2 SAMUELE 13

Amenone le Thamare

1 Morago ga moo ga dirafala tse: Abesalomo morwa Dafita o ne a na le kgaitsadie yo montle, leina la gagwe e le Thamare; mme Amenone morwa Dafita a mo rata.

2 Jaanong Amenone a tshwenyega, mo a bileng a lwala ka ntlha ya ga Thamare kgaitsadie. E bile Amenone a fitlhela go pala go mo dira sengwe, gonne e ne e le lekgarebe.

3 Mme Amenone a bo a na le tsala, leina la yona e le Jonatabe morwa Šimea, mogoloa Dafita. Jonatabe e ne e le monna yo o botlhale thata.

4 Ene a mmotsa a re: “Morwa kgosi, ke ka ntlha ya eng fa o tlhonya mo go kana moso mongwe le mongwe? A ga o ka ke wa mpolelela?” Amenone a mo araba a re: “Ke ka go re ke rata Thamare kgaitsadia Abesalomo morwa-rre.”

5 Mme Jonatabe a mo raya a re: “Robala mo bolaong jwa gago, o itwatse, mme e re rraago a tla go go lekola, o mo ree o re: ‘A Thamare kgaitsadiake a tle, a njese, a baakanye dijo fa pele ga me gore ke lebe, ke jele mo diatleng tsa gagwe.’ ”

6 Amenone a robala jalo, a itwatsa. Ya re kgosi e tla go mo lekola, Amenone a raya kgosi a re: “A Thamare kgaitsadiake a tle a bese dikuku tse di monate di le pedi fa pele ga me gore ke di jele mo diatleng tsa gagwe.”

7 Ke fa Dafita a roma motho kwa ntlong go raya Thamare a re: “A ko o ye kwa ntlong ya ga Amenone kgaitsadio, o mo direle dijo.”

8 Thamare a ya kwa ntlong ya ga Amenone kgaitsadie, ene a ntse a rapame, a feta a tsaya matlhabego, a duba bupe, a dira dikuku tse di monate fa pele ga gagwe, a ba a di besa.

9 A tlhatlola pane, a di mo tsholela; mme a gana go ja. Jaanong Amenone a re: “A botlhe ba tswe, ba tloge fa go nna.” Ba tswa botlhe, ba mo tlogela.

10 Jaanong Amenone a raya Thamare a re: “Tlisa dijo kwano mo kamoreng gore ke jele mo diatleng tsa gago.” Thamare a tsaya dikuku tse a di dirileng, a di isa mo kamoreng kwa go Amenone kgaitsadie.

11 Mme ya re a di mo atametsa gore a je, Amenone a mo tshwara a mo raya a re: “Robala le nna, kgaitsadiaka!”

12 Mme Thamare a mo raya a re: “Nnyaya, kgaitsadiaka, o se ka wa nkgatelela; gonne ga se mokgwa wa rona Baiseraele. O se ka wa dira bosilo jo bo ntseng jalo.

13 Nka tla ka isa ditlhong tsa me kae? Le wena o ka nna jaaka lesilo mo Baiseraeleng. Bogolo bua le kgosi. Kana ga e kitla e go ganela ka nna.”

14 Mme a se ka a utlwana nae; a mo gatelela, a mo tlotlolola, a mo robala.

15 Ke fa Amenone a simolola go mo ila ka kilo e kgolo thata. E bile kilo e a mo ilang ka yona ya feta lorato lo o neng a mo ratile ka lone, mme Amenone a mo raya a re: “Tsoga, o tsamae!”

16 Mme Thamare a mo raya a re: “Fa e le bosula jo bogolo joo jwa go nkoba, bo feta jo bongwe jo o bo dirileng mo go nna.” Mme a se ka a rata go mo reetsa.

17 A ba a bitsa motlhanka wa gagwe, a mo raya a re: “Ntshetsa motho yo kwa ntle, o mo tlose fa go nna, o tswale setswalo a sena go tswa.”

18 Thamare a bo a apere seaparo se seleele se se nang le mabogo, ka bomorwadia kgosi ba e leng makgarebe ba ne ba apara mesese e e jalo. Mme ya re motlhanka wa gagwe a sena go mo ntshetsa kwa ntle le go mo tswalela,

19 Thamare a itshela molora mo tlhogong, a gagola seaparo se se nang le mabogo se a se apereng, a ithwala megono, a tsamaya a bokolela.

20 Mme Abesalomo kgaitsadie a mmotsa a re: “A Amenone kgaitsadio o ne a nna nao? Mme jaanong, kgaitsadiaka, didimala, ke kgaitsadio. O se ka wa ela selo seo tlhoko.” Thamare a nna jalo mo ntlong ya ga Abesalomo kgaitsadie, a swetswe.

21 Ya re kgosi Dafita a utlwa tsotlhe tseo, a tuka bogale thata. Mme a se ka a utlwisa mowa wa ga Amenone morwawe botlhoko, gonne o ne a mo rata, ka e le morwawe yo mogolo.

22 Mme Abesalomo a se ka a bua sepe le Amenone, le fa e le tse di bosula gongwe tse di molemo, ka Abesalomo a ne a tlhoa Amenone ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go gatelela Thamare kgaitsadie.

Pusoloso ya ga Abesalomo

23 E rile dinyaga di le pedi di sena go feta, Abesalomo a dira letsema la go beola dinku kwa Baale-Hasore yo o bapileng le Eferaime; a ba a laletsa bana botlhe ba kgosi.

24 A ba a ya kwa kgosing, a ya a re: “A ko o bone, motlhanka wa gago o na le babeodi ba dinku. Ka thapelo, a kgosi le batlhanka ba yona ba ye le motlhanka wa gago.”

25 Mme kgosi ya fetola Abesalomo ya re: “Nnyaya tlhe morwaaka, a re se ka ra ya rotlhe gore re se go imele.” Mme a e rapela thata, fela ya se ka ya rata go tsamaya, mme ya mo tsamaisa sentle.

26 Ke fa Abesalomo a re: “Fa go sa nne jalo, ka thapelo a Amenone mogolole a ye le rona.” Mme kgosi ya mo fetola ya re: “A eleng le lona?”

27 Fela ya re Abesalomo a e rapela thata, ya laela Amenone le bana botlhe ba kgosi go ya nae. Mme Abesalomo a dira moletlo o o tshwanang le moletlo wa kgosi.

28 Mme Abesalomo o ne a laetse batlhanka ba gagwe a re: “Lo tle lo ele tlhoko, fa Amenone a sena go tlhapelwa, ke tla lo raya ke re: ‘Itayang Amenone!’ Foo lo mmolae! Lo se boife! Kana ke nna ke lo laetseng jalo. Tiang lo nne pelokgale.”

29 Batlhanka ba ga Abesalomo ba direla Amenone jaaka Abesalomo a ba laetse. Ke fa bana botlhe ba kgosi ba nanoga, ba palama meboulwe ya bone, ba tshaba.

30 Ya re ba le mo tseleng, mokgosi wa fitlha kwa go Dafita ga twe: “Abesalomo o bolaile bana botlhe ba kgosi. Ga go a sala ope wa bone.”

31 Foo kgosi ya nanoga ya ikgagola diaparo, ya namalala fa fatshe; le batlhanka botlhe ba yona ba ba emeng fa go yona ba ikgagola diaparo.

32 Ke fa Jonatabe morwa Šimea, mogoloa Dafita a simolola go bua a re: “A morena wa me a se gopole gore go bolailwe makau otlhe, e bong bomorwa kgosi; gonne go sule Amenone a le esi fela. Kana mo sefatlhegong sa ga Abesalomo go ne go bonala pusoloso go tloga ka letsatsi le Amenone a gateletseng Thamare kgaitsadie ka lone.

33 Jaanong he, a kgosi morena wa me a se gopole gore go sule bomorwa kgosi botlhe. Nnyaya, go sule Amenone a le esi fela.”

34 Mme Abesalomo a tshaba. Jaanong ya re lekau le e leng motlhodi le tsholetsa matlho le leba, la bona batho ba bantsi ba tsamaya ba tlhaga ka tsela e e fa morago ga lone fa thoko ga thaba.

35 Ke fa Jonatabe a raya kgosi a re: “Bona, bomorwa kgosi ba e tla. Go ntse jaaka motlhanka wa gago a buile.”

36 Mme ya re a sena go bua jalo, ba bona bomorwa kgosi ba tla, ba tlhatlosa mantswe, ba lela; kgosi le yona le batlhanka botlhe ba lela ka selelo se segolo thata.

37 Abesalomo ene o ne a tshabile, a ile kwa go Thalemai morwa Amihure, kgosi ya Kesure. Mme Dafita a hutsafalela morwawe ka malatsi otlhe ao.

38 Ya re Abesalomo a sena go tshabela kwa Kesure, a nna teng dinyaga di le tharo.

39 Mme mowa wa kgosi Dafita wa tlhologelelwa thata go ya kwa go Abesalomo; gonne o ne a khutlile go hutsafalela Amenone jaaka a sule.