Dafita o lebogela diphenyo tsa gagwe ka sefela
1 Dafita o ne a tumisaMorenaka mafoko a sefela se ka letsatsi leMorenao neng a mo pholositse ka lone mo diatleng tsa baba botlhe ba gagwe le tsa ga Saule
2 a re:
Morenake lefika la me
le kago ya phemelo ya me
le mopholosi wa me.
3 Modimo wa me ke lefika
la phemelo ya me,
ke tla tshabela kwa go ona;
ke thebe ya me
le lonaka lwa pholoso ya me
le kago ya phemelo ya me
le botshabelo jwa me
le mothusi wa me,
o nkgolola mo kgatelelong.
4 E ne ya e re fa ke bitsaMorena
yo o bakwang,
ke gololwe mo babeng ba me.
5 Gonne merwalela ya loso
e ne e ntikanyeditse;
dinoka tsa tatlhego tsa ntshosa.
6 Megala ya felo ga baswi
e ne e ntsentse gare;
diru tsa loso tsa nkwela.
7 Ya re ke le tlalelong,
ka bitsaMorena,
ka ba ka tlhaeleletsa
Modimong wa me;
mme wa utlwa lentswe la me
o le mo Tempeleng ya ona;
tlhaeletso ya me ya tsena
mo ditsebeng tsa ona.
8 Ga reketla,
ga roroma lefatshe;
metheo ya legodimo
ya tetesela ya reketla,
ka o ne o tuka bogale.
9 Dinko tsa ona tsa kua musi,
molelo o o jang wa tswa
mo molomong wa ona;
magala a a tukang
a tswa mo go ona.
10 Wa sekamisa legodimo
wa fologa;
bontsho bo le fa tlase
ga dinao tsa ona.
11 O ne o palame Kerubime,
o fofa;
o kala o le mo diphukeng tsa
phefo.
12 Wa itikanyetsa ka lefifi
go nna maobo a ona;
e ne e le bontsho jwa maru
a a kwenneng.
13 Magala a molelo a tuka,
a tswa phatsimong
e e fa pele ga ona.
14 Morenaa dumisa maru
a le kwa legodimong;
Mogodimodimo a utlwatsa
lentswe la gagwe;
15 a thuntsha metsu,
a phatlalatsa baba;
a rathisa tladi, a ba tshosa.
16 Ke fa mateng a lewatle
a bonala
le metheo ya lefatshe
e senolwa
ka go kgalemela gaMorena
le ka pudulo ya mowa
wa nko ya gagwe.
17 A ntsha letsogo a le kwa godimo,
a ntshwara;
a nkinola mo metsing
a magolo.
18 A mpholosa mo babeng ba me
ba ba thata;
mo go ba ba ntlhoileng,
gonne ba ne ba le thata
bogolo go nna.
19 Ba ne ba nkwela
ka letsatsi la tatlhego ya me,
mmeMorenaa nna seitsetsepelo
sa me.
20 A nntshetsa kwa go
atlhameng, a nkgolola,
ka gonne ke a mo kgatlha.
21 Morenaa ntuela
ka fa tshiamong ya me,
a mpusetsa ka fa boitshekong
jwa diatla tsa me.
22 Gonne ke tshegeditse
ditsela tsaMorena,
mme ga ke a ka ka ikepa
mo Modimong wa me.
23 Gonne tsotlhe tse di siameng
fa pele ga ona
ke ntse ke di tlhokomela;
le ditaolo tsa ona
ga ke a fapoga mo go tsona.
24 Ka bo ke siame fa pele
ga ona,
ka itisa gore ke se nne molato.
25 Ke ka mooMorena
a mpuseditseng
ka fa tshiamong ya me
le ka fa boitshekong jwa me
fa pele ga matlho a gagwe.
26 O itshupa o le bopelotlhomogi
mo go yo o tlhomogang pelo;
o itshupa o le tlhamalalo
mo monneng
yo o tlhamaletseng.
27 O itshupa o le phepa
mo go yo o phepa,
mme mo molotsaneng
o itshupa o le kgopo.
28 O thusa batho
ba ba gateletsweng,
mme matlho a gago
a galefela ba ba ikgodisang;
o a ba kokobetsa.
29 Gonne wena o lobone lwa me,
Morena;
mmeMorenao sedimosa
lefifi la me.
30 Gonne ke tlhasela lesomo
la baba ka wena;
ke tlola lobota
ka Modimo wa me.
31 Tsela ya Modimo oo e
itekanetse;
lefoko laMorenale itshekile.
Ke ene thebe ya botlhe
ba ba tshabelang kwa go ene.
32 Gonne ke mang yo e leng
Modimo kwa ntle gaMorena?
Gape ke mang yo e leng lefika
kwa ntle ga Modimo wa rona?
33 Modimo oo ke kago
ya phemelo e e thata ya me;
o tsamaisa yo o itekanetseng
mo tseleng ya ona.
34 Ke ona o o dirang dinao
tsa me jaaka tsa phele;
o nkemisa mo mafelong
a a godimo.
35 Ke ona o o rutang diatla
tsa me go tlhabana
le mabogo a me
go gagamatsa bora
jwa kgotlho.
36 O bile o nneile thebe
ya pholoso ya gago;
go ikinamisa ga gago
go ntira mogolo.
37 O atlhamolositse kgato ya me
fa tlase ga me;
mangenana a me
ga a ka a temeka.
38 Ke lateletse baba ba me,
ka ba fetsa;
ka se ka ka boa
ke ise ke ba nyeletse.
39 Ruri, ka ba nyeletsa,
ka ba remaganya,
mo ba se kang ba tlhola
ba tsoga,
mme ba wela fa tlase
ga dinao tsa me.
40 O ntlamile ka thata
go ka tlhabana;
wa khubamisa ba ba ntsogetseng
fa tlase ga me.
41 O tshabisitse baba ba me
gore ba nkhularele;
ba ba ntlhoileng
ka ba nyeletsa.
42 Ba šebašeba go batla thuso,
mme go se na mothusi;
ba tlhaeleletsa
kwaMoreneng,
mme a se ka a ba araba.
43 Ka ba gatlampola
jaaka lerole la lefatshe,
ka ba phatlakanya
jaaka seretse sa mebila,
ka ba gataka.
44 O mpholositse mo dintweng
tsa morafe wa me,
wa mpoloka
go nna tlhogo ya merafe;
batho ba ke neng ke sa ba itse
ba ntirela.
45 Bomorwa ditšhaba
ba inneela ka go mpoifa;
fela fa ba nkutlwela,
ba tle go inkobela.
46 Bomorwa ditšhaba
ba a koafala;
ba tswa mo maiphitlhong
a bone, ba tetesela.
47 Morenao a phela.
A go bakwe ene lefika la me!
A go godisiwe Modimo
o e leng lefika la pholoso
ya me;
48 ona Modimo
o o nnayang pusoloso,
o o digelang merafe
kwa tlase ga me
49 o o nntshang
mo babeng ba me.
Wena o nkgodisetsa
ba ba ntsogelang;
o nkgolola mo monneng
yo o setlhogo.
50 Ka moo ke tla go baka,
Morena, mo merafeng,
ke opelela leina la gago;
51 wena yo o nayang kgosi
e o e tlhomileng pholoso
e kgolo,
o direla motlodiwa wa gago
ka bopelotlhomogi,
e bong Dafita le losika lwa
gagwe ka bosakhutleng.