2 DITIRAFALO 30

Hesekia o dira moletlo o mogolo wa Paseka

1 Jaanong Hesekia a roma batho kwa Baiseraeleng le kwa Bajuteng botlhe, a ba a kwalela Baeferaime le Bamanase dikwalo gore ba tle kwa Ntlong yaMorenakwa Jerusalema go direlaMorena, Modimo wa Iseraele, Tlolaganyo.

2 Mme kgosi ya utlwana le dikgosana tsa yona le phuthego yotlhe e e mo Jerusalema gore ba dire Tlolaganyo ka kgwedi ya bobedi;

3 gonne ba ne ba paletswe ke go e dira ka nako ya teng, ka go ne go ise go iitshepise baperesiti ba ba lekanyeng le morafe o ise o phuthegele kwa Jerusalema.

4 Lefoko leo le ne le siame mo matlhong a kgosi le mo matlhong a phuthego yotlhe.

5 Ba be ba utlwana go tlhaba mokgosi mo Iseraeleng yotlhe go simolola kwa Bereseba go fitlha kwa Dane gore ba tle go direlaMorena, Modimo wa Iseraele, Tlolaganyo kwa Jerusalema; gonne ba ne ba ise ba ke ba e dire ka bontsi jaaka go kwadilwe mo molaong.

6 Batabogi ba ya kwa Baiseraeleng le Bajuteng botlhe ba tshotse dikwalo tse di tswang mo kgosing le mo dikgosaneng tsa yona, ba bua ka fa taelong ya kgosi ba re: “Lona Baiseraele, boelang kwaMoreneng, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Iseraele, gore a tle a boele kwa masaleleng a lona a a falotseng mo diatleng tsa dikgosi tsa Asiria.

7 Lo se ka lwa nna jaaka borraeno le ba ga lona ba ba neng ba leofelaMorena, Modimo wa borraabo, ka boikanyologo, mo a bileng a ba neela mo tatlhegong jaaka lo ntse lo bona.

8 Jaanong he, lo se ka lwa gagamatsa dithamo tsa lona jaaka borraeno, mme ineeleng moMoreneng, lo tle Felong-fa-go-Boitshepo ga gagwe fa a go itshepisitseng ka bosakhutleng, lo direleMorena, Modimo wa lona, gore bogale jwa gagwe bo khutle go lo tukela.

9 Gonne fa lo boelaMoreneng, foo ba ga lona le bana ba lona ba tla bona boutlwelo-botlhoko fa pele ga ba ba ba isitseng mo botshwarong, mo ba ka bang ba boela kwano lefatsheng leno; gonneMorena, Modimo wa lona, o boitshwarelo, o bopelotlhomogi, mme ga a ne a faposa sefatlhego mo go lona, fa lo boela kwa go ene.”

10 Mme ya re batabogi ba ya le metse ka tlhomagano ya yona mo nageng ya Baeferaime le ya Bamanase le go fitlha kwa go ya Basebulone, ba ba tshega, ba ba sotla.

11 Fela banna bangwe ba Baasere le Bamanase le Basebulone ba ikokobetsa, ba tla kwa Jerusalema.

12 Le gona seatla sa Modimo sa tla mo Bajuteng ka go ba naya pelo e le nngwe go dira se kgosi le dikgosana di se laetseng ka fa lefokong laMorena.

Moletlo wa Tlolaganyo

13 Batho ba bantsi ba phuthegela kwa Jerusalema go dira moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang ka kgwedi ya bobedi; ya nna phuthego e kgolo thata.

14 Ba feta ba nanoga ba tlosa dialetare di sele tse di neng di le mo Jerusalema; ba be ba tlosa dialetare tsa maswalo tsotlhe, ba di latlhela mo nokaneng ya Kiterone.

15 Jaanong ba tlhaba dikwana tsa Tlolaganyo ka kgwedi ya bobedi e le 14; ke fa baperesiti le Balefi ba tlhajwa ke ditlhong, mme ba itlhaganela go iitshepisa, ba be ba tlisa ditlhabelo tsa phiso kwa Ntlong yaMorena.

16 Ba ne ba eme mo mannong a bone jaaka ba tshwanetse ka fa molaong wa ga Moše, monna wa Modimo: Baperesiti ba tsaya madi mo diatleng tsa Balefi, ba a kgatsha.

17 Gonne go ne go le ba bantsi mo phuthegong ba ba neng ba sa iitshepisa; ka moo Balefi ba tlhabela botlhe ba ba sa itshekang dikwana tsa Tlolaganyo go di itshepisetsaMorena.

18 Gonne bontsi jwa morafe ba bantsi ba Baeferaime le Bamanase le Baisašare le Basebulone ba ne ba sa iitshekisa, mme ba ja Tlolaganyo e se ka fa go kwadilweng ka teng, mme Hesekia o ne a ba rapeletse a re: “AMorenayo o lorato a itshwarele

19 mongwe le mongwe yo o ikaeletseng go batla ModimoMorena, Modimo wa borraagwe, le fa e se ka fa boitshekong jwa Felo-fa-go-Boitshepo.”

20 MmeMorenaa utlwa Hesekia, a itshwarela morafe boitshekologo joo.

21 Baiseraele ba ba neng ba le teng mo Jerusalema ba dira moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa ka boitumelo jo bogolo; Balefi le baperesiti ba nna ba bakaMorenaka letsatsi le letsatsi ka diletso tse di utlwalang thata tsaMorena.

22 Mme Hesekia a bua ka botsalano le Balefi botlhe ba ba itshupileng ba le maatlametlo tirelong yaMorena; mme ba ja moletlo malatsi a supa ba ntse ba dira ditlhabelo tsa tebogo, ba ipolela gore ke baMorena, Modimo wa borraabo.

Moletlo o tshwarwa sa bobedi

23 Jaanong phuthego yotlhe ya utlwana go dira moletlo malatsi a supa a mangwe gape; ba be ba o dira malatsi a supa ka boitumelo.

24 Gonne Hesekia, kgosi ya Juta, o ne a ntsheditse phuthego ya Modimo dipoo di le 1 000 le difutshane di le 7 000; dikgosana tsona tsa ntshetsa phuthego ya Modimo dipoo di le 100 le difutshane di le 10 000, mme baperesiti ba iitshepisa ka bontsi.

25 Ga itumela phuthego yotlhe ya Bajuta le baperesiti le Balefi le phuthego yotlhe e e tlileng ya Iseraele mmogo le baeng ba ba tlileng ba tswa lefatsheng la Iseraele le ba ba agileng mo Juta.

26 Ga nna boitumelo jo bogolo kwa Jerusalema; gonne go tloga metlheng ya ga Salomo, morwa Dafita kgosi ya Iseraele, go ne go ise go ke go nne moletlo o o ntseng jalo kwa Jerusalema.

27 Mme baperesiti le Balefi ba nanoga ba tshegofatsa morafe. Mme mantswe a bone a utlwiwa le thapelo ya bone ya fitlha kwa boagong jo bo boitshepo jwa Modimo kwa legodimong.