2 SAMUELE 6

Dafita o isa Letlole la Modimo kwa Jerusalema

1 Dafita a ba a phutha botlhe gape ba ba tlhaotsweng mo go Iseraele ba le 30 000.

2 Jaanong Dafita a nanoga, a ya kwa Baale wa Juta mmogo le batho botlhe ba ba nang nae go tsaya Letlole la Modimo teng le le bidiwang ka leina laMorenawa masomosomo yo o ntseng fa godimo ga boKerubime.

3 Ba tsaya Letlole la Modimo ka koloi e ntšhwa, le tswa mo ntlong ya ga Abinatabe e e mo thoteng. Usa le Ayo bomorwa Abinatabe ba ne ba kgweetsa koloi e ntšhwa.

4 Ya re ba e tlosa fa lapeng la ga Abinatabe le le mo thoteng e tshotse Letlole la Modimo, Ayo a etelela Letlole pele, mme Usa a tsamaya fa thoko ga lone.

5 Dafita le Baiseraele botlhe ba bina fa pele gaMorenaka diletso tsa mefutafuta tsa dikgong tsa Siperese, e bong ka dirankure le ka diharepa le ka meropana le ka ditshipinyana le ka matlhao.

6 Ya re ba fitlha kwa seboaneng sa ga Nagone. Usa a ntshetsa letsogo kwa Letloleng la Modimo, a le tshegetsa, ka dipholo di ne di rata go le diga.

7 Ke faMorenaa tukela Usa bogale; Modimo wa mo itaya teng ka ntlha ya phoso, mo a bileng a swela teng fa Letloleng la Modimo.

8 Ke fa Dafita a tlalelwa, kaMorenaa gagotse Usa; felo foo ga bidiwa Kgagolo-ya-ga-Usa go fitlha letsatsing leno.

9 Dafita a boifaMorenaka letsatsi leo a re: “Letlole laMorenale ka tla jang kwa go nna?”

10 Ka moo Dafita a se ka a rata go isa Letlole laMorenakwa go ene kwa motseng wa ga Dafita, mme a le isa kwa ntlong ya ga Obete-Etomo wa kwa Gathe.

11 Letlole laMorenala nna dikgwedi di le tharo mo ntlong ya ga Obete-Etomo wa Mogathe, mmeMorenaa tshegofatsa Obete-Etomo le lelapa lotlhe la gagwe.

12 Jaanong ga begelwa kgosi Dafita ga twe,Morenao tshegofaditse lelapa la ga Obete-Etomo le tsotlhe tse o nang natso ka ntlha ya Letlole la Modimo. Ke fa Dafita a ya, a ntsha Letlole la Modimo mo ntlong ya ga Obete-Etomo, a le isa kwa motseng wa ga Dafita ka boitumelo.

13 Mme ya re ba ba sikereng Letlole laMorenaba sena go tsamaya dikgato di le thataro, Dafita a dira setlhabelo sa kgomo le sa namane e e nonneng.

14 Dafita a eta a bina ka thata yotlhe fa pele gaMorena, a itlamile ka khiba ya boperesiti ya letseta.

15 Dafita le Baiseraele botlhe ba isa Letlole laMorenaka meduduetso le modumo wa dinaka.

16 Mme ya re Letlole laMorenale tsena mo motseng wa ga Dafita, Migale morwadia Saule a okomela ka fenstere; jaanong ya re a bona kgosi Dafita a tlolaka a bina fa pele gaMorena, a mo nyatsa mo pelong ya gagwe.

17 Ya re ba sena go tsenya Letlole laMorenale go le baya mo felong ga lone mo teng ga tente e Dafita a e le tlhometseng, Dafita a direlaMorenaditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo.

18 Ya re Dafita a sena go fetsa go tlisa ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, a tshegofatsa morafe ka leina laMorenawa masomosomo.

19 A ba a abela bontsi jotlhe jwa morafe wa Iseraele, banna le basadi, mongwe le mongwe senkgwana se le sengwe le kabelo ya nama le senkgwana sa maswabi a moweine se le sengwe. Jaanong morafe otlhe wa ya kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la gagwe.

20 Ya re Dafita a boa go dumedisa ba lapa la gagwe, Migale morwadia Saule a tswa go kgatlhantsha Dafita a re: “Kgosi ya Iseraele e ne e itlotla jang kajeno, fa e ikapola mo matlhong a malata a batlhanka ba yona jaaka go ikapola fela batho ba ba difatlha.”

21 Mme Dafita a raya Migale a re: “Ke tla tlolaka fa pele gaMorenayo o ntlhaotseng mo boemong jwa ga rraago le jwa botlhe ba lelapa la gagwe ka go ntira moeteledipele wa morafe waMorenawa Iseraele. Ke tla bina fa pele gaMorena.

22 Ke tla ba ke ikokobetsa gape bogolo go moo, ke ikaya yo mmotlana, mme mo malateng a o a umakileng ke tla tlotlega.”

23 Mme morwadia Saule, e bong Migale, a se ka a fiwa ngwana ope go ya letsatsing la loso lwa gagwe.