Kago ya Tempele
1 Salomo a simolola go aga Ntlo yaMorenamo Jerusalema thabeng ya Moriya, kwaMorenao neng a iponaditse teng mo go Dafita rraagwe, mo felong fa Dafita o neng a go etleeditse mo seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi.
2 O ne a simolola go aga ka letsatsi la bobedi la kgwedi ya bobedi ya ngwaga wa bone wa puso ya gagwe.
3 E rile Salomo a simolola go aga Ntlo ya Modimo, a e thaya jaana: Boleele jwa nna mabogo a le 60 ka fa selekanyong sa pele, bophara jwa nna mabogo a le 20.
4 Matseno a a neng a le fa mojako boleele jwa ona jo bo tsamayang le bophara jwa Ntlo e le mabogo a le 20; bogodimo jwa ona e le mabogo a le 20; a a manega gouta e e sa pekwang ka mo teng.
5 Ntlo e kgoloa e manega dipati tsa mesiperese, a ba a e manega gouta e e sa pekwang; a dira ditshwantsho tsa mekolane le tsa dikeetane tsa dithunya mo go yona.
6 A ba a manega Ntlo ya Modimo majwana a a tlhokegang go e kgabisa. Gouta e ne e tswa kwa Pharwaime.
7 Le gona a manega Ntlo ya Modimo gouta, e bong ditlhomeso le direpodi le dipota tsa yona le ditswalo tsa yona; a seta boKerubime mo dipoteng.
8 A ba a dira Ntlo e e Boitshepo-jwa-Maitshepo; boleele jwa yona jo bo tsamayang le bophara jwa Tempele jwa nna mabogo a le 20, le bophara jwa yona jwa nna mabogo a le 20; a e manega gouta e e sa pekwang ya ditalente di le 600.
9 Bokete jwa dimapo e ne e le diĊĦekele di le 50 tsa gouta. Le matlwana a a kwa godimo a a manega gouta.
10 A ba a dira boKerubime ba le babedi mo Ntlong e e Boitshepo-jwa-Maitshepo, e le tiro ya botswerere, a ba manega gouta.
11 Boleele jwa diphuka tsa boKerubime e ne e le mabogo a soma mabedi mmogo; lofuka lwa mongwe lwa mabogo a le matlhano lo ama lobota lwa Ntlo ka fa, lofuka lo longwe lwa mabogo a matlhano lo amana le lofuka lwa Kerubime yo mongwe fa gare.
12 Lofuka lwa Kerubime yo mongwe lwa mabogo a matlhano le lone lo ama lobota lwa Ntlo ka fale; lofuka lo longwe lwa mabogo a matlhano lo kopana le lofuka lwa Kerubime yo mongwe fa gare.
13 Diphuka tseo tsa boKerubime tsa bo di tsharologile mabogo a le 20; ba bo ba eme ka dinao, ba lebisitse difatlhego kwa Ntlong.
14 A ba a dira lesire le masela a mabududu le a mahibidu a bofifadu le a mahibidu a madi le a masweu, a dira ditshwantsho tsa boKerubime mo go lone.
Maotwana a mabedi a kgotlho
15 A ba a dira maotwana a mabedi a boleele jwa mabogo a le 35 ntlheng ya botlhabatsatsi ya Ntlo ya Modimo; ditlhogo mo godimo ga ona, bogodimo jwa tsona e ne e le mabogo a le matlhano.
16 A ba a dira dikeetane jaaka sebaga, a di gokelela mo ditlhogong tsa maotwana; a ba a dira digaranata di le 100, a di gokelela mo dikeetaneng.
17 A ba a tlhoma maotwana fa mojakong wa Tempele, le lengwe ntlheng ya le le jang, le lengwe ntlheng ya la molema. Le le mo ntlheng ya le le jang a le bitsa Jagine,le le mo ntlheng ya la molema a le taya leina la Boase.