Pono ya Tsie
1 Morena Modimo o ne a ntshupetsa jaana: Ka mmona a bopa tsie, fa bojang jwa morago bo simolola go tlhoga; kana ke bojang jwa morago, fa kgosi e sena go segelwa.
2 Jaanong ya re tsie e sena go fetsa go ja morogo wa lefatshe, ka re: “Morena Modimo, a ko o itshwarele! Jakobe a ka ema jang? Kana o mmotlana.”
3 Ke faMorenaa rebega bogale.Morenaa re: “Ga go kitla go dirafala!”
Pono ya molelo
4 Morena Modimo a ba a ntshupetsa jaana: Ka bona Morena Modimo a bitsa molelo go seka ka ona, mme molelo wa kgadisa morwalela o mogolo, wa ba wa ja tshimo.
5 Mme ka re: “Morena Modimo, a ko o lese! Jakobe a ka ema jang? Kana o mmotlana.”
6 Ke faMorenaa rebega bogale gape. Morena Modimo a re: “Ga go kitla go dirafala!”
Pono ya serophiso
7 A ba a ntshupetsa jaana: Ka bona Morena a eme mo loboteng lo lo tsepameng, a tshotse serophiso ka seatla.
8 Ke fa Morena a nthaya a re: “O bona eng, Amose?”
Ka re: “Ke bona serophiso.”
Morenaa ba a re: “Bona, ke tla baya serophiso mo gare ga Baiseraele, morafe wa me. Ga nkitla ke tlhola ke ba rekegela.
9 Mme dithota tsa tlhabelo tsa Isaka di tla fetolwa sekaka; mafelo a a boitshepo a Iseraele a tla fetoga marope, mme ke tla tsogela ba ntlo ya ga Jerobeame ka tšhaka.”
Amose o kwa Bethele, o tlhoiwa ke Amasia
10 Ke fa Amasia, moperesiti wa kwa Bethele a romela kwa go Jerobeame, kgosi ya Iseraele, a re: “Amose o go tsosetsa pheretlhego mo Baiseraeleng. Lefatshe ga le kgone go itshokela mafoko otlhe a gagwe.
11 Gonne Amose o buile jaana a re: ‘Jerobeame o tla swa ka tšhaka, mme Baiseraele ba tla tlosiwa mo lefatsheng la bone, ba isiwa botshwarong.’ ”
12 Mme Amasia a raya Amose a re: “Wena mmoni, tsamaya o tshabele kwa lefatsheng la Juta, o je dijo gona, o bolele Lefoko la Modimo gona.
13 Mme o se tlhole o bolela Lefoko la Modimo mo Bethele, gonne ke felo ga boitshepo ga kgosi, e bile ke tempele ya morafe.”
14 Amose a fetola a raya Amasia a re: “Ga ke moporofeti le e seng morwa moporofeti; gonne ke ne ke le modisa wa dikgomo le molemi wa mefaa.
15 Ke faMorenaa ntsaya ke setse letsomane morago, mmeMorenaa nthaya a re: ‘Yaa o bolelele Baiseraele, morafe wa me, Lefoko la Modimo.’
16 Jaanong utlwa Lefoko laMorena: Ke wena o reng: ‘Se bolelele thato ya Modimo ka ga Baiseraele, se kgalemele ba ntlo ya lsaka.’
17 Ke ka mooMorenaa buileng jaana a re: ‘Mosadi wa gago o tla fetoga seaka mo motseng, bomorwao le bomorwadio ba tla wa ka tšhaka, tshimo ya gago e tla kgaoganngwa ka mogala, mme wena o tla swela mo nageng e e itshekologileng; Baiseraele bone ruri ba tla tlosiwa mo lefatsheng la bone, ba isiwa botshwarong.’ ”