2 TIMOTHEO 2

Kaelo ya go ema ka tlhomamo mo tumelong le mo tirelong

1 Mme wena, ngwanaka, tia jaanong ka bopelotlhomogi jo bo mo go Keresete Jesu.

2 Mme dilo tse o di utlwileng mo go nna go le basupi ba bantsi, o di neele batho ba ba ikanyegang, ba ba bileng ba tla nonofa go di ruta ba bangwe.

3 Boga le nna jaaka motlhabani yo o siameng wa ga Keresete Jesu.

4 Ga go ope yo e a reng a bololetse tlhabano, a tshwenyegele tse a iphedisang ka tsona, mme o dira gore a kgatlhe ene yo o mmileditseng ntweng.

5 Kana le fa motho a tsena mo kgaisanyong, ga a nke a rwesiwa serwalo, fa a sa se lekele ka fa molaong.

6 Molemi yo o itapisang o tshwanetse go nna wa ntlha yo o jang maungo.

7 Ela se ke se buang tlhoko; gonne Morena o tla go neela tlhaloganyo mo dilong tsotlhe.

8 Gopola Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing, yo e leng wa losika lwa ga Dafita ka fa Efangeleng ya me

9 e ke e bogelang, mo ke bileng ka golegwa jaaka mosenyi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa.

10 Ke gona ka moo ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya batlhaolwi gore le bone ba amogele pholoso e e mo go Keresete Jesu le kgalalelo e e sa khutleng.

11 Lefoko le le boikanyo ke le:

“Fa re sule nae,

re tla phela nae.

12 Fa re itshoka,

re tla busa nae; fa re mo itatola,

le ene o tla re itatola.

13 Fa re sa ikanyege,

ene o tla nna a le boikanyo;

gonne ga a ka ke a iitatola.”

Ka ga maitsholo a a ka rutang ba ba fapogileng thuto e e siameng le bophelo jo bo itshekileng

14 Dilo tseo o di ba gopotse, o ba tlhagise fa pele ga Modimo gore ba se ka ba ganetsanya ka mafoko mo go sa thuseng sepe, mme e le fela go isa ba ba a utlwang mo tshenyegong.

15 O nne tlhaga gore o itshupetse Modimo o le yo o ikanyegang, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, yo o lebanyang Lefoko la boammaaruri ka tshwanelo.

16 Mme dipalabalo tsa boithamako o di tshabe; gonne babalabadi ba tla nna ba tswelela pele fela mo boikepong.

17 Lefoko la bone le tla nna le kekela jaaka tlhagala e e kekelang, ba Himeneo le Fileto e leng bangwe ba bone,

18 ba ba fapogileng boammaaruri ba re tsogo ya baswi e setse e dirafetse, ba be ba senya tumelo ya ba bangwe.

19 Le fa go ntse jalo motheo o o tlhomameng wa Modimo o eme, o na le sekano se se reng: “Morena o itse ba e leng ba gagwe;” le se se reng: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la Morena a tlogele tshiamololo.”

20 Mme jaanong mo ntlong e kgolo ga go na dijana tsa gouta le tsa selefera fela, mme go na le tsa logong le tsa letsopa le tsona, tse dingwe e le tsa tlotlo, tse dingwe e le tsa tlotlololo.

21 Jaanong fa motho a tlhapa dilo tseo, o tla nna sejana sa tlotlo se se itshepisitsweng, se se lebanyeng go direla mong wa ntlo, se se baakanyeditsweng tiro nngwe le nngwe e e molemo.

22 Tshaba dikeletso tsa bokau, o batle tshiamo le tumelo le lorato le kagiso mmogo le ba ba bitsang Morena ka dipelo tse di itshekileng.

23 Mme dipotso tsa bosilo le tsa bonyana o di gane, ka o itse gore di tsala kgang fela.

24 Mme motlhanka wa Morena ga a tshwanela go nna motho wa kgang, mme a a nne pelontle le botlhe, a itse go ruta, mme a itshokele bosula;

25 a be a kgalemele baganetsi ka bonolo, e tle e re gongwe Modimo o ba nee tlhabologo e e isang kitsong ya boammaaruri,

26 ba tle ba rarabologelwe, ba tswe mo serung sa ga Diabolo se ba neng ba tshwerwe ka sona gore ba dirafatse thato ya gagwe.