2 DITIRAFALO 31

Hesekia o ntšhwafatsa Tirelo-Modimo

1 E rile tsotlhe tseo di sena go wediwa Baiseraele botlhe ba ba neng ba le teng ba bolola ba ya kwa metseng ya Juta, ba thubaganya majwe a a motloutlo, ba rema medimako ya Ašera, ba diga dithota tsa tlhabelo le dialetare mo nageng yotlhe ya Juta le Benyamene le Eferaime le Manase, ga tsamaya ba di nyeletsa. Ya ba gona Baiseraele botlhe ba boelang kwa metseng ya bone, mongwe le mongwe a ya legaeng la gagwe.

2 Jaanong Hesekia a rulaganya ditlhopha tsa baperesiti le Balefi ka fa ditlhopheng tsa bone, mongwe le mongwe ka fa tirelong ya gagwe ya boperesiti gongwe ya bolefi mo ditlhabelong tsa phiso gongwe tsa tebogo le go direla le go leboga le go baka mo dikgorong tsa bothibelelo jwaMorena.

3 Kabelo ya kgosi e e tswang mo leruong la yona e ne e le ya ditlhabelo tsa phiso tsa meso le tsa mantsiboa le tsa boSabata le tsa dingwedi tse di rogilweng le tsa meletlo jaaka go kwadilwe mo molaong waMorena.

4 Kgosi ya laela morafe le baagi ba Jerusalema go ntsha kabelo ya baperesiti le Balefi gore ba tle ba tie mo tirelong yaMorena.

5 E rile taelo e e utlwala, Baiseraele ba tlisa mabutswapele a mantsi a mabele le a matute a moweine le a lookwane le a mafura a dinotshe le a thobo yotlhe ya masimo, ba be ba tlisa kabelo ya some ka bontsi.

6 Baiseraele le Bajuta ba ba neng ba agile mo metseng ya Juta le bone ba tlisa kabelo ya some ya dikgomo le ya difutshane le kabelo ya some ya dineo tse di boitshepo tse di itshepiseditswengMorena, Modimo wa bone, ba di baya mekoakoa.

7 Ka kgwedi ya boraro ba simolola go di tlhatlaganya mekoa, ba fetsa ka kgwedi ya bosupa.

8 Ya re Hesekia le dikgosana ba tla, ba bona mekoa eo, ba bakaMorenale morafe wa gagwe wa Iseraele.

9 Ya re Hesekia a botsolotsa baperesiti le Balefi ka ga mekoa eo,

10 Asaria, moperesiti yo mogolo wa losika lwa ga Satoke, a mo araba a re: “E sa le batho ba simolola go tlisa lekgetho le kwano Ntlong yaMorenare ntse re ja, re kgora, re sadisa tse dintsi; gonneMorenao tshegofaditse morafe wa gagwe, mo re bileng ra sadisa bontsi jo.”

11 Ke fa Hesekia a laela go baakanya matlwana ka fa Ntlong yaMorena, mme ba a baakanya,

12 ba tsenya lekgetho le, le kabelo ya some le dineo tse di boitshepo mo go ona ka boikanyego. Mookamedi yo mogolo wa tsona e ne e le Konanya wa Molefi, a tlhomagannwa ke Simei, monnawe;

13 mme Jehiele le Asasia le Nahathe le Asahele le Jerimothe le Josabate le Eliele le Isemagia le Mahathe le Benaya e ne e le balebedi ba ba thusang Konanya le Simei, monnawe, ka taelo ya ga Hesekia, kgosi, le ya ga Asaria, moperesiti yo mogolo Ntlong ya Modimo.

14 Mme Kore, morwa Imena wa Molefi modisa wa kgoro ya botlhabatsatsi, e ne e le mookamedi wa dineo tsa Modimo tsa bopelotshweu; a na le go aba lekgetho laMorenale dineo tse di boitshepotshepo.

15 Bathusi ba gagwe e ne e le Etene le Minyamine le Jesua le Semaya le Amaria le Seganya; e ne e le bone ba ba abelang ba ga bone dikabelo tsa bone ka boikanyego mo metseng ya baperesiti ka fa ditlhopheng tsa bone, ba bagolo le ba bannye,

16 e bong ba batonanyana go simolola ka basimanyana ba dinyaga di le tharo le bomogoloa-bone le botlhe ba ba yang kwa Ntlong yaMorenaka fa go batlegang letsatsi lengwe le lengwe ka teng gore ba dire tsa tirelo ya bone ka fa ditshwanelong tsa bone ka go amogana ga bone; fela ba na le go kwalwa mo lokwalong lwa losika.

17 Baperesiti ba ne ba kwalwa mo lokwalong lwa losika ka fa malapeng a bone, mme Balefi go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone bone ba kwalwa ka fa ditshwanelong tsa bone le ditlhopheng tsa bone.

18 Baperesiti ba ne ba na le go kwalwa mo lokwalong lwa losika mmogo le bana botlhe ba bone le basadi ba bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone, lelapa lotlhe; gonne ba ne ba iitshepisa go dira tsa Felo-fa-go-Boitshepo ka boikanyego.

19 Le gona ba losika lwa ga Arone, e bong baperesiti ba ne ba beetswe banna ba ba boletsweng ka maina mo nageng ya mafulo a metse ya bone mo motseng mongwe le mongwe gore ba abele ba batonanyana botlhe ba baperesiti le Balefi botlhe ba ba kwadilweng mo lokwalong lwa losika dikabelo tsa bone.

20 Hesekia a dira tse di ntseng jalo mo nageng yotlhe ya Juta, a dira tse di siameng tse di tlhamaletseng tsa nnete fa pele gaMorena, Modimo wa gagwe.

21 Tiro nngwe le nngwe e o neng a e simolola kwa tirelong ya Ntlo ya Modimo ka fa molaong le ka fa taelong go batla Modimo wa gagwe, a e dira ka pelo yotlhe, a e fetsa ka lesego.