Kgosi Hesekia wa Juta
1 Hesekia o ne a nna kgosi a le dinyaga di le 25, a busa dinyaga di le 29 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Abia morwadia Sagaria.
2 A dira tse di siameng mo matlhong aMorenafela jaaka go dirile Dafita rraagwe mogolwagolwane.
Tempele e a itshepisiwa
3 Ene a bula ditswalo tsa Ntlo yaMorenaka ngwaga wa ntlha wa puso ya gagwe kgweding ya ntlha, a ba a di baakanya.
4 A ba a bitsa baperesiti le Balefi, a ba kgobokanya mo patlelong ya botlhabatsatsi ya Tempele;
5 a ba laela a re: “Nkutlweng, lona Balefi. Iitshepiseng jaanong, lo bo lo itshepise Ntlo yaMorena, Modimo wa borraeno, lo ntshe maila mo Felong-ga-Boitshepo.
6 Gonne borraetsho ba dirile ka boikanyologo, ba dira tse di bosula mo matlhong aMorena, Modimo wa rona, ba o tlogela, ba faposa difatlhego tsa bona mo Boagong jwaMorena, ba bo hularela.
7 Le gona ba tswetse ditswalo tsa matseno, ba tima dipone, ba se ka ba tshuba maswalo le e seng go direla Modimo wa Iseraele ditlhabelo tsa phiso mo Felong-ga-Boitshepo.
8 Ke ka moo ba Juta le Jerusalema ba wetsweng ke kgalefo yaMorena, mme a ba neela go direlwa setlhogo le go nna theregiso le kotso jaaka lo bona ka matlho.
9 Bonang, borraetsho ba ole ka tšhaka, mme bomorwaa-rona le bomorwadia-rona le basadi ba rona ba kwa botshwarong ka ntlha ya tseo.
10 “Jaanong ke ikaeletse go dira kgolagano leMorena, Modimo wa Iseraele, gore molelo wa bogale jwa gagwe o re timele.
11 Jaanong bomorwaaka, lo se ka lwa nna ditshwakga. GonneMorenao lo tlhophile gore lo eme fa pele ga gagwe, lo mo direle, lo nne badiredi ba gagwe, lo tshube maswalo.”
12 Ke fa Balefi ba nanoga, e bong Mahathe morwa Amasai le Joele morwa Asaria, e le ba losika lwa ga Kahathe; le Khiše morwa Abedi le Asaria morwa Jehalelele, e le ba losika lwa ga Merari; le Joa morwa Sima le Etene morwa Joa, e le ba losika lwa ga Geresone;
13 le Simeri le Jehiele ba losika lwa ga Elisafane le Sagaria le Mathanya ba losika lwa ga Asafe;
14 le Jehiele le Simei ba losika lwa ga Hemane, le Semaya le Usiele ba losika lwa ga Jeduthune.
15 Ba be ba phutha ba ga bone, ba iitshepisa, ba tloga ba tsena go phepafatsa Ntlo yaMorenaka fa taelong ya kgosi e e utlwanang le mafoko aMorena.
16 Baperesiti ba tsena mo teng ga Ntlo yaMorenago e phepafatsa, mme tsotlhe tse di sa itshekang tse ba di fitlhelang mo Tempeleng yaMorena, ba di ntshetsa kwa lapeng la Ntlo yaMorena, mme Balefi ba di tsaya, ba di isa kwa nokaneng ya Kiterone.
17 Ba simolola ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha go itshepisa lelapa, mme ka letsatsi la robedi la kgwedi ba fitlha mathuding aMorena; ba feta ba itshepisa Ntlo yaMorenaka malatsi a robedi, ba fetsa ka letsatsi la 16 la kgwedi ya ntlha.
Tempele e bulwa gape
18 Jaanong ba tsena kwa go kgosi Hesekia ba re: “Re phepafaditse Ntlo yotlhe yaMorenale aletare ya ditlhabelo tsa phiso le didiri tsotlhe tsa yona le tafole ya dinkgwe tsa tshupo le didiri tsotlhe tsa yona.
19 Le didiri tsotlhe tse kgosi Ahase o neng a di itshepolola sebakeng sa puso ya gagwe ka boikanyologo jwa gagwe re di baakantse, ra di itshepisa, ke tsele fa pele ga aletare yaMorena.”
20 Ke fa kgosi Hesekia a phakela, a phutha dikgosana tsa motse, a tlhatlogela kwa Ntlong yaMorena.
21 Mme ba tlisa dipoo di supa le diphelehu di supa le dikwana di supa le diphoko di supa tsa setlhabelo sa boleo sa go ruanya bogosi le Felo-ga-Boitshepo le Juta. Jaanong kgosi ya laela bomorwa Arone baperesiti go di tlhabela mo aletareng yaMorena.
22 Ke fa ba tlhaba dipoo, mme baperesiti ba dibegeletsa madi, ba a kgatsha mo aletareng; ba be ba tlhaba diphelehu, ba kgatsha madi mo aletareng; ba be ba tlhaba dikwana, ba kgatsha madi mo aletareng.
23 Ya ba gona ba atametsang diphoko tsa setlhabelo sa boleo fa pele ga kgosi le phuthego, ba di baya diatla,
24 mme baperesiti ba di tlhaba, ba isa madi a tsona kwa aletareng e le setlhabelo sa boleo sa go batlela Baiseraele botlhe boitshwarelo; gonne kgosi e ne e laetse gore setlhabelo sa phiso le sa boleo di direlwe Baiseraele botlhe.
25 Ya ba ya emisa Balefi fa Ntlong yaMorenaba tshotse matlhao-a-mabogo le diharepa le dikwadi ka taelo ya ga Dafita le ya ga Gate mmoni wa kgosi le ya ga Nathane moporofeti; gonne taelo eo e ne e tswa kwaMorenengka baporofeti ba gagwe.
26 Balefi ba ema ba tshotse diletso tsa ga Dafita, baperesiti bone ba tshotse diphala.
27 Jaanong Hesekia a laela gore go dirwe setlhabelo sa phiso mo aletareng, mme ya re setlhabelo sa phiso se simologa, ga simologa le kopelo yaMorenale ya diphala, e opedisiwa ka diletso tsa ga Dafita kgosi ya Iseraele.
28 Phuthego yotlhe ya nna ya obamela le kopelo ya nna ya utlwala le diphala tsa nna tsa lela, ga dirwa tsotlhe tse ga tsamaya setlhabelo sa phiso sa fediwa.
29 Ya re setlhabelo sa phiso se sena go fediwa, kgosi ya khubama le botlhe ba ba nang nayo ba obamela.
30 Jaanong kgosi Hesekia le dikgosana tsa laela Balefi go bakaMorenaka mafoko a ga Dafita le a ga Asafe mmoni; mme ba baka ka boitumelo, ba be ba ikoba, ba obamela.
31 Hesekia a ba a simolola go bua le phuthego a re: “Jaanong lo ineetseMorena, atamelang he, lo tlise ditlhabelo tse di jewang le tsa pako kwa Ntlong yaMorena.” Mme phuthego ya tlisa ditlhabelo tse di jewang le tsa pako, le botlhe ba ba ratang ba tlisa ditlhabelo tse di fisiwang.
32 Palo ya ditlhabelo tsa phiso tse phuthego e neng e di tlisa e ne e le dikgomo di le 70 le diphelehu di le 100 le dikwana di le 200; tsotlhe tseo e le tsa ditlhabelo tse di fisediwangMorena.
33 Dineo tse di boitshepo e ne e le dikgomo di le 600 le difutshane di le 3 000.
34 Fela baperesiti ba ne ba sa lekane, ba sa kgone go bua diruiwa tsotlhe tsa ditlhabelo tsa phiso, mme ba thusiwa ke Balefi ba ga bone, ga tsamaya tiro ya ba ya fediwa, le go fitlhelela baperesiti ba be ba iitshepisa; gonne Balefi ba ne ba tlhoafaletse go iitshepisa bogolo go baperesiti.
35 Le gona go ne go le ditlhabelo tsa phiso ka bontsi mmogo le mamipi a ditlhabelo tsa tebogo le ditshupelo tsa noo tse di bapang le ditlhabelo tsa phiso. Tirelo ya Ntlo yaMorenaya rulaganngwa jalo gape.
36 Mme Hesekia a itumela le morafe otlhe ka ntlha ya tse Modimo o neng o di baakanyeditse morafe; ka gonne go ne go dirafetse ka pele.