapeng la ga Ahasia yo o nonofetseng bogosi.

Puso e e setlhogo ya ga Athalea mma-kgosi

10 Mme e rile Athalea mmaagwe Ahasia a bona morwawe a sule, a nanoga, a nyeletsa botlhe ba losika lwa bogosi jwa Bajuta.

11 Fela Jošabathe morwadia kgosi Jorame a tsaya Joase morwa Ahasia, a mo utswa mo gare ga bana ba kgosi ba ba tla bolawang, a mo tsenya le mmelegi wa gagwe mo ntlwaneng ya malao. Jošabathe morwadia kgosi Jorame mosadi wa ga Joyata moperesiti, – kana ene e ne e le kgaitsadia Ahasia – a mo subela Athalea jalo, mo a bileng a palelwa ke go mmolaya.

12 Joase a nna nabo mo Ntlong ya Modimo a fitlhilwe dinyaga di le thataro, Athalea a ntse a busa lefatshe.