2 SAMUELE 4

Isebosethe o a bolawa

1 E rile Isebosethe morwa Saule a utlwa gore Abenere o swetse kwa Heberone, a kgobega marapo, le Baiseraele botlhe ba tshoga.

2 Jaanong Isebosethe morwa Saule o ne a na le banna ba le babedi, e le balaodi ba bathopi. Leina la yo mongwe e le Baana, leina la wa bobedi e le Regabe, e le bomorwa Rimone wa Mobenyamene wa kwa Beerothe; kana le Beerothe o kaiwa wa Babenyamene.

3 Mme ba Beerothe ba ne ba tshabetse kwa Kithaime, ba nna teng ka bofaladi go fitlha letsatsing leno.

4 Jonathane morwa Saule o ne a na le ngwana wa mosimane, a golafala maoto a le dinyaga di le tlhano, fa mafoko a tswa kwa Iserele ka ga loso lwa ga Saule le Jonathane. Ya re mmelegi wa gagwe a mmelega, a tshaba ka go potlaka, mosimane a wa a golafala jalo. Leina la gagwe e ne e le Mefibosethe.

5 Jaanong bomorwa Rimone wa kwa Beerothe, e bong Regabe le Baana, ba ya ba fitlha kwa ntlong ya ga Isebosethe go le bolelo, mme ene a bo a robetse boroko jwa motshegare.

6 Ba tsena kwa teng ga ntlo, ba re ba tsaya mabele, mme ba mo tlhaba mo mpeng. Jaanong Regabe le Baana morwa-rraagwe ba tshaba.

7 Kana ba ne ba tsenye mo ntlong, ene a ntse a robetse mo bolaong mo ntlwaneng ya gagwe ya borobalo, ba mo tlhaba ba mmolaya, ba mo kgaola tlhogo, ba tsaya tlhogo ya gagwe, ba tsamaya bosigo jotlhe, ba ralala Lebala la Joretane,

8 ba isa tlhogo ya ga Isebosethe kwa go Dafita kwa Heberone, ba feta ba raya kgosi ba re: “Tlhogo ya ga Isebosethe morwa Saule mmaba wa gago ke e yo o neng a rata go go bolaya. MmeMorenao neile kgosi mong wa rona dipusoloso kajeno mo go Saule le mo losikeng lwa gagwe.”

9 Mme Dafita a fetola Regabe le Baana morwa-rraagwe bomorwa Rimone wa kwa Beerothe, a ba raya a re: “Ka bophelo jwaMorenayo o nkgolotseng mo tlalelong yotlhe!

10 Ene yole yo o kileng a mpegela a re: ‘Itse gore Saule o sule!’ a ikaya mmegi wa mafoko a boitumelo, a lebeletse gore ke mo nee tuelo, ka mo tshwara, ka mmolaya kwa Sitlage.

11 Bogolo jang, lona banna ba baikepi ba lo bolaileng monna yo o siameng mo ntlong ya gagwe a le mo bolaong jwa gagwe, ke na le go lo nyeletsa mo lefatsheng!”

12 Mme Dafita a laela makau jalo; a ba bolaya, a ba kgaola diatla le maoto, a ba pega fa letsheng mo Heberone; a tsaya tlhogo ya ga Isebosethe, a e fitlha mo phupung ya ga Abenere gona mo Heberone.