Moferefere wa ga Seba
1 Mme ka sebaka sa kgang eo go ne go le monna wa sesenyi teng, leina la gagwe e le Seba morwa Bigeri wa Mobenyamene. Ene a letsa lonaka a re: “Ga re na kabelo mo go Dafita, ga re na boswa mo go morwa Isai. A mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe, lona Baiseraele!”
2 Ke fa banna botlhe ba Iseraele ba ya nae, ba tlhanogela Dafita ba latela Seba morwa Bigeri, mme banna ba Juta ba ngaparela kgosi ya bone, ba ya nayo go tswa kwa Joretane go fitlha kwa Jerusalema.
3 E rile Dafita a fitlha kwa lapeng la gagwe kwa Jerusalema, kgosi ya tsaya basadi ba le some ba bagadingwana ba e neng e ba tlogetse go disa ntlo, ya ba tsenya mo ntlong e e disitsweng, ya ba tlamela teng, mme ya se ka ya tsena kwa go bone. Ba bo ba tswaletswe jalo go fitlha letsatsing la loso lwa bone, ba dirwa jaaka batlholagadi bophelong jotlhe jwa bone.
4 Jaanong kgosi ya laela Amasa ya re: “Kua banna ba Juta, ba tle go nna malatsi a le mararo a ise a fete; le wena o nne teng fa ka nako eo.”
5 Amasa a ya go kua Bajuta, mme a diega a siwa ke nako e a e beetsweng.
6 Ke fa Dafita a raya Abisai a re: “Jaanong Seba morwa Bigeri o tla re direla bosula bogolo go Abesalomo. Wena tsaya batlhanka ba morena wa gago, o mo latele, e se re gongwe a iponela metse e e femetsweng, a timelela matlho a rona.”
7 Ba bolola ba mo sala morago, e bong banna ba ga Joabe le Bakerethi le Baphelethele bagale botlhe; ba bolola kwa Jerusalema go latelela Seba morwa Bigeri.
8 Ya re ba le kwa letlapeng le legolo le le kwa Gibeone, Amasa a tla a rakana nabo. Mme Joabe o ne a tlamile tšhaka mo diaparong tsa tlhabano tsa gagwe; ka fa ntle ga tsona go le moitlamo wa tšhaka e bofeletswe mo dinokeng tsa gagwe e le mo kgatleng ya yona, mme ya re Joabe a ntse a tsamaya, ya wa.
9 Ke fa Joabe a dumedisa Amasa a re: “A o phela sentle, ngwana wa ga rra?” Joabe a ba a tshwara ditedu tsa ga Amasa ka seatla se se jang go mo atla.
10 Mme Amasa a se ka a itisa mo tšhakeng e e mo seatleng sa molema sa ga Joabe, mme ene a mo gagola ka yona mo mpeng, a goromeletsa mala a gagwe fa fatshe, mo a bileng a swa, mme a se ka a mo tlhaba la bobedi. Morago ga moo Joabe le Abisai monnawe ba khutšhela Seba morwa Bigeri.
11 Monna mongwe wa batlhanka ba ga Joabe a ema fa go ene Amasa a re: “Yo o ratang Joabe le yo e leng wa ga Dafita a a sale Joabe morago.”
12 Mme Amasa o ne a namaletse fa gare ga tsela e kgolo, a bidikame mo mading. Jaanong ya re monna yoo a bona banna botlhe ba ema, a tlosa Amasa mo tseleng e kgolo, a mo gogela kwa nageng, a mo khurumetsa ka kobo ka a bonye mongwe le mongwe yo o fetang fa go ene a ema.
13 Mme ya re a sena go tlosiwa mo tseleng e kgolo, banna botlhe ba sala Joabe morago go khutšhela Seba morwa Bigeri.
14 Seba ene a ralala ditso tsotlhe tsa Iseraele go fitlha kwa Abele-Bethe-Maaga, mme Babigeri botlhe ba phuthega ba mo sala morago.
15 Mme Joabe le ba ba nang nae ba fitlha ba mo dikanyetsa ka ntwa kwa Abele-Bethe-Maaga, ba tshela mmu ka fa ntle ga motse, wa fitlha mo godimo ga lobota ntlheng ya ka fa ntle; mme banna botlhe ba ba nang le Joabe ba nna ba epolola lobota gore ba lo dige.
16 Ke fa mosadi yo o tlhalefileng a bitsa a le mo loboteng lwa motse a re: “Utlwang! Utlwang! A ko lo ree Joabe, a atamele kwano, ke rata go bua nae.”
17 Ya re a atamela kwa go ene, mosadi a botsa a re: “A ke wena Joabe?” A araba a re: “Ke nna.” Jaanong mosadi a mo raya a re: “Utlwa mafoko a lelata la gago.” Joabe a re: “Ke reeditse.”
18 Mosadi a re: “Bogologolo ba ne ba tle ba bue ba re: ‘A ba kope kgakololo kwa Abele!’ Ba khutlisa kgang jalo.
19 Rona re ba ba agisang ba ba ikanyegang mo Iseraeleng. Jaanong wena o batla go bolaya motse o e leng mmametse mo Iseraeleng. Ke ka ntlha ya eng fa o senya boswa jwaMorena?”
20 Joabe a fetola a re: “Go kgakala-kgakala le nna. Ga ke a tla go senya le e seng go nyeletsa.
21 Ga go a nna jalo, mme monna wa kwa dithabeng tsa Eferaime, leina la gagwe ke Seba morwa Bigeri, ene o tsholeleditse kgosi Dafita letsogo. Mo ntsheng a le esi. Foo ke tla tsamaya ke tlogela motse.” Mosadi a raya Joabe a re: “Bona, tlhogo ya gagwe e tla akofa e latlhelwa kwa go wena ka fa ntle ga lobota.”
22 Ke fa mosadi a tsena mo motseng, a bua le batho botlhe ka botlhale jwa gagwe, mme ba kgaola Seba morwa Bigeri tlhogo, ba e latlhela kwa go Joabe. Jaanong Joabe a letsa lonaka, mme batlhabani ba phatlalala ba tlogela motse, mongwe le mongwe a ya kwa lapeng la gagwe. Joabe ene a boela kwa Jerusalema kwa kgosing.
Balaodi ba ga Dafita
23 Joabe e ne e le molaodi wa mephato yotlhe ya Iseraele. Benaya morwa Joyata e ne e le molaodi wa Bakerethi le wa Baphelethe.
24 Atorame o ne a laola badiri ba mekuio. Josafate morwa Ahilote e ne e le seatla sa kgosi.
25 Seya e ne e le mokwaledi, Satoke le Abjathare e le baperesiti.
26 Le Ira wa Jaire e ne e le moperesiti wa ga Dafita.