Go fenngwa ga Abesalomo; o bolawa ke Joabe
1 Jaanong Dafita a bala batlhabani ba ba nang nae, a ba beela balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo.
2 Dafita a ba dira dikarolo di le tharo, karolo ya ntlha e laolwa ke Joabe, ya bobedi e laolwa ke Abisai morwa Seruya monnaa Joabe, ya boraro e laolwa ke Ithai wa Mogathe. Kgosi ya ba ya raya batlhabani ya re: “Ruri, le nna ke rata go bolola le lona.”
3 Mme batlhabani ba re: “O se ka wa bolola! Gonne fa re ka tshaba, ga ba ne ba re sala morago; le fa go ka swa bontlhanngwe jwa rona, ga ba ne ba re kgathalela. Mme wena o lekana le dikete di le some tsa rona. Ke ka moo go leng botoka, fa o ka iketleetsa go re thusa o le kwa motseng.”
4 Kgosi ya ba araba ya re: “Tse lo bonang di siame ke tla di dira.” Jaanong kgosi ya ema fa thoko ga kgoro, mme batlhabani botlhe ba bolola ka ditlhopha tsa makgolo le dikete.
5 Mme kgosi ya laela Joabe le Abisai le Ithai ya re: “Rekegelang lekau Abesalomo ka ntlha ya me.” Batho botlhe ba utlwa kgosi e laela balaodi botlhe ka ga Abesalomo.
6 Jaanong batlhabani ba bololela kwa nageng go kgatlhantsha Baiseraele, mme ntwa ya lwela mo sekgweng sa Eferaime.
7 Teng koo Baiseraele ba fenngwa ke batlhanka ba ga Dafita, ga nna polao e kgolo teng ka letsatsi leo, ga bolawa banna ba le dikete tse di soma mabedi.
8 Tlhabano ya nna ya anama mo nageng yotlhe eo, mme ba bantsi ba swela mo sekgweng go feta ba ba bolailweng ka tšhaka ka letsatsi leo.
9 Mme Abesalomo a rakana le batlhanka ba ga Dafita, a palame moulwe, mme moulwe wa huhumela ka fa tlase ga mongana o mogolo o o raraanyeng, mme tlhogo ya gagwe ya tshwarwa ke mongana, a lepelela fa gare ga legodimo le lefatshe. Moulwe o a neng a o palame wa fetela pele.
10 Ya re monna mongwe a bona jalo, a bolelela Joabe a re: “Bona, ke bonye Abesalomo a lepeletse mo monganeng.”
11 Joabe a fetola monna yo o mmolelelang a re: “Jaanong fa o mmonye jalo, ke ka ntlha ya eng fa o se ka wa mo digela fa fatshe, wa mmolaela teng foo? Nka bo ke go naya diselefera di le some le moitlamo o le mongwe.”
12 Mme monna yoo a raya Joabe a re: “Le fa nka bo ke filwe diselefera di le sekete mo diatleng, nka bo ke sa ntshetsa morwa kgosi letsogo; gonne kgosi e laetse wena le Abisai le Ithai mo ditsebeng tsa rona ya re: ‘Ntlhokomeleleng lekau Abesalomo.’
13 Gongwe fa nka bo ke mmolaile ka bolotsana, le wena o ka bo o ntswa; kana ga go na sepe se se ka lobelwang kgosi.”
14 Mme Joabe a re: “O se ka wa ntia ka tseo.” Ke fa a tsaya marumo a le mararo ka seatla, a ya a phololetsa pelo ya ga Abesalomo ka ona, a ntse a phela a akgega mo monganeng.
15 Jaanong makau a le some a a rweleng dibolai tsa ga Joabe a dikanyetsa Abesalomo a mo itaya a mo feleletsa.
16 Ya baa gona Joabe a letsang lonaka, mme batlhabani ba boa ba khutla go latelela Baiseraele; gonne Joabe o ne a rata go rekegela batho.
17 Ba tla ba tsaya Abesalomo, ba mo latlhela mo mosimeng o mogolo o o mo sekgweng, ba mo katela ka mokoa o mogolo thata wa majwe, mme Baiseraele botlhe ba tshaba, mongwe le mongwe a ya kwa lapeng la gagwe.
18 E ne e kile ya re Abesalomo a sa ntse a phela a tsaya lefika le le motloutlo, a le itlhomela, ka a ne a re: “Ga ke na morwa go ka gopotsa batho leina la me. Ke le le mo Lebaleng la Kgosi.” Mme a bitsa lefika le le motloutlo leo ka leina la gagwe. Le bidiwa segopotso sa ga Abesalomo le kajeno.
Dafita o begelwa loso lwa ga Abesalomo
19 Mme Ahimaase morwa Satoke a re: “Nte ke taboge, ke begele kgosi mafoko a a thabisang a go re: ‘Morenao e diretse tshiamo, a e golola mo babeng ba yona.’ ”
20 Fela Joabe a mo raya a re: “Ga se wena yo o ka isang mafoko a boitumelo kajeno; o tla a isa ka letsatsi le lengwe, mme kajeno ga o ne o a isa. Kana morwa kgosi ga a tlhole a phela.”
21 Ke fa Joabe a raya monna wa Moethiopia a re: “Yaa o begele kgosi tse ò di bonyeng.” Moethiopia a ikobela Joabe a ba a siana.
22 Ahimaase morwa Satoke a ba a raya Joabe gape a re: “Le fa go ka dirafala eng, nte ke taboge le nna, ke latelele Moethiopia!” Joabe a botsa a re: “O tabogelang, morwaaka? Kana ga go na tuelo ya morongwi e o ka e bonang.”
23 Ahimaase a ba a re: “Le fa go ka dirafala eng, ke rata go siana.” A mo araba a re: “Taboga he!” Ahimaase a taboga ka tsela ya Lebala la Joretane, a sia Moethiopia.
24 Mme Dafita a ntse fa gare ga kgoro ya ka fa ntle le ya ka fa teng. Ke fa molebedi a palamela kwa godimo ga ditlhomeso tsa kgoro, a ya kwa loboteng, a tsholetsa matlho a leba, a bona monna a tla a tabogile a le esi.
25 Ke fa molebedi a kua a itsise kgosi. Kgosi ya re: “Fa a le esi fela, go mafoko a boitumelo mo molomong wa gagwe.” Ya re a ntse a atamela,
26 molebedi a bona monna yo mongwe gape a tla a tabogile, mme molebedi a kuela kwa kgorong a re: “Monna yo mongwe gape ke yole, o tla a tabogile a le esi.” Kgosi ya re: “Le ene o tlisa mafoko a boitumelo.”
27 Molebedi a ba a re: “Ke bona tabogo ya wa ntlha e tshwana le tabogo ya ga Ahimaase morwa Satoke.” Kgosi ya re: “Ke monna yo o molemo; o e tla go tlisa mafoko a boitumelo.”
28 Mme Ahimaase a tlhaeletsa, a raya kgosi a re: “Kagiso!” A ba a ikobela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga kgosi a re: “A go bakweMorena, Modimo wa gago, o o neetseng banna bale mo diatleng tsa gago ba ba neng ba tsholeditse mabogo go tsogela kgosi morena wa me!”
29 Ke fa kgosi e botsa e re: “A lekau Abesalomo o phela sentle?” Ahimaase a araba a re: “E rile Joabe motlhanka wa kgosi a roma motlhanka wa gago, ka bona khuduego ya bontsi, mme ga ke itse gore e ne e le eng.”
30 Jaanong kgosi ya re: “Suta o eme fa.” Ya re a suta a ema teng,
31 ga fitlha Moethiopia. Mme Moethiopia a re: “A kgosi mong wa me a thabisiwe ka mafoko a a reng: ‘Morenao go diretse tshiamo kajeno, a go golola mo diatleng tsa botlhe ba ba neng ba go tsogetse.’ ”
32 Mme kgosi ya botsa Moethiopia ya re: “A lekau Abesalomo o phela sentle?” Moethiopia a re: “A baba ba kgosi mong wa me le botlhe ba ba go tsogetseng go dira bosula ba nne jaaka lekau leo!”
33 Ke fa kgosi e huduega e tlhatlogela kwa ntlwaneng e e okameng kgoro, e lela; ya re e ntse e tsamaya, ya bua ya re: “Morwaaka Abesalomo, morwaaka, morwaaka Abesalomo! Ijoo! Ke ne ke sa sweleng boemong jwa gago! Abesalomo, morwaaka, morwaaka!”