2 DITIRAFALO 34

Kgosi Josia wa Juta

1 Josia o ne a le dinyaga di le robedi, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le 31 kwa Jerusalema.

2 A dira tse di siameng mo matlhong aMorena, a sepela mo ditseleng tsa ga Dafita rraagwe mogolwagolwane; a se ka a fapogela ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema.

Josia o tlosa tirelo-medimo ya diseto

3 A simolola go batla Modimo wa ga Dafita rraagwe mogolwagolwane ka ngwaga wa robedi wa puso ya gagwe a sa le lekau, mme ka ngwaga wa 12 wa yona a simolola go phepafatsa Juta le Jerusalema, a tlosa dithota tsa tlhabelo le medimako ya Ašera le medimo ya diseto le e e bopilweng.

4 Ba diga dialetare tsa boBaale a ntse a lebile, a ba a rema majwe a a motloutlo a letsatsi a a neng a le mo godimo ga tsona, a ba a thubaganya medimako ya Ašera le medimo ya diseto le e bopilweng, a e pšhwetlakanya ya nna lerole, a ba a le gasetsa mo diphupung tsa ba ba neng ba e tlhabela.

5 A ba a fisa marapo a baperesiti mo dialetareng tsa bone, a itshekisa Juta le Jerusalema jalo.

6 A ba a dira jalo le kwa metseng ya Bamanase le Baeferaime le Basimeone le go fitlha kwa go Banafetale mo maropeng a bone tikologong.

7 A diga dialetare, a thubaganya medimako ya Ašera le medimo ya diseto, a e pšhwetlakanya ya nna lerole; a ba a rema majwe a a motloutlo a letsatsi otlhe mo lefatsheng lotlhe la Iseraele, a ba a boela kwa Jerusalema.

Lokwalo lwa Molao lo a bonwa

8 Mme ka ngwaga wa 18 wa puso ya gagwe, fa a sena go itshekisa lefatshe le Ntlo ya Modimo, a roma Safane, morwa Asalea, le Maaseya, molaodi wa motse, le Joa morwa Joahase seatla sa kgosi go baakanya Ntlo yaMorena, Modimo wa gagwe.

9 Ba ya kwa go Hilekia, moperesiti yo mogolo, ba neelwa madi a a neng a tlisitswe kwa Ntlong ya Modimo, a phuthilwe ke Balefi, badisa ba mojako, a ntshitswe ke Bamanase le Baeferaime le masalela otlhe a Iseraele le Bajuta botlhe le Babenyamene le baagi ba Jerusalema;

10 ba a neela mo diatleng tsa baokamedi ba tiro kwa Ntlong yaMorena; bone ba a neela badiri ba tiro ba ba dirang kwa Ntlong yaMorenago thiba diphatlha le go baakanya Ntlo ya Modimo;

11 ba a neela babetli le baagi gore ba reke majwe a a betlilweng le dikgong tsa mabalelo le tsa go tlhomesa Tempele e dikgosi tsa Juta di neng di e lesitse ya onala.

12 Mme banna ba dira tiro ka boikanyego. Baokamedi ba bone e ne e le Jahathe le Obatya, Balefi ba losika lwa ga Merari; le Sagaria le Mesulame, ba losika lwa ga Kahathe, go tsamaisa tiro. Mme Balefi ba ba neng ba itse diletso tsa kopelo botlhe

13 ba ne ba okametse barwadi ba merwalo, ba laola badiri botlhe ba tiro tirelong nngwe le nngwe. Bangwe ba Balefi e ne e le bakwaledi le badiri ba ntlo ya lekgotla le badisa ba kgoro.

14 Jaanong e rile ba ntsha madi a a neng a tlisitswe kwa Ntlong yaMorena, Hilekia moperesiti a bona lokwalo lwa molao waMorenalo lo kwadilweng ke Moše.

15 Hilekia a ba a bolelela Safane mokwaledi a re: “Ke bonye lokwalo lwa molao mo Ntlong yaMorena,” a ba a lo mo neela.

16 Safane a isa lokwalo loo kwa kgosing; le gona a busetsa kgosi lefoko le le reng: “Tsotlhe tse di neetsweng mo diatleng tsa batlhanka ba gago ba a di dira.

17 Ba tsholotse madi a a fitlhetsweng kwa Ntlong yaMorena, ba a neela mo diatleng tsa ba ba beilweng baokamedi le mo diatleng tsa badiri ba tiro.”

18 Safane mokwaledi a ba a begela kgosi a re: “Hilekia moperesiti o nneetse lokwalo”; a ba a lo buisetsa kgosi.

19 Ya re kgosi e utlwa mafoko a molao, ya ikgagola diaparo.

20 Kgosi ya ba ya laela Hilekia le Ahikame morwa Safane le Abetone morwa Miga le Safane mokwaledi le Asaya motlhanka wa kgosi ya re:

21 “Yaang lo mpoletseMorena, nna le masalela a Iseraele le Juta, ka ntlha ya mafoko a lokwalo lo lo bonyweng; gonne bogale jwaMorenabo bogolo jo bo re tukelang, ka borraetsho ba se ka ba tshegetsa lefoko laMorenaka go dira fela jaaka go kwadilwe mo lokwalong loo.”

22 Ke fa Hilekia le ba ba romilweng ke kgosi ba ya kwa go Huleta moporofeti wa sesadi, mosadi wa ga Sadume morwa Thokgathe morwa Hasera mmoloki wa diaparo. Huleta ene e na a agile mo Motseng-o-mošwa mo Jerusalema, mme ba mmotsa jalo.

23 Huleta a ba araba a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana wa re: ‘Rayang monna yole yo o lo romileng kwano go nna lo re:

24 Morenao bua jaana a re: Bona, ke tla tsisa tatlhego mo felong fano le mo baaging ba gona, e bong dikhutso tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lo ba lo buiseditseng kgosi ya Juta.

25 Ke ka gonne ba ntlogetse ba fisetsa medimo e sele maswalo, e le gore ba nkgalefise ka ditiro tsotlhe tsa diatla tsa bone; ka moo bogale jwa me bo tla tukela felo fano, mme ga bo kitla bo tima.

26 Mme kgosi ya Juta e e lo romileng go botsaMorena, lo e ree jaana lo re:Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Fa e le mafoko a o a utlwileng:

27 E re ka pelo ya gago e le boleta, mme o ikokobeditse fa pele ga Modimo, fa o utlwa mafoko a ona ka ga felo fano le ka ga baagi ba gona, le ka o ikokobeditse fa pele ga me, wa ikgagola diaparo, wa lela fa pele ga me, le nna ke go utlwile.Morenaa re jalo.

28 Bona, ke tla go phuthela kwa go borraago, mme o tla phuthelwa kwa lebitleng la gago ka kagiso, matlho a gago a sa bone tatlhego yotlhe e ke tla e tsisang mo felong fano le mo baaging ba gona.’ ” Mme ba busetsa kgosi karabo eo.

Josia o dira kgolagano ya go utlwa Morena

29 Jaanong kgosi ya roma batho ya phutha bagolo ba Juta le Jerusalema.

30 Kgosi ya ba ya tlhatlogela kwa Ntlong yaMorenae na le banna botlhe ba Juta le baagi ba Jerusalema le baperesiti le Balefi le morafe otlhe ba bagolo le ba bannye, mme mafoko otlhe a lokwalo lwa kgolagano lo lo neng lo bonywe mo Ntlong yaMorenaya a buisa mo ditsebeng tsa bone.

31 Kgosi ya ba ya ema mo felong ga yona, ya dira kgolagano fa pele gaMorena, ya ipofa go salaMorenamorago le go tshegetsa ditaelo tsa gagwe le ditshupo tsa gagwe le melao ya gagwe ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, e le go dirafatsa mafoko a kgolagano a a kwadilweng mo lokwalong loo.

32 Le gona ya tsenya botlhe ba ba neng ba le kwa Jerusalema le Babenyamene mo kgolaganong, mme baagi ba Jerusalema ba dira ka fa kgolaganong ya Modimo wa borraabo.

33 Josia a ba a tlosa maila otlhe mo dinageng tsotlhe tsa Baiseraele, a dira gore botlhe ba ba fitlhelwang mo Iseraeleng ba direlaMorena, Modimo wa bone; metlheng yotlhe ya gagwe ba se ka ba fapoga ka go se saleMorena, Modimo wa borraabo, morago.