AMOSE 9

Pono ya botlhano: Aletare e a tlhatlhamololwa. Polelelopele

1 Ke ne ka bona Morena a eme a okame aletare a re: “Itaya tlhogo ya leotwana gore direpodi di reketle, o di thubaganyetse mo ditlhogong tsa bone botlhe, ba ba setseng mo go bone ke tla ba bolaya ka tšhaka, ga go na motshabi ope wa bone yo o ka falolang, ga go na mofalodi ope mo go bone yo o ka phologang.

2 Le fa ba ka sutlhelela kwa felong ga baswi, letsogo la me le tla ba ntsha teng; le fa ba ka tlhatlogela kwa legodimong, ke tla ba folosa gona.

3 Le fa ba ka iphitlha mo setlhoeng sa Karemele, ke tla ba tsaya ka motlhala, ke ya go ba tshwara; le fa ba ka itshuba fa pele ga matlho a me kwa tlase ga lewatle, ke tla laola noga gona gore e ba lome.

4 Le fa ba ka etelela baba ba bone pele e le batshwarwi, ke tla laola tšhaka teng gore e ba bolae, ke tla tsepega matlho mo go bone go ba direla tse di botlhoko, e seng tse di molemo.”

5 Morena Modimo

wa masomosomo

ke ene yo o amang lefatshe

gore le gakologe,

mme go hutsafale botlhe

ba ba agileng mo go lone;

le be le gogomoge lotlhe

jaaka noka ya Nile,

le be le kokobele

jaaka noka ya Egepeto.

6 Ke ene yo o agileng meago

ya gagwe kwa magodimong,

a thaya loapi lwa gagwe

mo lefatsheng;

ke ene yo o bitsang

metsi a lewatle,

a a tshela mo lefatsheng.

Leina la gagwe keMorena.

7 “Lona Baiseraele, a ga lo tshwane le Baethiopia mo go nna?” go botsaMorena. “A ga ke a ntsha Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto le Bafelesita kwa Khafethore le Basiria kwa Kire?”

8 Bonang, matlho a Morena Modimo a lebile bogosi jo bo boleo wa re: “Ke tla bo nyeletsa mo lefatsheng; fela ga nkitla ke senya ntlo ya Jakobe, ke be ke e tantanyetsa,” go buaMorena.

9 “Gonne bonang, ke tla laola gore Baiseraele ba feferelwe mo ditšhabeng tsotlhe, jaaka go feferwa mabele ka loselo, mme ga go na tlhaka epe e e tla welang fa fatshe.

10 Baleofi botlhe ba morafe wa me ba tla swa ka tšhaka, ba ba reng: ‘Kotsi eo ga e nke e re wela le e seng go kopana le rona.’

Iseraele o tla busediwa gape

11 “Ka sebaka seo ke tla tsosa ntlo ya ga Dafita e e weleng, ke thiba diphatlha tsa yona, ke tsosa marope a yona, ke e aga gape jaaka metlheng ya pele,

12 gore ba rue masalela a Etomo le a ditšhaba tsotlhe tse leina la me le biditsweng mo go tsona,” go buaMorenayo o dirang dilo tseo.

13 Morenaa re:

“Bonang, malatsi a e tla,

a ka ona molemi o tla

kgatlhanang le yo o kotulang;

le yo o gatang

maungo a moweine

a fitlhelang yo o gasang peo.

Dithaba di tla rotha

matute a moweine,

dithabana tsotlhe di tla gakologa.

14 Ke tla busa Baiseraele,

morafe wa me, kwa tatlhegong

gore ba age metse e e sentsweng,

ba nne mo go yona;

ba jwale masimo a meweine,

ba nwe weine ya ona;

ba leme masimo,

ba je dijo tsa ona.

15 Mme ke tla ba tlhoma

mo lefatsheng la bone,

mme ga ba kitla ba tlhola

ba kumolwa mo lefatsheng la bone

le ke le ba neileng,”

go buaMorena,

Modimo wa gago.