2 SAMUELE 5

Dafita a tswa kgosi ya Baiseraele le Bajuta

1 Jaanong ditso tsotlhe tsa Iseraele tsa tla kwa go Dafita kwa Heberone, tsa mo raya tsa re: “Re fano, kana re lesapo la gago le nama ya gago.

2 E rile Saule e ntse e le kgosi ya rona, ya bo e le wena o bolotsang Baiseraele le go ba gorosa. E bileMorenao go laetse a re, wena o tla fudisa morafe wa me wa Iseraele; o tla nna moeteledipele wa Iseraele.”

3 Jaanong bagolo botlhe ba Iseraele ba tla kwa kgosing kwa Heberone. Kgosi Dafita a dira kgolagano nabo kwa Heberone fa pele gaMorena. Ba feta ba tlotsa Dafita go nna kgosi ya Iseraele.

4 Ya re Dafita a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 30; a busa dinyaga di le 40.

5 A busa Juta dinyaga di supa le dikgwedi di le thataro a le kwa Heberone; a busa Iseraele yotlhe le Juta dinyaga di le 33 a le kwa Jerusalema.

6 Mme ya re kgosi le banna ba yona ba fitlha kwa Jerusalema go tlhasela Bajebusi ba ba neng ba agile mo lefatsheng la teng, ba raya Dafita ba re: “Ga o kitla o tsena kwano, mme o tla lelekwa ke difofu le batlhotsi.” Ba raya gore Dafita ga a kitla a tsena teng.

7 Mme Dafita a thopa motse o o femetsweng wa Sione; ke ona mošate wa ga Dafita.

8 Ka letsatsi leo Dafita o ne a bua a re: “Mongwe le mongwe yo o tla fenyang Bajebusi le batlhotsi le difofu tse di tlhoilweng ke pelo ya ga Dafita, a fitlhile teng ka mosele wa metsi – o tla dirwa kgosana.” Ke yona tshimologo ya puo e e reng: “Sefofu le motlhotsi ga ba kitla ba tsena mo ntlong.”

9 Jaanong Dafita a nna mo motseng o o femetsweng oo, a o bitsa mošate wa ga Dafita. Dafita a aga motse mo tikologong go tswa kwa Milo go ya kwa gare.

10 Dafita a nna a golela pele; gonneMorena, Modimo wa masomosomo, o ne a na nae.

11 Jaanong Hirame kgosi ya Tiro a roma barongwi kwa go Dafita, a ba a romela le dikgong tsa mesetere le babetli ba dikgong le babetli ba mafika, ba agela Dafita ntlo.

12 Dafita o ne a lemoga jalo, faMorenaa mo tlhomamisitse go nna kgosi ya Iseraele, e bile a tlotlomatsa bogosi jwa gagwe ka ntlha ya morafe wa gagwe wa Iseraele.

13 Dafita a tsaya bagadingwana le basadi ba bangwe gape a le kwa Jerusalema a sena go huduga kwa Heberone; a nna a bona bomorwa le bomorwadi.

14 Maina a bomorwawe ba ba tsaletsweng kwa Jerusalema ke a: Samua le Sobabe le Nathane le Salomo

15 le Ibegare le Elisua le Nefege le Jafia

16 le Elisama le Eliata le Elifelete.

Bafelesita ba a fenngwa

17 E rile Bafelesita ba utlwa go twe, Dafita o tloditswe go nna kgosi ya Iseraele yotlhe, ba bolola botlhe go batla Dafita; ya re Dafita a utlwa jalo, a fologela kwa phemelong ya motse.

18 Mme ya re Bafelesita ba sena go tla le go anama mo molapong wa Refaime,

19 Dafita a botsaMorenaa re: “A ke bololele Bafelesita? A o tla ba neela mo diatleng tsa me?”Morenaa araba Dafita a re: “Bolola, gonne ruri ke tla ba neela mo diatleng tsa gago.”

20 Dafita a tla kwa Baale-Pherasime, a ba fenya teng a re: “Morenao gogotse baba ba me fa pele ga me jaaka go gogola metsi.” Ke ka moo a teileng felo foo leina la Baale-Pherasime.

21 Ba tlogela medimo ya diseto ya bone teng, mme Dafita le banna ba gagwe ba e tsaya.

22 Bafelesita ba bolola gape, ba anama mo molapong wa Refaime.

23 Ya re Dafita a botsaMorena, a mo araba a re: “O se ka wa ba kgatlhantsha, mme o ba pote ka kwa morago, o ba wele o tswa kwa ditlhatshaneng tsa boroku.

24 Mme e re o utlwa mokgwasa wa dikgato mo godimo ga ditlhatshana tsa boroku, o itlhaganele; gonne fooMorenao tla bo a bolotse, a go etelela pele go fenya mephato ya Bafelesita.”

25 Dafita a dira jalo ka faMorenaa mo laetseng ka teng; a fenya Bafelesita go tswa kwa Geba go ya go fitlha kwa Gesere.