AMOSE 2

Ka ga Moabe

1 Morenao bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Moabe, le fa e le a mararo fela, ka ba fisitse marapo a kgosi ya Etomo, ya nna molora.

2 Mme ke tla latlhela molelo kwa Moabe gore o je matlo a borena a Keriothe, mme Moabe o tla swa ka modumo wa ntwa, fa go opiwa mokgosi, fa go lediwa lonaka.

3 Ke tla nyeletsa mmusi mo gare ga bone, ke bolaya dikgosana tsotlhe tsa bone nae.”Morenao buile jalo.

Ka ga Juta

4 Morenao bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Juta, le fa e le a mararo fela, ka ba latlhile molao waMorena, ba se ka ba tshegetsa ditaolo tsa gagwe, mme medimo ya maaka ya bone e ba timeditse e borraabo ba neng ba e sala morago.

5 Mme ke tla latlhela molelo kwa Juta gore o je matlo a borena a Jerusalema.”

Ka ga Iseraele

6 Morenao bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Iseraele, le fa e le a mararo fela. Gonne ba rekisitse mosiami, go bona madi, le motlhoki go bona ditlhako tse pedi.

7 Le gona ba batla go gatelela ba ba kwa tlase mo leroleng. Tsela ya ba ba bogisegang ba a e sokamisa. Motho le rraagwe ba tlhakanela morweetsana gore ba itshepolole leina le le boitshepo la me.

8 Ba kanama mo diaparong tse di gapetsweng molato fa thoko ga aletare nngwe le nngwe, ba nwa weine e batho ba lefileng molato ka yona, ba e nwela mo ntlong ya modimo wa bone.

9 “Mme nna ke nyeleditse Baamori ba ba godileng jaaka mesetere, ba ba thata jaaka metswere, fa pele ga bone; ka senya maungo a bone kwa godimo le medi ya bone kwa tlase.

10 Gape ke nna ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ka lo etelela pele mo sekakeng dinyaga di le 40 gore lo ye go rua lefatshe la Baamori.

11 Ka ba ka tsosa baporofeti mo go bomorwaa-lona, le baikiledi mo makaung a lona. A ga go a nna jalo, lona Baiseraele?” go botsaMorena.

12 “Mme lona lo nositse baikiledi weine, lwa laola baporofeti lwa re: ‘Lo se ka lwa bolela Lefoko la Modimo.’

13 Bonang, ke tla theekedisa lefatshe fa tlase ga lona, jaaka go tle go theekele koloi e e tletseng dingata tsa mabele.

14 Mme yo o lebelo o tla tlhoka botshabelo; yo o thata ga a nke a itse go dirisa thata ya gagwe; seganka ga se nke se pholosa bophelo jwa sone.

15 Yo o hulang ka bora ga a nke a ema; yo o maoto a lobelo ga a kitla a falola; mopalami wa pitse ga a kitla a pholosa bophelo jwa gagwe.

16 Le yo o pelokgale go phala bagale botlhe o tla tshaba a sa ikatega ka letsatsi leo,” go buaMorena.