1 Ntwa ya ba losika lwa ga Saule le ba losika lwa ga Dafita ya tsaya sebaka se seleele, mme Dafita a nna a tiela pele, ba losika lwa ga Saule ba nna ba ngotlega.
Bomorwa Dafita ba ba tsaletsweng kwa Heberone
2 Bomorwa Dafita ba ba tsaletsweng kwa Heberone ke ba: Yo mogolo ke Amenone wa ga Ahinoame wa kwa Iserele;
3 wa bobedi ke Kileabe wa ga Abikaile mosadi wa ga Nabale wa kwa Karemele; wa boraro ke Abesalomo morwa Maaga, morwadia Thalemai kgosi ya Kesure;
4 wa bone ke Atonia morwa Hagithe; wa botlhano ke Sefatya morwa Abitale;
5 wa borataro ke Ithereame wa ga Egela mosadi wa ga Dafita. Ke bone bana ba ga Dafita ba ba tsaletsweng kwa Heberone.
Abenere o ineela Dafita
6 E rile go ntse go le ntwa fa gare ga losika lwa ga Saule le losika lwa ga Dafita, Abenere a emela losika lwa ga Saule ka tlhomamo.
7 Saule o ne a na le mogadingwana yo leina la gagwe e neng e le Ritsepha morwadia Aya. Jaanong Abenere a mo tsaya, mme Isebosethe a raya Abenere a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o tsenye kwa go mogadingwana wa ga rre?”
8 Ke fa Abenere a tuka bogale thata ka ntlha ya mafoko a ga Isebosethe a re: “A ke tlhogo ya ntšwa e e leng ya Bajuta? Ke ntse ke direla ba losika lwa ga Saule rraago le bomorwa rraagwe le balekane ba gagwe ka bopelotlhomogi; e bile ga ke a ka ka go neela mo seatleng sa ga Dafita, mme kajeno o mpaya molato ka ntlha ya mosadi!
9 A Modimo o direle Abenere jaana, o mo okeletse jaana, fa ke sa direle Dafita jaakaMorenaa mo ikanetse,
10 ka go tlosa bogosi mo losikeng lwa ga Saule le ka go tlhomamisetsa Iseraele le Juta sedulo sa bogosi sa ga Dafita go tswa kwa Dane go ya go fitlha kwa Bereseba.”
11 Ke fa a sa tlhole a nonofa go araba Abenere ka lefoko lepe, ka a mmoifa.
12 Jaanong Abenere a roma barongwi mo boemong jwa gagwe kwa go Dafita a re: “Lefatshe ke la ga mang?” A ba a re: “A re dire kgolagano! Bona, seatla sa me se tla nna nao go sokololela Baiseraele botlhe kwa go wena.”
13 Dafita a re: “Go siame, ke tla dira kgolagano nao. Fela selo se le sengwe ke se lopa mo go wena ka re: Ga o kitla o bona sefatlhego sa me o ise o tlise Migale morwadia Saule, mogang o tlang go bona sefatlhego sa me.”
14 E bile Dafita a roma barongwi kwa go Isebosethe morwa Saule, a re: “Nnee Migale mosadi wa me yo ke mo nyetseng ka matlalo a bosarupeng a le lekgolo a Bafelesita.”
15 Isebosethe a roma, a mo tsaya mo monneng wa gagwe mo go Phaletiele morwa Laiše.
16 Monna wa gagwe a ya nae, a ntse a lela a mo setse morago go fitlha kwa Bahurime. Ke fa Abenere a mo raya a re: “Tsamaya, o boe.” Mme a boa.
17 E bile lefoko la ga Abenere le ne le tlile kwa bagolong ba Iseraele a re: “Ga lo bolo go batla Dafita gore a nne kgosi ya lona.
18 Jaanong he, go dirafatseng! GonneMorenao buile ka ga Dafita a re: ‘Iseraele morafe wa me ke tla o namolela ka seatla sa ga Dafita motlhanka wa me mo diatleng tsa Bafelesita le mo diatleng tsa baba botlhe ba ona.’ ”
19 Le gona Abenere o ne a bua mo ditsebeng tsa Babenyamene, a ba a ya go bua le mo ditsebeng tsa ga Dafita kwa Heberone, a mmolelela tsotlhe tse o di utlwanetseng le Baiseraele le lotso lotlhe lwa ga Benyamene.
20 Ya re Abenere a tla kwa go Dafita kwa Heberone, a na le banna ba le 20, Dafita a direla Abenere le banna ba ba nang nae moletlo.
21 Abenere a raya Dafita a re: “Ke tla nanoga, ke ya go phuthela Baiseraele botlhe kwa kgosing, morena wa me, gore ba dire kgolagano nao, mme o buse gotlhe ka fa pelo ya gago e eletsang ka teng.” Jaanong Dafita a naya Abenere tsela, mme a tsamaya ka kagiso.
Abenere o a bolawa
22 Ga bo go tla batlhanka ba ga Dafita ba na le Joabe, ba tswa go thopa, ba tla le thopo e kgolo; mme Abenere a bo a sa tlhole a na le Dafita kwa Heberone, ka a ne a setse a mo neile tsela, mme a tsamaile ka kagiso.
23 Jaanong ya re Joabe a sena go goroga le mophato otlhe o o nang nae, a bolelelwa ga twe, Abenere morwa Nere o ne a tsile kwa kgosing, mme e mo neile tsela, a tsamaya ka kagiso.
24 Ke fa Joabe a fitlha fa kgosing a re: “O dirileng? Kana Abenere o ne a tlile kwa go wena. Jaanong ke ka ntlha ya eng fa o mo neile tsela, a tsamaya fela?
25 A ga o itse Abenere morwa Nere gore o ne a tlile fela go go tsietsa le go go tsaya dinopolo gore a itse tsotlhe tse o di dirang.”
26 Jaanong ya re Joabe a sena go tlogela Dafita, a roma barongwi, ba latela Abenere, ba mmusa kwa sedibeng sa Sira, Dafita a sa itse.
27 Ya re Abenere a sena go boela kwa Heberone, Joabe a mo faposetsa fa thoko ga kgoro, e kete o bua nae mo sephiring; foo a mo tlhaba mo mpeng, a ba a swa ka ntlha ya madi a ga Asahele morwa-rraagwe.
28 Ya re Dafita a utlwa jalo morago, a re: “Ga ke na molato le e seng bogosi jwa me fa pele gaMorenaka bosakhutleng mo mading a ga Abenere morwa Nere.
29 Mme a a wele mo tlhogong ya ga Joabe le mo go botlhe ba lelapa la ga rraagwe! A go se tlhokafale mo lapeng la ga Joabe yo o elang maladu le wa lepero le segole se se tsamayang ka thobane le yo o wang ka tšhaka le yo o tlhokang dijo.”
30 Joabe le Abisai morwa-rraagwe ba ne ba bolaya Abenere jalo; ka gonne o ne a bolaile Asahele morwa-rraabo kwa Gibeone mo tlhabanong.
Phitlho ya ga Abenere
31 Mme Dafita a raya Joabe le batho botlhe ba ba nang nae a re: “Ikgagoleng diaparo lo apare tsa bohutsana, lo etelele Abenere pele lo ete lo lela.” Kgosi Dafita a sala setsholo sa moswi morago.
32 Jaanong ya re mo phitlhong ya ga Abenere kwa Heberone, kgosi ya tlhatlosa lentswe, ya lela fa lebitleng; le batho botlhe ba lela.
33 Kgosi ya ba ya tlhaba sefela sa go lelela Abenere ya re:
“Abenere o swelang fela jaaka
moikepi?
34 Mabogo a gago a ne a sa
bofiwa, maoto a gago a ne a sa
golegwa ka dikeetane. O ole ka
go bolawa ke balotsana.”
Ke fa batho botlhe ba mo lelela bogolo go pele.
35 Jaanong ga tla batho botlhe kwa go Dafita ba re, a je dijo go sa ntse go le motshegare, mme Dafita a ikana a re: “A Modimo o ntirele jaana, o oketse jaana, fa nka leka bogobe le fa e le dijo dife, letsatsi le ise le phirime.”
36 Ya re batho botlhe ba lemoga jalo, ga bo go siame mo matlhong a bone jaaka tsotlhe tse kgosi e neng e di dira di ne di siame mo matlhong a batho botlhe.
37 Batho botlhe le Baiseraele botlhe ba ne ba lemoga ka letsatsi leo, fa e se kgosi e e laetseng gore Abenere morwa Nere a bolawe.
38 Dafita a ba a raya batlhanka ba gagwe a re: “A ga lo itse gore kajeno go ole kgosana, monna yo mogolo mo go Iseraele?
39 Mme nna ke bokoa kajeno le fa ke tloditswe go nna kgosi. Mme banna ba, bomorwa Seruya, ba mpalela ka bopeloethata. AMorenaa busolose yo o dirang bosula ka fa bosuleng jwa gagwe.”