AMOSE 1

Petso e e tla welang Iseraele le Juta le merafe e mengwe e e mo tikologong ya bone

1 1 Mafoko a ga Amose yo e neng e le mongwe wa barui ba dinku kwa Thekoa, a tse o di bonyeng ka ga Iseraele mo metlheng ya ga Usia, kgosi ya Juta, le mo metlheng ya ga Jerobeame, morwa Joase, kgosi ya Iseraele, dinyaga tse pedi pele ga thoromo ya lefatshe.

2 O buile a re:

“Morenao tla duma

go tswa Sione,

a utlwatsa kodu ya gagwe

go tswa Jerusalema;

mafulo a badisa a tla swaba,

setlhoa sa Karemele se omelela.”

Ka ga Siria

3 Morenao bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Damaseko, le fa e le a mararo fela. Gonne ba phothile ba Gileate ka meotlwana ya ditshipi.

4 Mme ke tla latlhela molelo mo ntlong ya ga Hasaele gore o je matlo a borena a ga Benehatate.

5 Ke tla roba diphemelo tsa Damaseko, ke nyeletsa baagi ba lebala la Awene, le kgosi e e tshotseng thobane ya bogosi mo Beth-Etene, mme morafe wa Siria o tla thopiwa, o isiwa kwa Kire.”Morenao buile jalo.

Ka ga Bafelesita

6 Morenao bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Gasa, le fa e le a mararo fela, ka ba thopile batho botlhe, e le go ba neela Etomo.

7 Mme ke tla latlhela molelo mo loboteng lwa Gasa gore o je matlo a borena a teng.

8 Ke tla nyeletsa baagi ba Ašetote le kgosi e e tshotseng thobane ya bogosi mo Ašekalone, ke be ke ntsha letsogo go itaya Ekerone gore go latlhege masalela a Bafelesita.” Morena Modimo o buile jalo.

Ka ga Tiro

9 Morenao bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Tiro, le fa e le a mararo fela. Gonne ba neetse Etomo batshwarwi botlhe, ba sa gopole kgolagano ya bana ba motho.

10 Mme ke tla latlhela molelo mo loboteng lwa Tiro gore o je matlo a borena a teng.”

Ka ga Etomo

11 Morenao bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Etomo, le fa e le a mararo fela. Gonne o lateletse morwa-rraagwe ka tšhaka, a latlha bopelotlhomogi jotlhe jwa gagwe, a nna a mo senyetsa ka bogale jwa gagwe, a mo tlhoela ruri.

12 Mme ke tla latlhela molelo kwa Themane gore o je matlo a borena a Bosera.”

Ka ga Amone

13 Morenao bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Baamone, le fa e le a mararo fela. Gonne ba segakile basadi ba Gileate ba baimana dimpa, gore ba sutise molelwane wa bone.

14 Mme ke tla tshuba molelo mo loboteng lwa Raba gore o je matlo a borena a teng, go ntse go tlhajwa mokgosi ka letsatsi la tlhabano, phefo e ntse e foka thata ka letsatsi la ledimo.

15 Mme kgosi ya bona e tla isiwa mo botshwarong mmogo le dikgosana tsa yona.”Morenao buile jalo.