2 SAMUELE 7

Molaetsa wa ga Nathane go Dafita

1 E rile kgosi e ntse e nna mo ntlong ya yona,Morenaa sena go e ikhutsisa mo babeng botlhe ba yona mo tikologong,

2 ya raya moporofeti Nathane ya re: “A ko o bone, nna ke nna mo ntlong ya mesetere, mme Letlole la Modimo le nna mo teng ga masela a tente.”

3 Nathane a araba kgosi a re: “Yaa o dire tsotlhe tse di mo pelong ya gago; gonneMorenao na nao.”

4 Mme ya re bosigo joo lefoko laMorenala tla kwa go Nathane la re:

5 “Yaa o ree Dafita motlhanka wa me, o re: ‘Morenao bua jaana a re: A wena o ka nkagela ntlo gore ke nne mo go yona?

6 Kana e sa le ka letsatsi le ke ntshitseng Baiseraele kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing leno ga ke ise nke ke nne mo ntlong, mme ke ne ke ntse ke sepela ka moago wa tente.

7 Gongwe le gongwe kwa ke ntseng ke sepela teng le Baiseraele botlhe a nkile ka bua lefoko le mongwe wa basiamisi ba Iseraele yo ke neng ke mo laetse go fudisa morafe wa me wa Iseraele, ka re: Ke ka ntlha ya eng fa lo sa nkagela ntlo ya mesetere?’

8 “Jaanong he, raya Dafita motlhanka wa me jaana o re: ‘Morenawa masomosomo o bua jaana a re: Ke nna ke go tsereng kwa morakeng o setse dinku morago gore o nne moeteledipele wa morafe wa me wa Iseraele,

9 ka nna nao gongwe le gongwe kwa o ileng teng, ka nyeletsa baba botlhe ba gago fa pele ga gago. Le gona ke tla go direla leina le legolo le le tshwanang le leina la bagolo ba lefatshe.

10 Ke tla beela morafe wa me wa Iseraele manno, ke o tlhoma gore o nne mo felong ga ona, mme o se kwa wa tlhola o rerega gore ba ba setlhogo ba se tlhole ba o gatelela jaaka pele

11 le jaaka mo metlheng ya basiamisi ba ba neng ba busa morafe wa me wa Iseraele. Mme ke tla go ikhutsisa mo babeng botlhe ba gago. JaanongMorenao go itsise gore o tla go direla ntlo.

12 E tla re fa malatsi a gago a sena go tlala o sena go robala le borraago, ke tsose mongwe wa losika lwa gago sehularong sa gago yo o tla tswang mo mmeleng wa gago, ke tlhomamise bogosi jwa gagwe.

13 Ke ene o tla agelang leina la me ntlo, mme ke tla tlhomamisa sedulo sa gagwe sa bogosi ka bosakhutleng.

14 Ke tla nna rraagwe, ene a nne morwaake, mo e tla reng fa a dira molato, ke mo otle ka thupa ya batho le ka dipetso tsa bana ba batho.

15 Mme bopelotlhomogi jwa me ga bo kitla bo tloga mo go ene jaaka ke bo tlositse mo go Saule yo ke mo tlositseng fa pele ga gago.

16 Go tla tlhomama ntlo ya gago le bogosi jwa gago ka bosakhutleng fa pele ga me; sedulo sa bogosi sa gago se tla tlhomama ka bosakhutleng.’ ”

17 Nathane a bolelela Dafita mafoko otlhe ao le pono yotlhe fela jaaka a laetswe.

Thapelo ya tebogo ya ga Dafita

18 Ke fa kgosi Dafita a tsena a nna fa pele gaMorenaa re: “Nna ke mang, Morena, Modimo? Lotso lwa me ke eng, mo o bileng o mphitlhisitse fano?

19 Mme tsona tseo e sa le tse dinnye mo matlhong a gago, Morena, Modimo. O bile o solofeditse ba lapa la motlhanka wa gago tse di kwa kgakala, e bile e le ka botho, Morena, Modimo.

20 Mme Dafita o sa ntse a ka go raya a reng? Wena o itse motlhanka wa gago, Morena, Modimo.

21 O dirile ka ntlha ya lefoko la gago le ka fa pelong ya gago, fa o itsisitse motlhanka wa gago tse dikgolo tseo tsotlhe.

22 Ke ka moo o leng mogolo, Morena, Modimo. Gonne ga go na ope yo o tshwanang nao; le gona ga go modimo ope kwa ntle ga gago gongwe le gongwe mo re go utlwetseng ka ditsebe tsa rona.

23 Ke morafe ofe o o tshwanang le wa gago wa Iseraele, o e leng setšhaba se le sosi mo lefatsheng se Modimo o tswang go se ithekololela gore e nne morafe wa ona le go itirela leina ka ona le go o direla tse dikgolo le tse di boitshegang? O lelekile ditšhaba le medimo ya tsona fa pele ga morafe wa gago o ò o ithekololetseng kwa Egepeto.

24 O iketleeleditse morafe wa gago wa Iseraele gore e nne morafe wa gago ka bosakhutleng; wenaMorena, o dule Modimo wa ona.

25 “Mme jaanong,Morena, Modimo, lefoko le o le buileng ka ga motlhanka wa gago le ka ga lelapa la gagwe le tlhomamise ka bosakhutleng, o dire jaaka o buile.

26 Foo leina la gago le tla nna legolo ka bosakhutleng mo go tla tweng,Morenawa masomosomo ke ene Modimo wa Iseraele; foo lelapa la ga Dafita motlhanka wa gago le tla tlhomama fa pele ga gago.

27 Gonne wenaMorenawa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o senoletse motlhanka wa gago wa re: ‘Ke tla go agela ntlo.’ Ke ka moo motlhanka wa gago o nameditsweng pelo go ka go rapela ka thapelo e.

28 “Mme jaanong, Morena, Modimo, ke wena Modimo; mafoko a gago a tla nna boammaaruri. O solofeditse motlhanka wa gago tse di molemo tseo.

29 Jaanong he, simolola o tshegofatse lelapa la motlhanka wa gago gore le nne fa pele ga gago ka bosakhutleng; gonne wena Morena, Modimo, o buile jalo. Mme lelapa la motlhanka wa gago le tla tshegofadiwa ka tshegofatso ya gago ka bosakhutleng.”