1 Ke go ikanisa fa pele ga Modimo le fa pele ga Keresete Jesu yo o tla atlholang baphedi le baswi, le ka ponatshego ya gagwe le ka puso ya gagwe, ke re:
2 Rera Lefoko o nne yo o ipaakantseng ka nako e e leng yona le e e seng yona; supa molato, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka thuto;
3 gonne go tla tla sebaka se ba tla ganang thuto e e itekanetseng ka sona; mme ba tla ikgobokanyetsa baruti ka fa dikgatlhegong tsa bona ba ba ba tlakisang ditsebe.
4 Ba tla iphaposa ditsebe mo boammaaruring, ba fapogela dinaaneng.
5 Mme wena, o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele dipogiso, o dire tiro ya moreri wa Efangele, o fetse tirelo ya gago ka botlalo.
Paulo o leba bokhutlo jwa gagwe. O ipiletsa Timotheo. Kitsiso ka ga batho ba bangwe
6 Nna ke setse ke tla dirwa setlhabelo, nako ya me ya go swa e fitlhile.
7 Ke tlhabanye tlhabano e e molemo, ke weditse tshiano, ke bolokile tumelo.
8 Jaanong ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo se Morena Moatlhodi yo o siameng o tla se nnayang ka letsatsi leo, mme e seng nna ke le nosi, le bona botlhe ba ba ratang ponatshego ya gagwe.
9 Itlhaganele go tla kwano go nna ka bonako;
10 gonne Demase o ntlogetse, ka a ratile lefatshe leno, o ile kwa Thesalonika. Keresekese o ile kwa Galatia, Tito o ile kwa Dalematia.
11 Ke Luka fela yo ke nang nae. Tsaya Mareko, o be o tle nae; gonne o tla nthusa thata mo tirelong.
12 Tigiko ene ke mo rometse kwa Efeso.
13 Kobo e ke e tlogetseng mo go Karepo kwa Teroase, e re o tla, o e ntlele, le dikwalo, bogolo tsa matlalo.
14 Aleksantere wa mothudi o ntiretse bosula jo bogolo; Morena o tla mmusetsa ka fa ditirong tsa gagwe.
15 Le wena, o itise mo go ene; gonne o ganeditse mafoko a rona thata.
16 Mo boikarabelong jwa ntlha jwa me ga go a ka ga ema ope le nna, ba ntshabetse botlhe; a ba se ka ba bonwa molato ka ntlha ya moo.
17 Mme Morena ene o ne a ema le nna, a nthatafatsa gore ke tle ke rere Efangele go ya bokhutlong, mme baheitane botlhe ba utlwe; ka ba ka gololwa mo leganong la tau.
18 Morena o tla nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, a mpholosa, a nkisa mo pusong ya gagwe ya legodimo. A kgalalelo e nne ya gagwe go ya bosakhutleng! Amen.
Tumediso
19 Dumedisa Periseka le Akwila le ba lapa la ga Onesiforo.
20 Eraseto o setse kwa Korinthe, Terofimo ke mo tlogetse kwa Mileto a lwala.
21 Itlhaganele go tla, mariga a ise a tsene.
Eubulo a re, o dumele; le Putese le Leno le Kelaudia le bakaulengwe botlhe ba a go dumedisa.
22 A Morena Jesu Keresete a nne le mowa wa gago; a bopelotlhomogi bo nne le lona!