Joabe o kgalema Dafita
1 Jaanong ya re go begelwa Joabe go twe: “Bona, kgosi e a lela, e hutsafaletse Abesalomo,”
2 phenyo ya fetogela morafe otlhe bohutsana ka letsatsi leo; gonne batho botlhe ba ne ba utlwile ka letsatsi leo ga twe: “Kgosi e mo botlhokong ka ntlha ya morwaa-yona.”
3 Ka moo ka letsatsi leo batho ba tsena mo motseng ka tidimalo jaaka batho ba ba tlhajwang ke ditlhong ba tla ka tidimalo, fa ba tshabile mo tlhabanong.
4 Kgosi e ne e ipipile sefatlhego, e goa ka lentswe le legolo e re: “Morwaaka Abesalomo! Abesalomo, morwaaka, morwaaka!”
5 Mme Joabe a tsena kwa kgosing e le mo ntlong, a e raya a re: “Kajeno o tlhabisitse batlhanka botlhe ba gago ditlhong, ba kajeno ba pholositseng bophelo jwa gago le maphelo a bomorwao le a bomorwadio le maphelo a basadi ba gago le maphelo a bagadingwana ba gago
6 ka go rata ba ba go tlhoileng le ka go tlhoa ba ba go ratang. Gonne o lemositse kajeno, fa o sa re sepe ka balaodi le batlhanka; gonne ke lemogile kajeno gore, fa Abesalomo a ka bo a phela, mme rona rotlhe re sule kajeno go ka bo go siame mo matlhong a gago.
7 Jaanong he, tsoga o tswe, o bue le batlhanka ba gago tse di gomotsang pelo. Gonne ke ikana kaMorenake re: Fa o sa tswe, ga go kitla go lala ope nao bosigo jo. Seo se e tla bo e le tatlhego mo go wena e e fetang ditatlhego tsotlhe tse di go dirafaletseng go tswa bonyaneng jwa gago go fitlha jaanong.”
8 Ya baa gona kgosi e tsogang, ya nna mo kgorong, mme batho botlhe ba begelwa ga twe: “Bonang, kgosi e ntse mo kgorong.” Ke fa batho botlhe ba tla fa pele ga kgosi.
Dafita o boela kwa Jerusalema
Jaanong e rile mongwe le mongwe wa Baiseraele a sena go tshabela kwa tenteng ya gagwe,
9 batho botlhe ba inyatsa mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele ba re: “Kgosi e re golotse mo diatleng tsa baba ba rona; ke yona e e re pholositseng mo diatleng tsa Bafelesita. Mme jaanong e tshabile Abesalomo, ya tloga mo lefatsheng.
10 Fa e le Abesalomo yo re neng re mo tloditse go nna kgosi ya rona, o swetse mo tlhabanong. Jaanong he, ke ka ntlha ya eng fa lo itulela fela, lo sa busetse kgosi bogosing?”
11 Mme kgosi Dafita a roma motho kwa baperesiting kwa go Satoke le Abjathare a re: “Buang le bagolo ba Juta lo re: ‘Ke ka ntlha ya eng fa lo le ba bofelo mo go ba ba busetsang kgosi kwa ntlong ya yona? Kana puo ya Baiseraele botlhe e ne e fitlhile kwa kgosing mo lapeng la yona.
12 Lo bana ba ga rre; re tsetswe mmogo, re madi a le mangwe. Ke ka ntlha ya eng fa lo le ba bofelo mo go ba ba busang kgosi?’
13 Fa e le Amasa, lo mo ree lo re: ‘A ga re a tsalwa mmogo, ra nna madi a le mangwe! A Modimo o mpetse, o be o nkokeletse, fa ke sa go dire molaodi wa mephato ka malatsi otlhe boemong jwa ga Joabe.’ ”
14 Dafita a ithatisa banna botlhe ba Juta ka go bua jalo, ba nna seopo sengwe, ba roma kwa kgosing ba re: “Boa, wena le batlhanka botlhe ba gago.”
15 Jaanong kgosi ya boa, ya fitlha kwa Joretane, mme Bajuta ba tla kwa Gilegala, ba ya go kgatlhantsha kgosi le go tshedisa kgosi Joretane.
16 Le Simei morwa Gera wa Mobenyamene wa Bahurime a itlhaganela, a fologa le banna ba Juta go kgatlhantsha kgosi Dafita
17 a na le banna ba le sekete ba Babenyamene le Siba motlhanka wa lapa la ga Saule le bomorwawe ba le 15 le batlhanka ba gagwe ba le 20: Bone bao ba ya kwa Joretane ka pele, ba raka kgosi.
18 Ba tshela mo letsibogong gore ba tshedise ba lapa la kgosi ka mokoro le go dira tse di e kgatlhang.
Dafita o tlhomogela Simei pelo
Mme ya re kgosi e re e tshela Joretane, Simei morwa Gera, a wela fa fatshe fa pele ga yona,
19 a raya kgosi a re: “A mong wa me a se ka a nkhutela pelo ka molato wa me, mme o se ka wa gopola se motlhanka wa gago o go leofetseng ka sona ka letsatsi le kgosi mong wa me o duleng kwa Jerusalema ka lone. A kgosi e se ka ya se ela tlhoko.
20 Kana motlhanka wa gago o a itse gore o leofile. Fela bona, kajeno ke tlile ke le wa ntlha wa lotso lotlhe lwa ga Josefa go tla go kgatlhantsha kgosi mong wa me.”
21 Mme Abisai morwa Seruya a ganetsa a re: “A Simei ga a tshwanela go bolawa ka ntlha ya gore o tlhapaditse Motlodiwa waMorena?”
22 Mme Dafita a re: “Ga ke na sepe le tseo tsa lona bomorwa Seruya, mo lo bileng lwa mphetogela boSatane kajeno? A kajeno go ka bolawa motho mo Iseraeleng? Kana jaanong ke a itse gore ke kgosi ya Iseraele.”
23 Mme kgosi ya raya Simei ya re: “Ga o ne o swa.” Ya ba ya mo ikanela jalo.
Dafita o tlhomogela Mefibosethe pelo
24 Mefibosethe morwa Jonathane morwa Saule le ene o ne a tlile go kgatlhantsha kgosi. Mme fa e sa le ka letsatsi le kgosi e tlogileng ka lone go fitlha letsatsing le e tsileng ka lone ka kagiso a ise a ke a tlhape maoto le e seng go ipeola ditedu le e seng go tlhatswa diaparo tsa gagwe.
25 Jaanong ya re a tswa kwa Jerusalema go kgatlhantsha kgosi, kgosi ya mmotsa ya re: “Ke ka ntlha ya eng fa o se ka wa ya le nna, Mefibosethe?”
26 A araba a re: “Kgosi mong wa me, motlhanka wa me o ntsieditse. Gonne nna motlhanka wa gago ke ne ke re: ‘Ke rata go ipelesetsa esele, ke e palame, ke ya kwa kgosing – kana nna motlhanka wa gago ke segole.’
27 Mme Siba a ya a senya motlhanka wa gago leina fa pele ga kgosi, mong wa me. Mme kgosi, mong wa me, o tshwana le moengele wa Modimo. Dira tse o bonang di go siametse.
28 Gonne botlhe ba lelapa la ga rre e ne e se ba sepe, e le batho ba ba tshwanetseng go bolawa fa pele ga kgosi mong wa me, mme o beile motlhanka wa gago mo go ba ba jelang fa tafoleng ya gago. Jaanong ke sa ntse ke na le tshiamelo efe, gongwe nka goelang gape mo kgosing?”
29 Kgosi ya mo raya ya re: “Kana o sa buelang ka ga dilo tsa gago! Ka re: Wena le Siba lo kgaogane naga.”
30 Mefibosethe a araba kgosi a re: “A a e tsee yotlhe, ka kgosi mong wa me a tlile mo gae ka kagiso.”
Dafita o tlhomogela Baresilai pelo
31 Le Baresilai wa Gileate o ne a tlogile kwa Rogelime, a ile le kgosi kwa Joretane go e tshedisa Joretane.
32 Baresilai o ne a tsofetse thata, a le dinyaga di le 80. Ke ene yo o neng a babalela kgosi fa e ntse e le kwa Mahanaime; gonne e ne e le monna yo o humileng thata.
33 Kgosi ya raya Baresilai ya re: “Tshela le nna, ke tla go babalela fa go nna kwa Jerusalema.”
34 Mme Baresilai a fetola kgosi a re: “Ke saletswe ke malatsi a le kae a bophelo jwa me, mo nka tlhatlogelang le kgosi kwa Jerusalema?
35 Ke na le dinyaga di le 80 kajeno. A nka farologanya molemo le bosula? Gongwe a nna motlhanka wa gago nka utlwa monate wa se ke se jang le se ke se nwang? Gongwe a ke sa ntse ke ka utlwa mantswe a baopedi ba banna le ba basadi? Ke ka ntlha ya eng fa motlhanka wa gago a sa ntse a ka imela kgosi mongwame?
36 Motlhanka wa gago o ka tshela Joretane go le gonnye fela go felegetsa kgosi. Kgosi e rata go mpuseletsang tebogo e e kalo?
37 A ko o ntetlelele nna motlhanka wa gago ke boe, ke swele kwa motseng wa ga etsho fa phupung ya ga rre le mme. Kimehame motlhanka wa gago ke yo; a a tsamae le kgosi mongwame, mme o mo direle ka fa o ratang ka teng.”
38 Kgosi ya re: “Go siame, Kimehame o tla tsamaya le nna. Ke tla mo direla tse di go kgatlhang, mme sengwe le sengwe se o se batlang mo go nna ke tla se go direla.”
39 Jaanong batho botlhe ba tshela Joretane, le kgosi ya tshela. Kgosi ya ba ya atla Baresilai ya mo tsamaisa sentle, mme a boela kwa ga gabo.
Bajuta le Baiseraele ba fufegelana
40 Kgosi ya fetela kwa Gilegala, mme Kimehame a ya nae. Batho botlhe ba Juta ba tsamaya le kgosi le bontlhanngwe jwa batho ba Iseraele.
41 Jaanong ga tla banna botlhe ba Iseraele kwa kgosing, ba raya kgosi ba re: “Ke ka ntlha ya eng fa ba ga etsho banna ba Juta ba go utswile, ba tshedisa kgosi Joretane le ba lapa la yona le banna botlhe ba yona.”
42 Ke fa banna botlhe ba Juta ba fetola banna ba Iseraele ba re: “Kana kgosi ke ya losika lwa rona. Mme ke eng, fa lo tuka bogale ka lebaka la selo se? A lo a re re jele tse di tswang kwa kgosing gongwe re filwe dineo?”
43 Mme banna ba Iseraele ba fetola banna ba Juta ba re: “Rona re na le dikabelo di le some mo kgosing. Le Dafita o re tshwanetse bogolo go lona. Lo re nyaletsang? A ga se rona re buileng pele ra re: ‘A re buseng kgosi ya rona’?” Mme mafoko a banna ba Juta a ne a le bokete, a fekeetsa a banna ba Iseraele.