2 SAMUELE 2

Dafita a tswa kgosi ya Juta

1 Morago ga moo Dafita a botsaMorenaa re: “A ke ke ye kwa go mongwe wa metse ya Juta?”Morenaa mo araba a re: “Yaa!” Dafita a botsa gape a re: “Ke ye kwa kae?” A araba a re: “Kwa Heberone.”

2 Dafita a ya teng mmogo le basadi ba babedi ba gagwe Ahinoame wa kwa Iserele le Abikaile, mosadi wa ga Nabale wa kwa Karemele.

3 Le banna ba gagwe ba ba nang nae Dafita a ba isa teng, mongwe le mongwe le ba lapa la gagwe, ba aga mo metseng ya Heberone.

4 Ke fa banna ba Juta ba tla ba tlotsa Dafita teng go nna kgosi ya lotso lwa Juta.

Jaanong ya re Dafita a begelwa go twe, banna ba Jabese kwa Gileate ba fitlhile Saule,

5 Dafita a roma barongwi kwa banneng ba Jabese kwa Gileate, a ba raya a re: “AMorenaa lo tshegofatse, ka lo diretse Saule morena wa lona ka lorato loo, lwa mo fitlha.

6 Jaanong he, aMorenaa lo direle ka lorato le boikanyo, mme le nna ke tla lo direla tse di molemo tseo, ka lo dirile tiro eo.

7 Mme jaanong tsenyang marapo dinameng, lo nne banna ba ba pelokgale; gonne Saule morena wa lona o sule. Le gona Bajuta ba ntloditse go nna kgosi ya bone.”

Isebosethe o dirwa kgosi ya Iseraele

8 Mme Abenere morwa Nere, molaodi wa mephato ya ga Saule, a tsaya Isebosethe morwa Saule, a mo isa kwa moseja ga Joretane kwa Mahanaime,

9 a mo dira kgosi ya Gileate le ya Baašure le ya Iserele le ya Eferaime le ya Benyamene le ya Iseraele yotlhe.

10 E rile Isebosethe morwa Saule a simolola go busa Iseraele, a bo a le dinyaga di le 40, a busa dinyaga di le pedi. E ne e le ba lotso lwa Juta fela ba ba gogang le Dafita.

11 Mme palo ya malatsi a Dafita e neng e le kgosi ya lotso lwa Juta kwa Heberone ka ona ke dinyaga di supa le dikgwedi tse thataro.

Ntwa ya setšhaba sa Iseraele le sa Juta

12 Abenere morwa Nere o kile a bolola kwa Mahanaime, a na le batlhanka ba ga Isebosethe morwa Saule, a tla kwa Gibeone.

13 Le Joabe morwa Seruya le batlhanka ba ga Dafita ba bolola, ba kgatlhana le bale fa letsheng la Gibeone; bangwe ba thibelela ka kwano ga letsha, ba bangwe kwa moseja ga letsha.

14 Ke fa Abenere a raya Joabe a re: “A makau a ke a nanoge, a tshameke fa pele ga rona!” Joabe a re: “A a nanoge.”

15 A nanoga a feta a badilwe, a a 12 e le a Benyamene a ga Isebosethe, morwa Saule, a a 12 e le a batlhanka ba ga Dafita.

16 Ke fa ba tshwarana ka ditlhogo, mongwe le mongwe a tlhaba mongwe-ka-ene ka tšhaka mo lotlhakoreng, mme ba wa mmogo. Felo foo ga bidiwa tshimo ya magale a ditšhaka e e kwa Gibeone.

17 Tlhabano ya nna e e thatathata ka letsatsi leo, mme Abenere le banna ba Iseraele ba fenngwa ke batlhanka ba ga Dafita.

18 Teng koo go ne go le bomorwa Seruya ba bararo: Joabe le Abisai le Asahele. Mme Asahele o ne a le lobelo jaaka tshephe mo nageng.

19 Ene Asahele a tlhomere Abenere, a se ka a fapogela ntlheng ya le le jang le e seng mo go ya la molema, a ntse a setse Abenere morago.

20 Ke fa Abenere a retologa a re: “A ke wena Asahele?” A re: “Ke nna.”

21 Abenere a mo raya a re: “Fapogela mo ntlheng ya le le jang gongwe mo ntlheng ya la molema, o tshware mongwe wa makau, o itseele dibolai tsa gagwe.” Mme Asahele a gana go fapoga le go mo tlogela.

22 Abenere a ba a bua gape le Asahele a re: “Fapoga tlhe o ntlogele! O batlelang gore ke go remele fa fatshe? Ke ne ke tla leba jang Joabe morwa-rraago?”

23 Mme ya re a gana go fapoga, Abenere a mo tlhaba ka mhinyana wa lerumo mo mpeng, lerumo la ba la tswa ka kwa motlhaneng. Asahele a wa foo, a swela felong foo. Mme botlhe ba ba neng ba feta teng, fa Asahele a oleng a swela gona, ba ema.

24 Mme Joabe le Abisai ba latelela Abenere. Ya re letsatsi le sena go phirima, ba fitlha kwa thabaneng ya Ama e e lebaganyeng le Gia fa tseleng e e yang kwa sekakeng sa Gibeone.

25 Ke fa Babenyamene ba phuthegela kwa go Abenere, ya nna setlhopha se le sengwe, ba ema mo setlhoeng sa thabana nngwe.

26 Jaanong Abenere a tlhaeletsa Joabe a re: “A tšhaka e tla ja ka bosakhutleng? A ga o itse gore tse di galakang di tla nna teng morago? E tla nna goleele go le kae o sa re, banna ba boe, ba tlogele bomorwa-rraabo?”

27 Joabe a araba a re: “Ka bophelo jwa Modimo! Fa o ka bo o se ka wa bua jalo, banna ba ka bo ba se ka ba khutla go khutšhela bomorwa-rraabo bo ise bo se.”

28 Ke fa Joabe a letsa lonaka; banna botlhe ba ema, ba se ka ba tlhola ba latelela Baiseraele; le gona ba se ka ba tlhola ba tlhabana.

29 Mme Abenere le banna ba gagwe ba tsamaya bosigo jotlhe joo, ba ralala Lebala la Joretane, ba tshela Joretane, ba ralala naga yotlhe ya Bitherone, ba fitlha kwa Mahanaime.

30 Ya re Joabe a sena go khutla go latelela Abenere, a phutha banna botlhe; ga tlhokafala banna ba le 19 le Asahele mo batlhankeng ba ga Dafita.

31 Mme batlhanka ba ga Dafita ba ne ba bolaile banna ba le 360 ba Babenyamene ba banna ba ga Abenere, e le bone ba ba suleng.

32 Jaanong ba tsaya setoto sa ga Asahele, ba mo fitlha mo lebitleng la ga rraagwe le le neng le le kwa Betleheme. Joabe le banna ba gagwe ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe, ba fitlha kwa Heberone ka masa.