2 PETORO 3

Ka ga go tla gape ga Morena

1 Baratwi, lokwalo loo e setse e le lwa bobedi lo ke lo lo kwalelang, ke ntse ke tsosa maikutlo a a phepa a lona ka kgakololo

2 gore lo gakologelwe mafoko a a sa leng a buiwa pele ke baporofeti ba ba boitshepo, le taolo ya Morena le Mopholosi, e lo e neetsweng ke baapostolo ba lona.

3 Itseng pele gore mo malatsing a bofelo go tla tla basotli ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone, ba sotla

4 ba re: “E kae, polelelopele ya go tla ga gagwe? Kana e sa le borara ba robala, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse fela jaaka mo tshimologong ya tlholego.”

5 Gonne ba itebaditse ka bomo gore magodimo a sa le a nna teng bogologolo, le gore lefatshe le le tswang mo metsing le ka thata ya metsi le dirilwe ka Lefoko la Modimo.

6 Ke ona a lefatshe la sebaka sele le senyegileng ka ona, e bong ka morwalela.

7 Mme magodimo a gompieno le lefatshe di boloketswe molelo ka Lefoko la ona, di beelwa letsatsi la katlholo le tshenyego ya batho ba ba ikepileng.

8 Baratwa, lo se ka lwa lebala selo se le sengwe sa go re: Mo Moreneng letsatsi le le lengwe le tshwana le sekete sa dinyaga, le sekete sa dinyaga se tshwana le letsatsi le le lengwe.

9 Morena ga a diegise polelelopele, jaaka bangwe ba kaya e le tiego; mme o pelotelele le lona, ka a sa rate gore bangwe ba latlhege, mme o rata gore botlhe ba sokologe.

10 Mme letsatsi la Morena le tla tla jaaka legodu bosigo, magodimo a tla fela ka lone ka modumo o mogolo; dilo tse lefatshe le bopilweng ka tsona di tla tuka, di nyelela; lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla šwa.

11 E re ka tsotlhe tseo di tla nyelela jalo, lo tshwanetse lwa nna batho ba tsamao e e boitshepo, ba poifo-Modimo bogolo jang ne,

12 lo lebeletse, lo bile lo rata go akofisa go tla ga letsatsi la Modimo le magodimo a tla šwang ka lone, a nyelela; tse lefatshe le bopilweng ka tsona di tla tuka, di gakologa ka mogote!

13 Mme re lebeletse magodimo a mašwa le lefatshe le lešwa ka fa tsholofetsong ya ona, mo tshiamo e agileng teng.

14 Ka ntlha ya moo, baratwa, a e re lo lebeletse dilo tseo, lo tlhoafale gore lo fitlhelwe fa pele ga one lo se na maswe, le fa e le molato, mme lo le mo kagisong.

15 Mme bopelotelele jwa Morena lo bo kaye e le pholoso, jaaka le ene Paulo, mokaulengwe yo o rategang wa rona a lo kwaletse ka fa botlhaleng jo a bo neilweng.

16 Go ntse jalo mo dikwalong tsotlhe tsa gagwe, fa a bua ka ga dilo tse; mo go tsona go na le dilo tse di thata go tlhaloganngwa, tse batho ba ba sa rutegang le ba ba bokoa ba di sokamisang, jaaka ba dira le ka dikwalo tse dingwe, ba itsisetsa tshenyego.

17 Jaanong lona, baratwi, e re ka lo itse dilo tse pele, itiseng gore lo se ka lwa faposiwa ke timelo ya baikepi, lwa wa mo tlhomamong ya lona.

18 Mme golang mo bopelotlhomoging le mo kitsong ya Morena wa rona Jesu Keresete Morepholosi. A kgalalelo e nne ya gagwe jaanong le go ya letsatsing la bosakhutleng!